Scriptures
Kitsiso Semmuso 1


Kitsiso Semmuso 1

Baebele le Buka ya ga Momone di ruta gore nyalo ya monna le mosadi ke seelo sa Modimo sa lenyalo fa e se A bolela ka go sele (bona 2 Samuele 12:7–8 le Jakobe [BM] 2:27, 30). Morago ga tshenolo mo go Joseph Smith, mokgwa wa lenyalo la basadi ba ba fetang bongwe o ne wa simolodisiwa mo gare ga maloko a Kereke mo tshimologong ya 1840 (bona tsetlana 132). Go tswa dingwaga tsa bo 1860 go ya go tsa bo 1880, goromente wa United States wa fetisa melao go dira mokgwa o wa tumelo gore o se ka wa nna ka fa molaong. Melao e e ne ya feletsa e tshegediwa ke kgotla kgolo ya ditsheko ya U.S. Morago ga go amogela tshenolo, Poresidente Wilford Woodruff a neela mokwalo wa molao o o latelang, o o neng wa amogelwa ke Kereke jaaka wa taolo le o o patikang ka Phalane 6, 1890. Se sa tlisa bokhutlo jwa mokgwa wa lenyalo la basadi ba ba fetang bongwe mo Kerekeng.

Go Yo e Ka Mo Amang:

Ka dipego tsa dikgang di rometswe ka maikaelelo a sepolotiki, go tswa kwa Toropong ya Salt Lake, tse di anamisitsweng ka bophara, dibolela gore lekgotla la Basekaseki la Utah, mo pegong ya lone ya bosheng kwa go Mokwaledi wa tsa Selegae, le abelela gore manyalo a basadi ba ba fetang bongwe a santse a itshepisiwa le gore manyalo a a ntseng jalo a le masome a mane kgotsa go feta go tsenwe mo go one mo Utah e sale Seetebosigo o o fitileng kgotsa ka nako nngwe ngwaga o o fitileng, le gone gore mo dithutong tsa phatlalatsa baeteledipele ba Kereke ba rutile, ba rotloeditse le go kgothatsa tswelediso ya mokgwa wa nyalo ya lefufa—

Ke gone ka moo, nna, jaaka Poresidente ya Kereke ya ga Jeso Keresete ya Malatsi a Bofelo, ka se, ka mokgwa o o masisi, ke bolela gore ditatofatso tse ga di boammaaruri. Ga re rute lenyalo la lefufa kgotsa lenyalo la basadi ba ba fetang bongwe, le fa e le go letlelela motho ope go tsena mo mokgweng wa lone, mme ke latola gore masome a mane kgotsa palo nngwe fela ya manyalo a basadi ba ba fetang bongwe mo sebakeng seo a itshepisitswe mo Ditempeleng tsa rona kgotsa mo lefelong lengwe mo Kgaolong.

Kgang e le nngwe e begilwe, e mo go yone batho ba ba amegang ba abelelang gore lenyalo le diragaditswe mo Ntlong ya Endaomente, mo toropong ya Salt Lake, mo dikgakologong tsa 1889, mme ga ke ise ke itse gore ke mang yo o diragaditseng modiro o; le fa e le eng se se dirilweng mo tirong e e ne e le kwantle ga kitso ya me. Ka ntlha ya tiragalo e e abeletsweng e Ntlo ya Endaomente e ne, ka ditaelo tsa me, ya thubiwa kwantle ga tiego.

E re ka melao e diragaditswe ke Khuduthamaga e iletsa lenyalo la basadi ba ba fetang bongwe, melao e e boletsweng e le ya molao motheo ke kgotlatshekelo ya bofelo ya boikuelo, Ka se ke bolela maikaelelo ame a go ineela mo melaong eo, le go dirisa thotloetso ya me mo malokong a Kereke e ke e okametseng go dira fela jalo le bone.

Ga gona sepe mo dithutong tsa me mo Kerekeng kgotsa tseo tsa ba ke dirisanang le bone, ka nako e e boletsweng, tse ka mabaka di ka tlhalosiwang di godisa kgotsa di rotloetsa lenyalo la lefufa; mme fa Mogolwane mongwe wa Kereke a dirisitse puo e e lebegang e tlhalosa thuto epe e e ntseng jalo, o kgalemetswe ka bonako. Mme jaanong ke bolela phatlalatsa gore kgakololo ya me mo Baitsheping ba Malatsi a Bofelo ke go ikgapha mo go tseneng mo lenyalong lepe le le ilediwang ke molao wa lefatshe.

