2022
Josefa o Ipaakanyetsa Dinako tse di Thata
Mopitlo 2022


“Josefa o Ipaakanyetsa Dinako tse di Thata,” Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Mopitlo 2022

“Josefa o Ipaakanyetsa Dinako tse di Thata”

Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Mopitlo 2022

Josefa o Ipaakanyetsa Dinako tse di Thata

Setshwantsho
Josefa fa pele ga Faro

Ditshwantsho ka Apryl Stott

Josefa e ne e le moperofeti. O nnile kwa Egepeto. Bosigo bongwe Faro, kgosi ya Egepeto, o ne a nna le toro e e makatsang. O ne a botsa Josefa gore toro e raya eng.

Setshwantsho
ngwana ka sejana se se senang sepe

Modimo o ne a thusa Josefa go tlhaloganya toro. Dingwaga tse supa, batho ba ne ba tlaa nna le letlotlo la dijo. Morago ga foo ka dingwaga di le supa, ba tlaa se ka ba nna le tse di lekaneng. Josefa o bolelletse Faro.

Setshwantsho
Josefa a boloka mabele mo Egepeto.

Josefa o rile ba tshwanetse go boloka dijo jaanong. Ke gone ba tlaa bo ba iketleeleditse dinako tse di thata. Faro o baya Josefa mo taolong ya go boloka dijo. Josefa a dira ka thata.

Setshwantsho
Josefa a neela batho mabele

Fa dingwaga tse di supa tsa leuba di fitlha, batho ba ne ba na le dijo tse di lekaneng go ja. Ba ne le gone ba na le tse di lekaneng go di abelana le ba bangwe.

Setshwantsho
lelwapa le tsamaela ntlheng ya kereke

Ke ka ipaakanya jaanong. Ka thuso ya Modimo, ke ka feta dinako tse di thata!

Tsebe ya go Taka

Rara wa Legodimo O Tlaa Nthusa ka Dinako tse di Thata

Setshwantsho
batsalwa mmogo ba sadisa sentle

Tobetsa mo setshwantshong go se laisolola.

Setshwantsho ka Apryl Stott

Rara wa Legodimo o go thusitse leng?

Gatisa