Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 55


Tsetlana 55

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go William W. Phelps, kwa Kirtland, Ohio, Seetebosigo 14, 1831. William W. Phelps, mogatisi, le ba lolwapa la gagwe ba ne ba sa tswa go goroga kwa Kirtland, mme Moperofeti a batlela Morena polelo mabapi le bone.

1–3, William W. Phelps o biditswe mme o itshenketswe go kolobediwa, go tlhomiwa mogolwane, le go rera efangele; 4, Le gone o tshwanetse go kwala dibuka tsa sekole sa bana mo Kerekeng; 5–6, o tshwanetse go tsamaela kwa Missouri, e e tlaa nnang kgaolo e a tlaa dirang tiro ya gagwe mo gone.

1 Bona, go bua jaana Morena mo go wena, motlhanka wa me William, ee, e bong Morena wa lefatshe lotlhe, o biditswe mme o itshenketswe; mme morago ga o sena go kolobediwa ka metsi, fa o dira se ka leitlho le le lebeletseng fela kgalalelo ya me o tlaa nna le boitshwarelo jwa dibe tsa gago le kamogelo ya Mowa o o Boitshepo ka peo ya diatla;

2 Mme o tlaa tlhomiwa ka seatla sa motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., go nna mogolwane wa kereke e, go rera boikotlhao le boitshwarelo jwa dibe ka tsela ya kolobetso mo leineng la ga Jeso Keresete, Morwa Modimo yo o tshedileng.

3 Mme bao botlhe ba o tlaa ba bayang diatla tsa gago, fa ba ngomogile fa pele ga me, o tlaa nna le thata go neela Mowa o o Boitshepo.

4 Mme gape, o tlaa tlhomiwa go thusa motlhanka wa me Oliver Cowdery go dira tiro ya go gatisa, le ya go tlhopha le go kwala dibuka tsa sekole mo kerekeng, gore le gone bana ba bannye ba amogele thuto fa pele ga me jaaka go nkgatlha.

5 Mme gape, ammaaruri Ke a go raya, ka lebaka le o tla a tsaya loeto le batlhanka ba me Joseph Smith, Jun., le Sidney Rigdon, gore o tle o tlhomiwe mo lefatsheng la boswa jwa gago go dira tiro e.

6 Mme gape, a motlhanka wa me Joseph Coe le ene a tseye loeto lwa gagwe le bone. Masalela a tlaa itsisiwe morago ga fa, fela jaka ke rata. Amene.

Gatisa