Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 9


Tsetlana 9

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith mo go Oliver Cowdery, kwa Harmony, Pennsylvania, Moranang 1829. Oliver o gakololwa go nna pelotelele e bile o tlhotlhelediwa go kgotsofalela go kwala, ka lobakanyana leo, ka piletso ya moranodi, go na le go leka go ranola.

1–6, Dipego tse dingwe tsa bogologolo di santse di tlaa ranolwa; 7–14, Buka ya ga Momone e ranolwa ka go ithutontsha le ka tlhomamiso ya semowa.

1 Bona, ke a go raya, morwaake, gore gonne ga o a ranola go ya ka seo se o se eleditseng mo go nna, mme wa simolola gape go kwalela motlhanka wa me, Joseph Smith, Jun., fela jalo ke rata gore o ka tswelela go fitlha o wetsa tshupo e, e ke mo e neetseng.

2 Mme ke gone, bona, ke na le ditshupo tse dingwe, tse ke tlaa go neelang thata gore o ka thusa go di ranola.

3 Nna pelotelele, morwaake, gonne ke tlhalefo mo go nna, mme ga go a tshwanela gore o ka ranola ka nako e.

4 Bona, tiro e o bileditsweng go e dira ke go kwalela motlhanka wa me Joseph.

5 Mme, bona, ke ka ntlha ya gore ga o a tswelela jaaka o ne o simolotse, fa o simolola go ranola, gore ke bo ke tlositse tshiamelo e mo go wena.

6 O seka wa ngongorega, morwaake, gonne ke tlhalefo mo go nna gore ke bo ke go diretse ka mokgwa o.

7 Bona, ga o a tlhaloganya; o gopotse gore ke tlaa go e neela fela, fa o ne o sa akanya sepe fa e se fela go lopa mo go nna.

8 Mme, bona, ke a go raya, o tshwanetse gore o ithutontshe pele mo tlhaloganyong ya gago; ke gone o bo o lopa mo go nna gore a go siame, mme fa go siame ke tlaa dira gore sehuba sa gago se tuke mo teng; ke gone ka moo, o tlaa utlwa gore go siame.

9 Mme fa go sa siama ga o ka ke wa nna le maikutlo a a ntseng jalo, mme o tlaa nna le tshereano ya kakanyo eo e tlaa go dirang gore o lebale selo se se phoso; ke gone ka moo, ga o ka ke wa kwala seo se se boitshepo fa e se o neetswe go tswa mo go nna.

10 Jaanong, fa o ne o itsile se o ka bo o ranotse; le fa go ntse jalo, ga go a tshwanela gore o ka ranola jaanong.

11 Bona, go ne go tshwanetse fa o simolola; mme o ne wa boifa, mme nako e fetile, mme ga go a tshwanela jaanong;

12 Gonne, a ga o bone gore ke neetse motlhanka wa me Joseph nonofo e e lekaneng, e ka yone e dirilweng? Mme le fa e le ope wa lona ga ke mo sekise.

13 Dira selo se se ke se go laoletseng, mme o tlaa tlhogonolofala. Nna boikanyego, mme o se ineele mo thaelong.

14 Ema ka tlhomamo mo tirong e ke go biditseng mo go yone, mme thiri ya tlhogo ya gago ga e kitla e latlhega, mme o tlaa tsholelediwa kwa godimo ka letsatsi la bofelo. Amene.