Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 20


Tsetlana 20

Tshenolo ka thulaganyo le tsamaisoya Kereke, e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa kgotsa go bapa le Fayette, New York. Dikarolo tsa tshenolo e di ka tswa di neetswe go le pele ka selemo sa 1829. Tshenolo e e feletseng, e e neng e itsewe ka nako eo jaaka Mekwalo le Dikgolagano, e ka ne e kwadilwe ka bokhutshwane morago ga Moranang 6, 1830 (letsatsi le Kereke e neng e rulagangwa). Moperofeti a kwala, “Re amogela mo go Ene [Jeso Keresete] se se latelang, ka Mowa wa perofeso le tshenolo; tse di re neetseng e seng fela polelo e kgolo, mme le gone di re supegeditseng letsatsi le le tlhomilweng le mo go lone, go ya ka thato ya Gagwe le taelo, re tshwanetse go tswelela go rulaganya Kereke ya Gagwe gape fa mo lefatsheng.”

1–16, Buka ya ga Momone e supa semodimo sa tiro ya malatsi a bofelo; 17–28, Dithuto tsa tlholego, go wa, tetlanyo, le kolobetso di a tlhomamisiwa; 29–37, Melao e e laolang boikotlhao, tshiamiso, itshepiso, le kolobetso di bewa pele; 38–67, Ditiro tsa bagolwane, baperesiti, baruti, le batiakone di a sobokwa; 68–74, Ditiro tsa maloko, tshegofatso ya bana, le mokgwa wa kolobetso di a senolwa; 75–84, Dithapelo tsa sakaramente le melawana e e laolang boloko jwa Kereke di a neelwa.

1 Go simologa ga Kereke ya ga Keresete mo malatsing a bofelo, e le sekete makgolo a a ferangbobedi le masome a mararo a dingwaga ga e sa le go tla ga Morena wa rona le Mmoloki Jeso Keresete mo nameng, e e neng ka gale e rulaganngwa le go tlhomiwa go dumalana le melao ya lefatshe la rona, ka go rata le ka ditaelo tsa Modimo, mo kgweding ya bone, le ka letsatsi la borataro la kgwedi e e bidiwang Moranang—

2 Ditaelo tse di neng di neetswe Joseph Smith, Jun., yo o neng a biditswe ke Modimo, le go tlhomiwa moaposetole wa ga Jeso Keresete, go nna mogolwane wa ntlha wa kereke e;

3 Le mo go Oliver Cowdery, yo le ene a neng a biditswe ke Modimo, moaposetole wa ga Jeso Keresete, go nna mogolwane wa bobedi wa kereke e, mme a tlhomilwe ka fa tlase ga seatla sa gagwe;

4 Mme se go ya ka tshegofatso ya Morena wa rona le Mmoloki wa rona Jeso Keresete, yo mo go ene go nne kgalalelo yotlhe, gotlhe jaanong le ka bosenang bokhutlo. Amene.

5 Morago ga go sena go bonatshiwa ka boammaaruri mo go mogolwane wa ntlha gore o ne a amogetse boitshwarelo jwa dibe tsa gagwe, o ne gape a itlhakatlhakanya le maithamako a lefatshe;

6 Mme morago ga a sena go ikwatlhaya, le go ikokobetsa ka boitshepo jwa pelo, ka tumelo, Modimo a mo direla ka moengele yo o boitshepo, yo ponalo ya gagwe e neng e ntse jaaka logadima, mme yo diaparo tsa gagwe di neng di itshekile e bile di le ditshweu go feta bosweu jotlhe jo bongwe;

7 Mme a mo neela ditaelo tse di mo tlhotlheleditseng;

8 Mme a mo neela thata go tswa kwa godimo, ka mekgwa e e neng e baakantswe pele, go ranola Buka ya ga Momone;

9 E e nang le tshupo ya batho ba ba weleng, le botlalo jwa efangele ya ga Jeso Keresete mo go Baditšhaba le bone Bajuta;

10 E e neetsweng ka tlhotlheletso, mme e tlhomamisitswe go ba bangwe ka go direla ga baengele, mme e boletswe mo lefatsheng ke bone—

11 Go bontsha lefatshe gore dikwalo tse di boitshepo di boammaaruri, le gore ruri Modimo o tlhotlheletsa batho le go ba biletsa mo tirong ya gagwe e e boitshepo mo motlheng o le tshika, le fela jaaka mo ditshikeng tsa bogologolo;

12 Ka gone ka moo a bontsha gore e ntse ke ene Modimo wa maabane, wa gompieno, le wa bosakhutleng. Amene.

13 Ke gone ka moo, ka le na le basupi ba bagolo jalo, ka bone lefatshe le tlaa atlholwa, le e leng bontsi jo morago ga fa bo tlaa tlang mo kitsong ya tiro e.

