2013
Amogana bopaki jwa gago.
Sedimonthole 2013


Bana

Amogana bopaki jwa gago.

O ka abelana mpho ya efangele ka Keresemose ka go fa tsala kgotsa moagisanyi kgatiso ya Buka ya ga Momone ka bopaki jwa gago bo kwadilwe mo teng. Sala morago dikgato tse go ipaakanya:

  1. Mo pampiring, sega bokoso ya selekanyo sa di inchi dile 4½ x 6½ (11½ x 16½ cm) mme o nne le mogolo yo o go thusang go e sega.

  2. Tsenya setshwantsho sa gago— e ka tswa ele se o se tshwantshitseng kgotsa senepe— kwa godimo ga tsebe.

  3. Kwala bopaki jwa gago ka fa tlase ga setshwantsho seo.

  4. Letla mogolo go go thusa go kokometsa pampiri mo teng ga khafara ya Buka ya ga Momone.

Gatisa