2021
Khonforense ya Kakaretso: Bokopano jwa Kerekere jwa Lefatshe Lotlhe
Lwetse 2021


“Khonforense ya kakaretso: Bokopano jwa Kereke jwa Lefatshe Lotlhe,” Liahona, Lwetse 2021

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Lwetse 2021

Khonforense ya Kakaretso: Bokopano jwa Kerekere jwa Lefatshe Lotlhe

Re reetsa baperofeti le baeteledipele ba bangwe ba Kereke ka nako ya khonforense ya kakaretso. Ba re ruta se Modimo a batlang re se utlwa.

Setshwantsho
Lentle la Cenference Center

Moranag mongwe le mongwe le Phalane, Kereke e tshwara bokopano jo bo latelanang jo bo bidiwang khonforense ya kakaretso. Baeteledipele ba ruta le go paka ka ga Jeso Keresete le efangele ya Gagwe, khonforense ya kakaretso e tshwarelwa mo Salt Lake City, Utah, USA, mme e anamisiwa go ya ka lefatshe ka dipuo tse di fetang 80. Maloko otlhe le batho bape ba ba kgatlhegang ba lalediwa go reetsa dipuisano.

Setshwantsho
Lentle la Conference Center

Khoferense ya Ntlha ya Kereke

Kereke e ne ya rulagangwa semolao ka nako ya bokopano jwa Moranang 6, 1830 (bona Doctrine and Covenants 20). Khoferense ya kakaretso ya ntlha e ne e tshwerwe ka Seetebosigo 9, 1830. Ga e sale ka nako eo, khonforense ya kakaretso e ntse e tshwarwa ka fa tlase ga kaelo ya Poresidente ya Kereke gongwe le gongwe kwa maloko a ka phuthegang. Ka 1840s, baeteledi pele ba simolola go tshwara khoferense ga bedi ka ngwaga.

Setshwantsho
Poresidente Nelson a le fa felong ga therelo

Ka fa khoferense e rulagangwang ka teng Gompieno

Boporesidente jwa Ntlha le Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, le baeteledi pele ba bangwe ba Kereke ba bua ka nako ya khonforense ya kakaretso. Khwaere ya Tabernacle kwa Temple Square le dikhwaere tse dingwe di neela moopelo. Khoferense nngwe le nngwe e na le dikarolo tse tlhano: tse tharo ka Matlhatso mme tse pedi ka Sontaga. Ka Moranang, karolo ya boraro ka Matlhatso ke ya maloko a dikhoramo tsa boperesiti jwa ga Arone le Melekiseteke. Ka Phalane, ke ya maloko a Mokgatlho wa Thuso le Makgarejwana.

Dithuto tsa Baeteledipele

Mo dikgweding pele ga khonferense, baeteledi pele ba Kereke ba rapela ka ga se ba tlaa se rutang. Morena o ba tlhotlheletsa go itse se ba tshwanetseng go se bua. Ba re ruta boammaaruri jwa efangele mme ba re laletsa go tshegetsa ditaelo tsa Modimo. Le gone ba paka ka Jeso Kereste mme ba re rotloetsa go Mo sala morago.

Go ithuta mo Khoferenseng

Pele ga khonforense ya kakaretso, re ka rapelela go utlwa se Morena a batlang re se ithuta. Fa re reetsa dipuisano, Mowa o tlaa re ruta se re tlhokang go se itse. Morago ga khonferense, dipuisano di bonala mo ChurchofJesusChrist.org, in the Gospel Library app, le mo Liahona Re ka ithutuntsha dipuisano ka go rapela go itse thata ka ga Jeso Keresete le efangele ya Gagwe.

Go tswa mo Dikwalong tse di boitshepo.

Jeso Keresete o rutile gore re tshwanetse go kopana gantsi (bona 3 Nephi 18:22).

Fa maloko a Kereke a obamela mmogo, Morena o tlaa nna le bone (bona Matthaio 18:20).

Morena o laetse maloko a Kereke gore ba ” kaelane le go nonotshana maikutlo” (Doctrine and Covenants 43:8).

Jaaka maloko a Kereke ba supa tumelo mo go Keresete, Mowa wa Gagwe o tlaa nna le bone fa ba kopana (bona Doctrine and Covenants 44:2).

Gatisa