14 Mme bao ba ba e amogelang ka tumelo, mme ba dira tshiamo, ba tlaa amogela serwalo sa botshelo jo bo sa khutleng;

15 Mme bao ba ba thatafatsang dipelo tsa bone mo botlhoka tumelong, le go e gana, e tlaa fetoga go nna tshekiso ya bone—

16 Gonne Morena Modimo o go boletse; mme rona, bagolwane ba kereke, re utlwile e bile re supa tshupo ya mafoko a Borena jo bo galalelang kwa godimo, yo mo go ene go nne kgalalelo ka bosenang bokhutlo. Amene.

17 Ka dilo tse re itse gore go na le Modimo kwa legodimong, o o senang selekanyo le bo sa khutleng, go tswa bosakhutleng go ya bosakhutleng o e ntseng e le ene Modimo o o sa fetogeng, mmopi wa legodimo le lefatshe, le dilo tsotlhe tse di mo go one;

18 Le gore o bopile motho, nona le tshadi, ka fa setshwanong sa gagwe le mo tshwanong ya gagwe, o ba bopile;

19 Mme a ba neela ditaelo gore ba tshwanetse go mo rata le go mo direla, ene fela Modimo o o tshedileng le wa boammaaruri, le gore o tshwanetse go nna ene fela motho o ba tshwanetseng go mo obamela.

20 Mme ka tlolo ya melao e e e boitshepo motho a nna senama le sebodiabolo, mme a nna motho yo o oleng.

21 Ke gone, Modimo Mothatayotlhe a neela Morwa wa gagwe Yoo Tsetsweng a le Esi, jaaka go kwadilwe mo dikwalo tseo tse di boitshepo tse di neetsweng ka ene.

22 O bogile dithaelo mme a seka a di tlhokomela.

23 O ne a bapolwa, a swa, mme a tsoga gape mo letsatsing la boraro;

24 Mme a tlhatlogela kwa legodimong, go nna fa fatshe ka fa seatleng sa moja sa ga Rara, go busa ka thata ya mothataotlhe go ya ka thato ya ga Rara;

25 Gore ba le bantsi ba ba ka dumelang mme ba kolobediwa mo leineng la gagwe le le boitshepo, le go itshoka mo tumelong go ya bokhutlong, ba ka bolokwa—

26 E seng fela ba ba dumetseng fa a sena go tla mo gare ga dinako, mo nameng, mme botlhe bao go tswa kwa tshimologong, le e leng bontsi jo bo neng bo le teng pele ga a tla, ba ba dumetseng mo mafokong a baperofeti ba ba boitshepo, ba ba buileng jaaka ba ne ba tlhotlhelediwa ke neo ya Mowa o o Boitshepo, ba ka boammaaruri ba pakileng ka ene mo dilong tsotlhe, ba tshwanetse go nna le botshelo jo bo sa khutleng,

27 Le gone le bao ba ba tlaa tlang morago, ba ba tlaa dumelang mo dineong le dipitso tsa Modimo ka Mowa o o Boitshepo, o o supang tshupo ya ga Rara le ya Morwa;

28 Yo Rara, Morwa, le Mowa o o Boitshepo e leng Modimo a le mongwe, a sena selekanyo le bosakhutleng, a sena bokhutlo. Amene.

29 Mme re a itse gore batho botlhe ba tshwanetse go ikwatlhaya le go dumela mo leineng la ga Jeso Keresete, le go obamela Rara mo leineng la gagwe, le go itshoka mo tumelong mo leineng la gagwe go ya bokhutlong, kgotsa ga ba kake ba bolokwa mo bogosing jwa Modimo.

30 Mme re itse gore tshiamiso ka letlhogonolo la Morena wa rona le Mmoloki Jeso Keresete e siame e bile e boammaaruri;

31 Mme le gone re a itse, gore go itshepisiwa ka letlhogonolo la Morena wa rona le Mmoloki Jeso Keresete go siame e bile go boammaaruri, mo go botlhe bao ba ba mo ratang le go direla Modimo ka maatla otlhe a bone, tlhaloganyo, le nonofo.

