Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 13


Tsetlana 13

Kinolo go tswa mo ditsong tsa ga Joseph Smith di kakanya ka tlhomamiso ya Moperofeti le Oliver Cowdery mo Boperesiting jwa ga Arone gaufi le Harmony, Pennslvania, Moranang 15, 1829. Tlhomamiso e ne ya dirwa ka diatla tsa moengele yo o ikitsisitseng e le Johane, ene yoo bidiwang Johane wa Mokolobetsi mo Kgolaganong e Ntsha. Moengele o tlhalositse gore o ne a dira ka fa tlase ga kaelo ya ga Petere, Jakobe le Johane, Baaposetole ba bogologolo, ba ba tshwereng dilotlele tsa boperesiti jo bogolo, jo bo neng bo bidiwa Boperesiti jwa ga Melekiseteke. Tsholofetso e ne ya neelwa Joseph le Oliver gore mo nakong e e tshwanetseng Boperesiti jo bogolo jo bo tlaa tlhomiwa mo go bone. (Bona tsetlana 27:7–8, 12.)

Dilotlele le dithata tsa Boperesiti jwa ga Arone di bewa pele.

1 Mo go lona batlhanka ka nna, mo leineng la Mesia ke tlhoma Boperesiti jwa ga Arone, jo bo tshegeditseng dilotlele tsa go direla ga baengele, le tsa efangele ya boikotlhao, le ya kolobetso ka go nwetswa go itshwarelwa dibe; mme se ga se kitla se tsewa gape go tswa mo lefatsheng, go fitlhelela barwa Lefi ba isetsa Morena gape tshupelo mo tshiamong.