Wilford Woodruff

Poresidente ya Kereke ya ga Jeso Keresete
ya Malatsi a Bofelo.

Poresidente Lorenzo Snow o neetse se se latelang:

“Ke sutisa mogopolo, ka re amogela Wilford Woodruff jaaka Poresidente Ya kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, mme e le ene monna fela mo lefatsheng ka nako e yo o tshegeditseng dilotlele tsa ditao tsa kano, re mo tsaya a letleletswe gotlhelele ka ntlha ya pitso ya gagwe go neela Mokwalo o o supang maikemisetso o o badilweng mo kutlong ya rona, o o neetsweng letsatsi la Lwetse 24 1890, le gore jaaka Kereke mo Khonforenseng ya Kakaretso e e phuthegile, re amogele kitsiso ya phatlalatsa ya gagwe mabapi le manyalo a basadi ba ba fetang bongwe jaaka e e letleletsweng e bile e tlama.”

Salt Lake City, Utah, Phalane 6, 1890.

Dinankolo go tswa mo Dipuisong tse Tharo ka
Poresidente Wilford Woodruff
Mabapi le Mokwalo wa Maikemisetso

Morena ga a kitla a ntetlelela kgotsa monna ope yo mongwe yo o emang jaaka Poresidente ya Kereke e go le gogela mo thaelong. Ga go mo lenaneong. Ga go mo mogopolong wa Modimo. Fa ke ne ke ka leka seo, Morena o tlaa ntlosa mo lefelong la me, mme fela jalo le monna ope yo mongwe yo o tlaa lekang go gogela bana ba batho mo thaelong go tswa mo mantsweng a Modimo le go tswa mo ditirong tsa bone. (Khonforense ya Kakaretso ya Kereke ya Bogare jwa Ngwaga ya bo Masome a Mararo le Bongwe, Mosupologo, Phalane 6, 1890, Salt Lake City, Utah. E begilwe mo Deseret Evening News, Phalane 11, 1890, p. 2.)

Ga gore sepe gore go tshela mang kgotsa go swa mang, kgotsa ke mang yoo biditsweng go etelela Kereke e, ba tshwanetse go e etelelela pele ka tlhotlheletso ya Modimo Mothatayotlhe. Fa ba sa go dire ka tsela eo, ga ba kake ba go dira gotlhelele. …

Ke nnile le ditshenolo dingwe mo bosheng, mme tse di botlhokwa thata mo go nna, mme ke tlaa le bolelela se Morena a se mpoleletseng. A ke tlise ditlhaloganyo tsa lona kwa go se se bidiwang Mokwalo wa maikemisetso. …

Morena o mpoleletse gore ke botse Baitshepi ba Malatsi a Bofelo potso, mme le gone o mpoleletse gore fa ba ka reetsa se ke se buang mo go bone le go araba potso e ke ba e boditseng, ka Mowa le thata ya Modimo, botlhe ba tlaa araba ka go tshwana, mme botlhe ba tlaa dumela ka go tshwana mabapi le selo se.

Potso ke e: Ke efe tsela e e botlhale e Baitshepi ba malatsi a Bofelo ba ka e salang morago—go tswelela ka go leka go diragatsa lenyalo la basadi ba ba fetang bongwe, melao ya tšhaba e le kgatlhanong le lone le kganetso ya batho ba ba didikadike tse di masome a marataro, mme ka ditlamorago tsa go gapelwa le tatlhegelo ya Ditempele tsotlhe, le go emisiwa ga ditao tsotlhe mo go tsone, tsotlhe tsa batshedi le baswi, le go tlhatlhelwa ga Boporesidente jwa Ntlha le Ba ba Lesome le Bobedi le ditlhogo tsa malwapa mo Kerekeng, le go gapelwa dithoto ga batho (tse tsotlhe ka bo tsone di ka emisang mokgwa); kgotsa, morago ga go dira le go bogela tse ka go sala morago molawana o go emisa mokgwa le go ineela mo molaong, mme ka go dira jalo ba tlogele Baperofeti, Baaposetole le borre ko lapeng, gore ba ka ruta batho le go dira ditiro tsa Kereke, mme le gone go tlogela Ditempele mo diatleng tsa Baitshepi, gore ba ka dira ditao tsa efangele, tsotlhe tsa batshedi le baswi?