32 Mme go ka dirafala gore motho a we mo letlhogonolong le go tlogela Modimo yo o tshedileng;

33 Ke gone ka moo a kereke e tlhokomele le go rapela ka metlha, e sere kgotsa ba wele mo thaelong;

34 Ee, mme le e leng bao ba ba itshepisitsweng a ba tlhokomele le bone.

35 Mme re a itse gore dilo tse di boammaaruri mme go ya ka ditshenolo tsa ga Johane, le fa e le go oketsa, le e seng go fokotsa go tswa mo perofesong ya buka ya gagwe, dikwalo tse di boitshepo, kgotsa ditshenolo tsa Modimo tse di tlaa tlang morago ga fa ka neo le thata ya Mowa o o Boitshepo, lentswe la Modimo, kgotsa go direla ga baengele.

36 Mme Morena Modimo o go boletse; mme tlotlo, thata le kgalalelo di neelwe leina la gagwe le le boitshepo, gotlhe jaanong le ka bosaengkae. Amene

37 Mme gape ka tsela ya taelo mo kerekeng mabapi le mokgwa wa kolobetso—Botlhe bao ba ba ikokobetsang fa pele ga Modimo, mme ba eletsa go kolobediwa, le go tla ka dipelo tse di thubegileng le mewa e e ngomogileng, mme ba supa fa pele ga kereke gore ka boammaaruri ba ikwatlhaetse dibe tsotlhe tsa bone, mme ba rata go amogela leina la ga Jeso Keresete, ba na le maikaelelo go mo direla go ya bokhutlong, mme ba bonatsha ka boammaaruri ka ditiro tsa bone gore ba amogetse ka Mowa wa ga Keresete go isa boitshwarelong dibe tsa bone, ba tlaa amogelwa ka kolobetso mo kerekeng ya gagwe.

38 Ditiro tsa bagolwane, baperesiti, baruti, batiakone, le maloko a kereke ya ga Keresete—Moaposetole ke mogolwane, mme ke pitso ya gagwe go kolobetsa;

39 Le go tlhoma bagolwane ba bangwe, baperesiti, baruti, le batiakone;

40 Le go segofatsa senkgwe le mofine—sesupo sa nama le madi a ga Keresete—

41 Le go tlhomamisa bao ba ba kolobeditsweng mo kerekeng, ka go ba baya diatla gore ba kolobetswe ka molelo le Mowa o o Boitshepo, go ya ka dikwalo tse di boitshepo;

42 Le go ruta, go atolosa, go kgothatsa, go kolobetsa, le go lebela kereke;

43 Le go tlhomamisa kereke ka go baya diatla, le neelo ya Mowa o o Boitshepo;

44 Le go tsamaisa diphuthego tsotlhe.

45 Bagolwane ba tshwanetse go tsamaisa diphuthego jaaka ba gogwa ke Mowa o o Boitshepo, go ya ka ditaelo le ditshenolo tsa Modimo.

46 Tiro ya moperesiti ke go rera, go ruta, go atolosa, go kgothatsa, le go kolobetsa, le go segofatsa sakaramente,

47 Le go lekola ntlo ya leloko lengwe le lengwe, le go ba kgothatsa go rapela ba ntsha lentswe le mo sephiring le go tlhokomela ditiro tsotlhe tsa lolwapa.

48 Mme le gone o ka tlhoma baperesiti ba bangwe, baruti, le batiakone.

49 Mme o tshwanetse go tsamaisa diphuthego fa go sena mogolwane yo o leng teng;

50 Mme fa mogolwane a le teng, o tshwanetse fela go rera, go atolosa, go kgothatsa, le go kolobetsa,

51 Le go lekola ntlo ya leloko lengwe le lengwe, a ba kgothatsa go rapela ba ntsha lentswe le mo sephiring le go dira ditiro tsotlhe tsa lolwapa.

