2022
O Mo Utlwa Jang?
Mopitlo 2022


“O Mo Utlwa Jang?,” For the Strength of The Youth, Mopitlo. 2022.

Molaetsa wa For the Strength of Youth wa Kgwedi le kgwedi, Mopitlo 2022

O Mo Utlwa Jang?

Go tswa mo April 2020, puo ya khonferense ya kakaretso.

Setshwantsho
dikgapetlana tsa malepa
Setshwantsho
batho ka dikgapetlana tsa malepa tse di tlhaelang

Ditshwantsho ka Oksana Grivina

Go ya le kaelo ya thokgamo e re e amogelang go tswa mo Moweng o o Boitshepo, nako le nako, Modimo ka thata le gagolo ka sebele o netefaletsa mongwe le mongwe wa rona gore O a re itse le go re rata. Ke gone, mo metsotswaneng ya rona ya bothata, Mmoloki o tlisa maitemogelo a gape mo tlhaloganyong tsa rona.

Akanya ka botshelo jwa gago. Maitemogelo a a ka tla ka dinako tsa botlhokwa mo matshelong a rona kgotsa mo go se kwa tshimologong se ka lebega e le tiragalo tse di sa kgatlheng. Metsotswana e e botlhokwa e ya semowa e tla ka dinako tse di farologaneng le ka ditsela tse di farologaneng, motho ka bongwe go mongwe le mongwe wa rona.

Joseph Smith o tlhalositse gore ka nako dingwe re tlelwa ke “menagano ya maikutlo a tshoganyetso” le moelo o o itshekileng wa botlhale wa nako le nako.1

Poresidente Dallin H. Oaks, mo go fetoleng monna yo o tshepagalang yo o ne a bolela ga a ise a ke a nne le maitemogelo a a ntseng jalo, a gakolola, “Gongwe dithapelo tsa gago di arabilwe gangwe le gantsi, mme o ne o tsepamisitse ditsholofelo tsa gago mo tshupong e e kgolo thata kgotsa lentswe le le kwa godimo mo e leng gore o akanya gore ga o ise o nne le karabo epe.”2

Re utlwile mo bogautshwaneng Poresidente Russell M. Nelson a re: “ Ke lo laletsa go akanyetsa kwateng le gantsi ka ga potso e ee botlhokwa: O Mo utlwa jang? Le gone ke lo laletsa go tsaya dikgato go mo utlwa botoka le gantsi thata.”3

Dintlha

  1. Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith (2007), 132.

  2. Dallin H. Oaks, Life’s Lessons Learned: Personal Reflections (2011), 116.

  3. Russell M. Nelson, “‘How Do You #HearHim?’ A Special Invitation,” Tlhakole. 26, 2020, blog.ChurchofJesusChrist.org.

Gatisa