2013
A Ke Ka Abelana Buka ya ga Momone?
Sedimonthole 2013


Banana

A Ke Ka Abelana Buka ya ga Momone?

Mokwadi o nna kwa Washington, USA.

Ka sebaka sa ngwaga wame wa ntlha kwa sekolong se segolwane, morutabana wame wa seminari o ne a re laletsa go fa ditsala tsa rona tse eseng maloko dikgatiso tsa Buka ya ga Momone. Le fa kene tota ke le ditlhong thata, ke ne ka amogela taletso eo.

Go ntsere malatsi ale mmalwa go aga bopelokgale, mme kgabagare ke ne ka kgona go fa tsala yame Britny buka ka nako dijo tsa motshegare mme ka fa bopaki jo bo khutshwane. Britny o ne a ntebogela buka.

Kwa bofelong jwa ngwaga ya sekolo, Britny o ne a fuduga, mme re ne ra tswelela ka go buisanya . O ne a mpolela ka sekolo sa gagwe se sesha le gore ditsala tsa gagwe tsotlhe fela ka bontsi ke maloko a Kereke, mme ga a ise a bue sepe sa semowa le bone.

Seo se ne sa fetoga pele ga ke ya kwa bodireding jwa kanamiso lefoko la modimo. Ke ne ka bona molaetsa gotswa kwa go Britny a re o na le dikgang tse di tona: gore o ya go kolobediwa, mme o batla go nteboga go bo ke le tsala ya gagwe mme ke beile sekai se se siameng.

Modimo o ne a tsaya mosimane wa dingwaga tse di 15 yo o ditlhong a sena maitemogelo ape a boanamisa efangele mme a mo kaela gore a abelane efangele le mongwe yo o a itsileng gore o tlaa e amogela. Ke itse gore ka go reetsa Moya, rotlhe re ka bona batho ba ba re dikologileng ba ba emetseng go ithuta ka efangele ya puseletso. Ke a itse gore fa re ka thusa go tlisa le tota motho ale mongwe go Morena, “go boipelo jo bogolo jang go [rona] le [ene] mo bogosing [jwa ga] Rara!” (D&D 18:15).

Gatisa