52 Mo ditirong tsotlhe tse moperesiti o tshwanetse go thusa mogolwane fa seemo se letla.

53 Tiro ya moruti ke go lebela kereke ka metlha, le go nna le bone le go ba thatafatsa;

54 Mme a bona gore ga go na boikepo mo kerekeng, le fa e le go galefelana, le e seng go aka, tshebo, le fa e le go bua bosula;

55 Le go bona gore kereke e kopana mmogo gantsi, le gone go bona gore maloko otlhe a dira tiro ya one.

56 Mme o tshwanetse go tsamaisa diphuthego mo bo seong jwa mogolwane kgotsa moperesiti—

57 Mme o tshwanetse go thusiwa ka metlha, mo ditirong tsotlhe tsa gagwe mo kerekeng, ke batiakone, fa seemo se letla.

58 Mme le fa e le baruti le e seng batiakone ga ba na taolo ya go kolobetsa, go segofatsa sakaramente, kgotsa go baya diatla;

59 Ba tshwanetse, le fa gontse jalo, go tlhagisa, go atolosa, go kgothatsa, le go ruta, le go laletsa botlhe go tla mo go Keresete.

60 Mogolwane mongwe le mongwe, moperesiti, moruti, kgotsa motiakone o tshwanetse go tlhomiwa go ya ka dineo le dipitso tsa Modimo mo go ene; mme o tshwanetse go tlhomiwa ka thata ya Mowa o o Boitshepo, o o leng mo mothong yo a mo tlhomang.

61 Bagolwane ba ba mokawana ba ba tlhamang kereke e ya ga Keresete ba tshwanetse go kopana mo khonforenseng gangwe mo kgweding tse tharo, kgotsa nako nngwe jaaka dikhonforenseng tse di boletsweng di kaela kgotsa di laola;

62 Mme dikhonforense tse di boletsweng ditshwanetse go dira tiro le fa e le e fe ya kereke e e tlhokegang go dirwa ka nako eo.

63 Bagolwane ba tshwanetse go amogela diteseletso tsa bone go tswa mo bagolwaneng ba bangwe, ka tlhopho ya kereke e ba leng ba yone, kgotsa go tswa mo dikhonforenseng.

64 Moperesiti, moruti, kgotsa motiakone mongwe le mongwe, yo o tlhomilweng ke moperesiti, o ka tsaya setlankana mo go ene ka nako eo, setlankana se, fa se neelwa mogolwane, se tlaa mo neelang tshwanelo ya teseletso, e e tlaa mo laolang go dira ditiro tsa pitso ya gagwe, kgotsa o ka e amogela go tswa mo khonforenseng.

65 Ga go motho ope yo o tshwanetseng go tlhomiwa mo ofising epe mo kerekeng e, kwa go nang le lekalana le le rulagantsweng sentle la yone, kwa ntle ga tlhopho ya kereke eo;

66 Mme bagolwane ba baokamedi, bobishopo ba ba tsayang loeto, bagakolodi bagolo, baperesiti ba bagolo, le bagolwane, ba ka nna le tshiamelo ya go tlhoma, kwa go se nang lekalana la kereke gore tlhopho e ka bidiwa.

67 Poresidente nngwe le nngwe ya boperesiti jo bogolo (kgotsa mogolwane wa mookamedi), bishopo, mogakolodi mogolo, le moperesiti mogolo ba tlhomiwa ka kaelo ya lekgotla le legolo kgotsa khonforense ya kakaretso.

68 Tiro ya maloko morago ga go amogelwa ka kolobetso—Bagolwane kgotsa baperesiti ba tshwanetse go nna le nako e e lekaneng go atolosa dilo tsotlhe mabapi le kereke ya ga Keresete gore ba tlhaloganye, pele ga go ja sakaramente le go tlhomamisiwa ka go bewa diatla ke bagolwane, gore dilo tsotlhe di ka dirwa ka thulaganyo.

69 Mme maloko a tlaa iponatsa fa pele ga kereke, mme le gone fa pele ga bagolwane, ka tsamao ya mmoifa modimo le puisanyo, gore go ba tshwanetse, gore go ka nna le ditiro le tumelo e e dumalanang le dikwalo tse di boitshepo—ba tsamaya ka boitshepo fa pele ga Morena.

70 Leloko lengwe le lengwe la kereke ya ga Keresete le le nang le bana le tshwanetse go ba tlisa kwa bagolwaneng fa pele ga kereke, ba ba tshwanetseng go baya diatla tsa bone mo go bone mo leineng la ga Jeso Keresete, mme ba ba segofatsa mo leineng la gagwe.

