2018
Go ipaakanyetsa go Utlwa Lentswe La Modimo
March 2018


Banana

Go ipaakanyetsa go Utlwa Lentswe La Modimo

Poresidente Uchtdorf o tlhalosa ka fa selo sa ntlha se Modimo a neng a se dira fa a sena go bopa monna le mosadi e ne e le go bua le bone le go ba naya molaetsa le melawana. Re amogela tshegofatso tse di tshwana ka Moranang le Ngwanatsele ka nako ya khonforense ya kakaretso. fa Baeteledipele ba Kereke ba re buisa le go re naya kgakololo e Morena a batlang re utlwa.

Ao kile wa utlwa lentswe la Modimo ka batlhanka ba Gagwe ka nako ya khonforense ya kakaretso? A kile wa ikutlwa jaaka e kete molaetsa mongwe o o tlhamaletseng o go naya karabo e o ntseng o e batla? Mo jenaleng, o ka kwala maitemogelo ao le ka fa a go thusetseng ka teng. Ke gone o bo o ipaakanyetsa go utlwa Lentswe la Modimo khonforense e e tlang ka go kwala fatse dipotso tse o nang natso le go di ithuta ka nako ya gago ya go ithutontsha dikwalo tse di boitshepo. Rapela Rraetsho wa Legodimo, o kope go amogela dikarabo le dipono ka nako ya khonforense. Jaaka o reetsa batlhanka ba Morena , elatlhoko ditlhotlheletso ka bongwe. O ithutile eng? O ikutlwa o tlhotlheletsega jang go fetoga? Kwala fatshe ditlhotlheletso tseo gonne se ke Mowa o buang le wena!

Gakolgelwa ka metlha gore Rraetsho o o ko Legodimong o a go rata e bile o tlaa go kaela mo tseleng ee siameng. Jaaka o leka go utlwa lentswe la Gagwe ka batlhanka ba Gagwe o tlaa segofadiwa le go ntlafadiwa

Gatisa