2021
Dikwalo tsa ga Paulo
Lwetse 2021


“Dikwalo tsa ga Paulo,” Dipolelo tsa Kgolagano e Ntšha tsa Babadi ba ba Botlana, 2019

“Dikwalo tsa ga Paulo”

Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Lwetse 2021

Dikwalo tsa ga Paulo

1 Bakorintha 1 le Bagalatia 1

Moaposetole Paulo o thusitse go etelela pele Kereke morago ga Jeso a sena go boela kwa legodimong. Ka nako eo, go ne go sena megala kgotsa inthanete. Ka jalo Paulo a kwalela maloko a kereke dikwalo.

Setshwantsho
mosadi a bala lokwalo

Paulo o ne a kwalela batho kwa toropong ya Korintha. O ba boleletse gore ba itshwarelane. O ba boleletse gore ba nne pelotelele. O kwadile ka ga Jeso

Setshwantsho
monna a bala lokwalo

Paulo o kwaletse batho kwa lefelong le le bidiwang Galatia. O ba boleletse gore ba rate baagisani ba bone. O ba boleletse gore Mowa o utlwala jang.

Setshwantsho
ngwana a bala lokwalo

Dikwalo tsa ga Paulo di ne di le botlhokwa thata mo e leng gore di ne tsa nna karolo ya Baebele. O ka di bala mo Kgolaganong e Ntšha.

Setshwantsho
bana ba lebeletse khonforense ya kakaretso

Ke ka ithuta go tswa mo dithutong tsa ga Paulo. Ke tlaa reetsa se moperofeti le baaposetole ba se rutang gompieno!

Tsebe ya go Taka

Ke rata Baebele!

Setshwantsho
bana ba bala Baebele le rre

Tobetsa mo setshwantshong go daulouda

Setshwantsho ka Apryl Stott

Gatisa