71 Ga go ope yoo o ka amogelwang mo kerekeng ya ga Keresete fa e se fela a fitlhile mo dingwageng tsa boikarabelelo fa pele ga Modimo, mme a nonofetse boikotlhao.

72 Kolobetso e tshwanetse go dirwa ka mokgwa o o latelang mo go botlhe bao ba ba ikwatlhayang—

73 Motho yo o biditsweng ke Modimo mme a na le taolo go tswa mo go Jeso Keresete go kolobetsa, o tlaa tsena mo teng ga metsi le motho yo o tlileng kolobetsong, mme o tlaa a re, a mmitsa ka leina: Ka ke laotswe ke Jeso Keresete, ke go kolobetsa mo leineng la Rara, le la Morwa, le la Mowa o o Boitshepo. Amene.

74 Mme o tlaa mo nwetsa mo metsing, mme ba tswe gape mo metsing.

75 Go botlhokwa gore kereke e kopane mmogo gantsi go ja senkgwe le go nwa mofine mo kgakologelong ya ga Morena Jeso;

76 Mme mogolwane kgotsa moperesiti o tlaa di segofatsa; mme ka fa mokgweng o o tlaa di segofatsa—o tlaa khubama le kereke mme a bitse Rara ka thapelo e e masisi, a re:

77 Ao! Modimo, Rara wa Bosakhutleng, re go lopa mo leineng la Morwa wa gago, Jeso Keresete, go segofatsa le go itshepisa senkgwe se mo bathong botlhe bao ba ba se jang, gore ba tle ba bose je mo kgakologelong ya mmele wa Morwa wa gago, mme ba supe mo go wena, Ao! Modimo, Rara wa Bosakhutleng, gore ba rata go amogela leina la Morwa wa gago, le go mo gakologelwa ka metlha yotlhe le go tshegetsa ditaelo tsa gagwe tse a ba di neetseng; gore ka metlha yotlhe ba ka nna le Mowa wa gagwe gore o nne le bone. Amene.

78 Mokgwa wa go segofatsa mofine—o tlaa tsaya le sone senwelo, mme a re:

79 Ao! Modimo, Rara wa Bosakhutleng, re go lopa mo leineng la Morwa wa gago, Jeso Keresete, go segofatsa le go itshepisa mofine o mo bathong botlhe bao ba ba o nwang, gore ba tle ba dire se mo kgakologelong ya madi a Morwa wa gago, a ba a tshololetsweng, gore ba tle ba supe mo go wena, Ao Modimo, Rara wa Bosakhutleng, gore ruri ba mo gakologelwa ka metlha yotlhe, gore ba ka nna le Mowa wa gagwe gore o nne le bone. Amene.

80 Leloko lepe la kereke ya ga Keresete le le tlolang molao, kgotsa le tshwerwe mo molatong, le tlaa dirwa jaaka dikwalo tse di boitshepo di kaela.

81 E tlaa nna tiro ya dikereke tse di mokawana, tse di tlhamang kereke ya ga Keresete, go romela a le mongwe kgotsa go feta wa baruti ba bone go tsena dikhonforense tse di mokawana tse di tshwarwang ke bagolwane ba kereke,

82 Ka nankolo ya maina a maloko a le mokawana a a itshwaragantseng le kereke e sale khonforense ya bofelo; kgotsa a romelwe ka seatla sa moperesiti mongwe; gore nankolo ya gale ya maina otlhe a kereke yotlhe a ka tshegediwa mo bukeng ke mongwe wa bagolwane, le fa e le mang bagolwane ba bangwe ba tlaa mo tlhomang nako le nako;

83 Mme le gone, fa mongwe a kobilwe mo kerekeng, gore maina a bone a ka phimolwa mo tshupong ya maina a kereke ka kakaretso.

84 Maloko otlhe a a tlogang mo kerekeng kwa ba nnang teng, fa ba ya kerekeng kwa ba sa itsiweng teng, ba ka tsaya lokwalo lo le tlhomamisang gore ke maloko a gale mme ba mo seemong se se siameng, setlankana se se ka rurifadiwang ke mogolwane mongwe kgotsa moperesiti fa leloko le le amogelang lokwalo le itsanye ka sebele le mogolwane kgotsa moperesiti, kgotsa se ka rurifadiwa ke baruti kgotsa batiakone ba kereke.

Gatisa