Morena o mpontshitse ka ponatshegelo le tshenolo tota tota se se tlaa diragalang fa re ne re sa emisa mokgwa o. Fa re ne re sa o emisa, lo ka bo lo ne lo sa tlhoke … ope wa banna ba ba mo tempeleng e kwa Logan; gonne tsotlhe ditao di tlaa emisiwa mo lefatsheng lotlhe la Sione. Ketsaetsego e ne e ka anama go ralala Iseraele otlhe, mme banna ba le bantsi ba ne ba ka dirwa magolegwa. Matshwenyego a ne a ka bo a tlile mo kerekeng ka bophara, mme re ka bo re patikilwe go emisa mokgwa o. Jaanong, potso ke gore, a o tshwanetse go emisiwa ka mokgwa o, kgotsa ka tsela e Morena a e bonatshitseng mo go rona, mme ba tlogela Baperofeti ba rona le Baaposetole le borre go nna bagololesegi, le ditempele mo diatleng tsa batho, gore baswi ba ka rekololwa. Palo e tona e setse e golotswe go tswa mo ntlong ya kgolegelo mo lefatsheng la semowa ke batho ba, mme a tiro e tswelele kgotsa e eme? Se ke potso e ke e bayang fa pele ga Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Lo tshwanetse go ikatlholela. Ke batla lo e ikarabela. Ga ke kake ka lo e arabela; mme ke a lo raya gore seo tota tota ke seemo se rona re le batho re ka bo re le mo go sone fa re ka bo re ne re sa tsaya tsela e re e tsereng.

… Ke bone tota tota se se tlaa diragalang fa gone go sena sengwe se se dirilweng. Ke nnile le mowa o ka lobaka lo loleele. Mme ke batla go bua se: Ke ka bo ke tlogetse ditempele tsotlhe go tswa mo diatleng tsa rona; Ke ka bo ke ile kgolegelong ka bo nna, mme ka tlogela monna mongwe le mongwe go ya koo, fa Modimo wa legodimo a ne a sa ntaela go dira se Ke se dirileng; mme fa oura e fitlha gore ke laolwe go dira seo, gone ga bonatsega gotlhe mo go nna. Ke ne ka ya fa pele ga Morena, mme ke kwadile se Morena a mpoleletseng go se kwala. …

Ke tlogela se le lona, gore lo se tlhatlhanye le go se akanyetsa. Morena o mo tirong le rona. (Khonforense ya Lomapo la Cache, Logan, Utah, Sontaga, Ngwanatsele 1, 1891. E begilwe mo Deseret Weekly, Ngwanatsele 14, 1891.)

Jaanong Ke tlaa lo bolelela se se bonaditsweng mo go nna le se Morwa Modimo a se dirileng mo selong se. … Dilo tse tsotlhe di ka bo di diragetse, jaaka Modimo Mothatayotlhe a tshedile, fa Mokwalo oo wa maikemisetso o ne o sa neelwa. Ke gone ka moo, Morwa Modimo o ne a bona go tshwanetse gore selo seo se neelwe Kereke le lefatshe go diragatsa maikaelelo a a mo mogopolong wa gagwe. Morena o ne a laotse tlhomamiso ya Sione. O ne a laotse pheleletso ya tempele e. O ne a laotse gore poloko ya batshedi le baswi e tshwanetse go neelwa mo mogogorong wa dithaba tse. Mme Modimo Mothatayotlhe o laotse gore Diabole a se ka a e kgoreletsa. Fa lo ka tlhaloganya se, se ke selotlele mo go one. (Go tswa therong ya bokopano jwa borataro jwa tshwaelo ya Tempele ya Salt Lake, Moranang 1893 Moriti wa Mokwalo wa Tirelo ya Tshwaelo, Motlobo, Lephata la Ditso tsa Kereke, Salt Lake City, Utah.)