2018
Lefoko la Modimo go Bana Ba Gagwe
March 2018


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Mopitlo 2018

Lefoko la Modimo go Bana Ba Gagwe

Dikwalo tse di boitshepo dire bolelela gore selo sa ntlha se Modimo a neng a se dira morago ga go bopa monna le mosadi e ne e le go bua le bone1 O ne a na le polelo ya botlhokwa le melawana e a tlhokang go ba di naya. Maikaelelo a gagwe e ne e se go ba imetsa kgotsa go ba tshwenya mme go ba kaela ka boitumelo le kgalalelo ya bosakhutleng.

Mme seo e ne e le tshimologo fela. Go tswa letsatsi leo go le, Modimo o tsweletse ka go buisana le bana ba Gagwe. Mafoko a gagwe a dibetswe, le go tshegediwa, mme a ithutilwe ke barutwana ba losika longwe le longwe. A tlotliwa ke bao ba ba batlang go itse thato ya Modimo, mme ba fa bopaki go boammaaruri gore “Morena Modimo ga a kake a dira sepe, fa e se a senolela diphiri tsa gagwe go batlhanka ba gagwe baperofeti.”2

Se e sale e nna tsamaiso e sale tshimologo ya nako mme tsamaiso e tsweletse le gompieno. Se ga se fela polelo e e monate ya Baebela; ke tsela e e tlhomamisitsweng ya Modimo ya go buisanya melaetsa e e botlhokwa mo baneng ba Gagwe. O tsosa batho mo gare ga rona, a ba bitse go nna baperofeti mme a ba neye mafoko go a bua, a re lalediwang go a “amogela,” jaaka ekete a tswa mo molomong wa [Gagwe].”3 O boletse, “A ke ka lentswe la me kgotsa ka lentswe la batlhanka ba me, go a tshwana.”4

Se ke mengwe ya melaetsa e e galalelang, kgothatsang, nametsang ya Tsosoloso—Modimo ga a didimala! O rata bana ba Gagwe. Ga a re tlhogela gore re kgarakgatshege mo lefifing.

Gabedi ngwaga le ngwaga, ka Moranang le Phalane, re na le sebaka sa go utlwa lentswe la Morena ka batlhanka ba Gagwe mo khonforenseng ya rona ya kakaretso e e gakgamatsang .

Ke lo naya bopaki jwa me gore lebaka le le leele pele ga sebui mo khonforense ya kakaretso se dira mosepele o moleele go ya kwa seraleng, o a bo a dirisitse matsapa a magolo, thapelo, mme a ithutontshitse go thomo ya go bua. Molaetsa mongwe le-mongwe wa khonforense o emetse bontsintsi jwa dioura tsa paakanyo le kopo ya maikutlo a a tseneletseng go tlhaloganya se Morena a eletsang Baitshepi ba gagwe ba se utlwe.

Go ka diragalang fa rona jaaka bareetsi re ka lekalekanya paakanyo ya sebui le ya rona? Go ka nna pharologanyo jang fa re ka tla khonferenseng ya kakaretso fa re bona khonferense jaaka sebaka sa go amogela melaetsa mo Moreneng ka sebele? Ka mafoko le moopelo wa khonforense, re ka solofela go amogela dikarabo tsa boesi tsa dipotso dingwe le dingwe kgotsa mathata a re ka ntswang re lebagane le one.

Fa e le gore o kile wa ipotsa gore a Rraetsho wa Legodimo ka nnete a ka bua le wena, ke tlaa go gakolola mafoko a a motlhofo ntswa a le botlhokwa a pina e bana ba Poraemari ba e opelang: “ [O] ngwana wa Modimo, mme [o ]go rometse fano.” Maikaelelo a gagwe ke go go thusa go boa “go ya go tshela le ene letsatsi le nngwe.”

Fa o atamela Rraetsho wa Legodimo jaaka ngwana wa Gagwe, o ka mmotsa ka pelo e e tlhwaafetseng, “Nkgoge, nkaele, tsamaya fa thoko ga me, nthuse go bona tsela. Nthute tsotlhe tse ke tshwanetse go di dira.” O tlaa bua le wena ka Mowa o o Boitshepo, mme ke gone go mo go wena “go dira thato ya gagwe.” Ke go solofetsa gore fa o dira, “masego ka letlotlo a mo mabolokelong .”5

Kaelo ya Modimo e a tlhokega gompieno fela jaaka go kile ga nna mo ditsong tsa lefatshe. Jaaka re ipaakanyetsa go utlwa lefoko la Morena, a re batleng ka tlhwaafalo Mowa wa boammaaruri gore fa Morena a bua ka batlhanka ba Gagwe, re ka tlhaloganya, ra nonotshiwa, mme ra itumela mmogo.6

Ke paka gore “ka go dira dilo tse dikgoro tsa molete ga di kitla di [re] fenya; ee, mme Morena Modimo o tlaa patlhalatsa dithata tsa lefifi go tswa fa pele ga rona, mme a dire gore magodimo a tshikinyegele molemo wa rona, le kgalaletso ya leina la gagwe.”7

Gatisa