2022
Go direla mo Dipitsong tsa Kereke
Mopitlo 2022


“Go direla mo Dipitsong tsa Kereke,” Liahona, Mopitlo. 2022.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Mopitlo 2022

Go direla mo Dipitsong tsa Kereke

Baeteledipele ba Kereke ba lopa maloko go direla mo dithomong tse di tlhaolegileng tse di itsiweng jaaka “dipitso.” Dipitso di naya maloko tšhono ya go direla ba bangwe le go atamela Modimo.

Setshwantsho
Monna mo kolotsaneng ya banale-bogole a ruta tlelase ya Kereke

Setshwantsho ka David Bowen Newton

Fa re direla mo dipitsong tsa rona, re thusa go diragatsa tiro ya Modimo. Re ruta ba bangwe ka ga Rara wa Legodimo le Jeso Keresete le go thusa bao ba re ba rutang go atamela kwa go Bone. Le gone re amogela ditshegofatso jaaka re dira ka boikanyego.

Go amogela Dipitso

Setshwantsho
lekawana le eme fa pele ga phutego ya Kereke

Bao ba ba direlang mo Kerekeng ba bidiwa ke Modimo. Baeteledipele ba Kereke ba rapelela tlhotlheletso go itse yo ba ka mo lopang go direla mo pitsong nngwe le nngwe. Moeteledipele ke gone a lope leloko go direla mme a tlhalose ditiro tsa pitso. Maloko a rotloediwa mo bokopanong jwa Kereke kwa maloko a wate kgotsa lekala ba neelang tlhopo ya thotloetso. Se se raya gore ba rata go rotloetsa motho yo o bidiwang. Leloko ke gone le tlaa newa tshegofatso ke moeteledipele wa boperesiti. Se se bidiwa go lomololwa. Leloko le tlaa newa taolo go dira mo pitsong le ditshegofatso tse dingwe go mo thusa go direla.

Bobishopo

Bishopo ke moeteledipele wa wate. (Mo lekaleng, poresidente wa lekala o tshwana le bishopo.) Poresidente wa lomapo o buelela motshegetsi wa boperesiti yo o tshwanelang go bidiwa ele bishopo. Boporesidente jwa Ntlha bo amogela pitso. Bishopo ke gone a rotloediwe le go lomololwa go direla. Le ene o amogela dilotlele tsa boperesiti, se se rayang gore o na le taolo go kaela wate. Jaaka bishopo, o direla le go etelela pele maloko a wate.

Boporesidente

Dikhoramo tsa boperesiti le maphata a Mokgatlho wa Thuso, Makgarejwana, Poraemari, le la Sekolo sa Sontaga di etelelwa pele ke boporesidente, ka tlwaelo poresidente le bagakolodi ba babedi, Boporesidente ba khoramo ya bagolwane ba bidiwa le go lomololwa ke boporesidente ba lomapo. Bobishopo ba lopa maloko go direla mo boporesidenteng jo bongwe mo wateng le go ba lomolola. Baeteledipele botlhe ba direla maloko mo dikhoramong tsa bone kgotsa maphata. Ba direla ditlhoko tsa maloko le go ba thusa go utlwa lorato la Modimo.

Setshwantsho
mosadi o tlisa dijo kwa mmeng yo o tshwereng ngwana.

Dipitso tse dingwe

Dipitso tse dingwe tsa Kereke di akaretsa go ruta, go thusa ka moopelo, go tshegetsa dipolelo, go rulaganya ditiro tsa banana le bana, le go direla ka mekgwa e mengwe. Pitso nngwe le nngwe mo Kerekeng e botlhokwa mme e naya maloko tšhono ya go direla ba bangwe le go direla Modimo. Jaaka re dira mmogo go diragatsa dipitso tsa rona, re natlafatsa ba bangwe le go thusa Kereke go gola.

Gatisa