Scriptures
Aberahame 5


Kgaolo 5

Bomodimo ba wetsa togamaano ya Bone ya tlholego ya dilo tsotlhe—Ba diragatsa Tlholego go ya ka ditogamaano tsa Bone—Atamo o neela sebopiwa sengwe le sengwe se se tshedileng leina.

1 Mme jaana re tlaa wetsa magodimo le lefatshe, le masomosomo otlhe a one.

2 Mme Bomodimo ba raana mo gare ga bone ba re: Mo go la bosupa re tlaa wetsa tiro ya rona, e re gakololaneng go e dira; mme re tlaa itapolosa mo go la bosupa mo ditirong tsotlhe tsa rona tse re gakololaneng go di dira.

3 Mme Bomodimo ba swetsa mo go la bosupa, ka ntlha ya gore mo go la bosupa ba tlaa ikhutsa mo ditirong tsotlhe tsa bone tse bone (Bomodimo) ba gakololaneng go di dira mo gare ga bone go di bopa; mme ba le itshepisa. Mme jaana e ne e le maikaelelo a bone ka nako eo ba neng ba gakololana mo gare ga bone go bopa magodimo le lefatshe.

4 Mme Bomodimo ba fologela tlase mme ba dira ditshimologo tse tsa magodimo le tsa lefatshe, fa di ne di bopiwa mo letsatsing le Bomodimo ba bopileng lefatshe le magodimo,

5 Go ya ka tsotlhe tseo tse ba neng ba di buile mabapi le setlhare sengwe le sengwe sa naga pele ga se nna mo lefatsheng, le setlhatshana sengwe le sengwe sa naga pele fa se tlhoga; gonne Bomodimo ba ne ba sa nesa pula mo lefatsheng fa ba gakololana go di dira, mme ba ne ba sa dira motho go lema lefatshe.

6 Mme go ne ga tlhatloga mouwane mo lefatsheng, mme wa nosa mmu otlhe.

7 Mme Bomodimo ba bopa motho ka lorole la mmu, mme ba tsaya mowa wa gagwe (ke gore, mowa wa motho, mme ba o tsenya mo go ene; mme ba budulela mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe, mme motho a nna mowa o o tshedileng.

8 Mme Bomodimo ba tlhoma tshimo, ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi mo Etene, mme koo ba baya monna, yoo mowa wa gagwe ba neng ba o tsentse mo mmeleng o ba neng ba o bopile.

9 Mme Bomodimo ba medisa mo mmung setlhare sengwe le sengwe se se kgatlhang mo matlhong le se se molemo go jewa; setlhare sa botshelo le sone, mo gare ga tshimo, le setlhare sa kitso ya molemo le bosula.

10 Go ne go na le noka e e elelang go tswa mo Etene, go nosa tshimo, mme go tswa foo ya kgaogana mme ya nna maphatha a le mane.

11 Mme Bomodimo ba tsaya monna mme ba mmaya mo Tshimong ya Etene, go e baakanya le go e lebelela.

12 Mme Bomodimo ba laola monna, ba re: Setlhare sengwe le sengwe sa tshimo o ka se ja ka go rata,

13 Mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, o seka wa ja mo go sone; gonne mo nakong eo o jang mo go sone, o tlaa swa e le ruri. Jaanong Nna, Aberahame, ka bona gore e ne e le ka fa nakong ya Morena, e e neng e le ka fa nakong ya Kolobo; gonne Bomodimo ba ne ba santse ba ise ba laolele Atamo palo ya gagwe.

14 Mme Bomodimo ba re: A re dire thuso e e tshwanetseng monna, gonne ga go molemo gore monna a ka nna a le nosi, ke gone ka moo re tlaa mo direla thuso e e mo tshwanetseng.

15 Mme Bomodimo ba thulametsa Atamo ka thulametso e kgolo; mme a thulamela, mme ba ntsha logopo longwe la gagwe, mme ba kopanya nama mo boemong jwa lone;

16 Mme logopo le Bomodimo ba lo ntshitseng mo monneng, ba dira mosadi, mme ba mo isa ko monneng.

17 Mme Atamo a re: Se e ne e le lerapo la marapo ame, le nama ya nama ya me; jaanong o tlaa bidiwa Mosadi, ka ntlha ya gore o ntshitswe mo monneng;

18 Ke gone ka moo monna o tlaa tlogela rraagwe le mmaagwe, mme o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe, mme ba tlaa nna nama e le nngwefela.

19 Mme botlhe ba ne ba sa ikatega, monna le mosadi wa gagwe, mme ba ne ba sena ditlhong.

20 Mme Bomodimo ba bopa ka mmu phologolo nngwe le nngwe ya naga, le nonyane nngwe le nngwe ya loapi, mme ba di isa kwa go Atamo go bona ka fa a tlaa di bitsang maina ka gone; mme leina le Atamo a le biditseng sebopiwa sengwe le sengwe se se tshedileng, ya nna leina la sone.

21 Mme Atamo a raya dikgomo tsotlhe maina, le nonyane ya loapi, le phologolo nngwe le nngwe ya naga; mme ka ga Atamo, go ne ga bonwa thuso e e mo tshwanetseng.

Gatisa