Scriptures
Aberahame 1


Buka ya ga Aberahame

E ranotswe go tswa mo Papaeraseng, ke Joseph Smith

Thanolo ya Ditshupo dingwe tsa bogologolo tse di wetseng mo diatleng tsa rona go tswa mo mabitleng a a mo dikgageng tsa Egepeto. Mekwalo ya ga Aberahame fa a ne a le kwa Egepeto, e e bidiwang Buka ya ga Aberahame, e kwadilwe ka seatla sa gagwe ka sebele, mo papaeraseng.

Kgaolo 1

Aberahame o batla ditshegofatso tsa thulaganyo ya bopatiriaka—O bogisiwa ke baperesiti ba e seng bone mo Kalatea—Jehofa o a mo dibela—Ditshimologo le goromente wa Egepeto di a sekasekiwa.

1 Mo lefatsheng la Bakalatea, kwa bonno jwa borre, Nna, Aberahame, ka bona gore go a tlhokega gore ke amogele lefelo le lengwe la bonno;

2 Mme, ka ke bone go na le boitumelo jo bogolo le kagiso le boitapoloso jwa me, Ka batla ditshegofatso tsa borre, le tshwanelo e ke tshwanetseng go tlhomiwa mo go yone go direla tsone tseo; ka ke ne ke le molatedi wa tshiamo, ke eletsa le gone go nna mongwe yo nang le kitso e kgolo, le go nna molatedi yo mogolo wa tshiamo, le go nna le kitso e kgolo, le go nna rre wa ditšhaba tse dintsi, kgosana ya kagiso, mme ka ke ne ke eletsa go amogela dikaelo, le go tshegetsa ditaelo tsa Modimo, Ka nna mo ja boswa yo o tshwanetseng, Moperesiti yo Mogolo, ke na le tshwanelo e e leng ya borre.

3 Ke ne ka e neelwa go tswa mo go borre; e fetisitswe go tswa mo go borre, go tswa kwa tshimologong ya nako, ee, le e leng go tswa kwa tshimologong, kgotsa pele ga motheo wa lefatshe, go fitlhelela gompieno, e bong tshwanelo ya motsalwapele, kgotsa monna wa ntlha, yo e leng Atamo, kgotsa rre wa ntlha, go tswa kwa go borre go tla kwa go nna.

4 Ka batla go tlhomiwa mo Boperesiting ka fa Modimo a tlhomileng borre mabapi le peo.

5 Borre, ka ba ne ba fapogile mo tshiamong ya bone, le mo ditaelong tse di boitshepo tse Morena Modimo wa bone a neng a ba di neetse, go obamela medimo ya baheitane, gotlhelele ba gana go reetsa lentswe la me;

6 Gonne dipelo tsa bone di ne di tlhomame go dira bosula, mme gotlhelele ba fapogetse mo modimong wa ga Elekena, le modimo wa ga Libena, le modimo wa ga Mahamakara, le modimo wa ga Korashe, le modimo wa ga Faro, kgosi ya Egepeto;

7 Ke gone ka moo ba faposetsa dipelo tsa bone kwa setlhabelong sa baheitane mo go isetseng medimo e ya disetwa e e sa bueng bana ba bone, mme ba seka ba reetsa lentswe la me, mme ba leka go tlosa botshelo jwa me ka seatla sa moperesiti wa ga Elekena. Moperesiti wa ga Elekena e ne le gone e le moperesiti wa ga Faro.

8 Jaanong, ka nako e e ne e le mokgwa wa moperesiti wa ga Faro, kgosi ya Egepeto, go isa mo aletareng e e neng e agilwe mo lefatsheng la Kalatea, e le tshupelo mo medimong e e sele, banna, basadi, le bana.

9 Mme ga diragala gore moperesiti a dire tshupelo mo modimong wa ga Faro, mme le gone mo modimong wa ga Shakereele, le e leng ka fa mokgweng wa Baegepeto. Jaaanong modimo wa ga Shakereele e ne e le letsatsi.

10 Le e leng tshupelo ya malebogo ya ngwana moperesiti wa ga Faro o ne a e isa mo aletareng e e bapileng le lentsweng le le bidiwang Lentswe la Potifare, kwa tlhogong ya lebala la Olisheme.

11 Jaanong, moporesiti yo o ne a isitse mo aletareng e makgarebe a mararo ka nako e le ngwefela, ba e neng e le barwadie Onita, mongwe wa kokomana ya bogosi yo o duleng mo mathekeng a ga Hamo. Makgarebe a a ne a isitswe ka ntlha ya bomolemo jwa bone; ba ne ba gana go obamela medimo ya legong kgotsa letlapa, ke gone ka moo ba neng ba bolawa mo aletareng e, mme go ne go dirilwe ka fa mokgweng wa Baegepeto.

12 Mme ga diragala gore baperesiti ba nkgape ka dikgoka, gore ba ka mpolaya le nna, jaaka ba dirile makgarebe ao mo aletareng e; mme gore lo ka nna le kitso ya aletara e, ke tlaa lo umakela ka sekao kwa tshimologong ya tshupo e.

13 E ne e dirilwe ka fa sebopegog sa bolao, jo bo ntseng jaaka jo boneng bo le mo gare ga Bakalatea, mme e ne e le fa pele ga medimo ya ga Elekena, Libena, Mahamakara, Korashe, mme le gone modimo o o tshwanang le oo wa ga Faro, kgosi ya Egepeto.

14 Gore lo ka tlhaloganya medimo e, ke lo neetse popego ya yone mo setshwantshong kwa tshimologong, mokgwa o wa ditshwantsho o bidiwa Rahalenose ke Bakalatea, e e kayang ditshwantsho tse di dirisitsweng mo mekwalong ya bogologolo ya Egepeto.

15 Mme jaaka ba ne ba ntsholeletsa diatla, gore ba ka ntsha le go tlosa botshelo jwa me, bonang, ke ne ka tsholeletsa lentswe la me kwa go Morena Modimo wa me, mme Morena a reetsa mme a utlwa, mme a ntlatsa ka pono ya Mothatayotlhe, mme moengele wa ponalo ya gagwe a ema fa go nna, mme ka bonako a bofolola dikgole tsa me;

16 Mme lentswe la gagwe le ne le le mo go nna: Aberahame, Aberahame, bona, leina la me ke Jehofa, mme ke go utlwile, mme ke tlile go go golola, le go go tlosa mo ntlong ya ga rraago, le mo masikeng otlhe a gago, go go isa kwa lefatsheng le sele le o sa itseng ka ga lone;

17 Mme se ka ntlha ya gore ba faposeditse dipelo tsa bone kgakala le nna, go obamela modimo wa ga Elekena, le modimo wa ga Libena, le modimo wa ga Mahamakara, le modimo wa ga Korashe, le modimo wa ga Faro, kgosi ya Egepeto; ke gone ka mo ke fologeletse go balekola, le go nyeletsa ene yo o go tsholeleditseng seatla, Aberahame, morwaaka, go tlosa botshelo jwa gago.

18 Bona, ke tlaa go goga ka seatla sa me, mme ke tlaa go tsaya, go baya leina la me mo go wena, e bong Boperesiti jwa ga rraago, mme thata ya me e tlaa go okama.

19 Jaaka go ne go ntse ka Noa go tlaa nna jalo ka wena; mme ka tirelo ya gago leina la me le tlaa itsege mo lefatsheng ka bosenang bokhutlo, gonne ke Modimo wa gago.

20 Bonang, Thaba ya Potifare e ne e le mo lefatsheng la Ura, wa Bakalatea. Mme Morena a thubaganya aletara ya ga Elekena, le ya medimo ya lefatshe, mme a e senya gotlhelelele, le go itaya moperesiti gore a bo a swe; mme gone go le khutsafalo e kgolo mo Kalatea, mme le gone mo kgotleng ya ga Faro; Faro yo a kayang kgosi ka madi a bogosi.

21 Jaanong kgosi e ya Egepeto e ne e le kokomana e e tswang mo mathekeng a ga Hamo, e bile e le motlhakanedi wa losika lwa Bakanana ka letsalo.

22 Go tswa mo losikeng lo ga tswa Baegepeto botlhe, mme jaana losika lwa Bakanana lo ne lwa dibelwa mo lefatsheng.

23 Lefatshe la Egepeto le bonwe pele ke mosadi, yo e neng e le morwadie Hamo, le morwadie Egepetose, mo ka puo ya Sekalatea go kayang Egepeto, mo go kayang seo se se iditsweng;

24 Fa mosadi yo a bona lefatshe le ne le le ka fa tlase ga metsi, yo moragonyana a agisitse barwa ba gagwe mo go lone; mme jaana, go tswa mo go Hamo, ga tswa lotso leo le le dibetseng phutso mo lefatsheng.

25 Jaanong goromente wa ntlha wa Egepeto o tlhomamisitswe ke Faro, morwa Egepetose wa ntlha, morwadie Hamo, mme e ne e le ka fa mokgweng wa goromente wa ga Hamo, o e neng e le wa bopatiriaka.

26 Faro, ka e ne e le monna wa mosiami, a tlhomamisa bogosi jwa gagwe mme a atlhola batho ba gagwe ka botlhale le tshiamo malatsi otlhe a gagwe, a batla ka tlhwaafalo go etsa thulaganyo e e tlhomamisitsweng ke borara mo ditshikeng tsa ntlha, mo malatsing a go busa ga ntlha ga bopatiriaka, le e leng mo go buseng ga ga Atamo, mme le gone ga ga Noa, rraagwe, yo a mo segofaditseng ka ditshegofatso tsa lefatshe, le ka ditshegofatso tsa tlhalefo, mme a mo hutsitse mabapi le Boperesiti.

27 Jaanong, Faro ka e ne e le wa losika loo le ka lone a neng a ka seka a nna le tshwanelo ya Boperesiti, le fa gontse jalo Bofaro ba ne ba rata go tsaya tshwanelo ya jone mo go Noa, ka Hamo, ke gone ka mo rre o ne a gogelwa ke go obamela medimo ya disetwa ga bone;

28 Mme ke tlaa leka, morago ga fa, go kaya thulaganyo ya ditiragalo go simolola mo go nna go ya kwa tshimologong ya tlholego, gonne ditshupo di fitlhile mo diatleng tsa me, tse ke di tshegeditseng go fitlha nako eno.

29 Jaanong, morago ga moperesiti wa ga Elekena a sena go itewa gore a bo a swe, ga diragadiwa dilo tseo tse di neng di builwe mo go nna mabapi le lefatshe la Kalatea, gore go tlaa nna le leuba mo lefatsheng.

30 Fela jalo leuba la tswelela go ralala lefatshe lotlhe la Kalatea, mme rre o ne a utlwisiwabotlhoko thata ka ntlha ya leuba, mme a ikwatlhaela bosula jo a neng a bo ikaeletse kgatlhanong le nna, go tlosa botshelo jwa me.

31 Mme dipolelo tsa borre, e bong bapatiriaka, mabapi le tshwanelo ya Boperesiti, Morena Modimo a di dibela mo diatleng tsa me; ke gone ka moo kitso ya tshimologo ya tlholego, mme le gone ya dipolanete, le ya dinaledi, jaaka di ne di itsisitswe borre, ke di tshegeditse le e leng go fitlha mo letsatsing le, mme ke tlaa leka go kwala dingwe tsa dilo tse mo polelong e, go thusa kokomana ya me e e tlaa tlang morago ga me.

Gatisa