2013
Balelwapa le Ditsala Go ya goile
Sedimonthole 2013


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Sedimonthole 2013

Balelwapa le Ditsala Go ya goile

Setshwantsho
Moporesidente Henry B. Eyring

Gongwe le gongwe ko o tshelang teng, o na le ditsala tseo di senkang boitumelo jo bogolo joo o bo boneng mo go tsheleng efangele ya puseletso ya ga Jeso Keresete. Ba kanna ba seke ba tlhalosa boitumelo jo ka mafoko, mme ba ka bo lemoga fa ba bo bona mo botshelong jwa gago. Batlaa nna podimatseba mo go ithuteng motswedi wa boitumelo joo, bogolo jang fa ba bona gore o lebaganye le diteko fela jaaka bone.

O ikutlwile o itumetse jaaka fa o ne o tshegetsa melao ya Modimo. Seo ke leungo la tsholofetso la go tshela efangele (bona Mosaeya 2:41). Ga o tshegetse melao ya Morena ka boikanyego go bonwa ke batho ba bangwe, mme bao ba ba lemogang boitumelo jwa gago ba abo ba baankanngwa ke Morena go utlwa dikgang tse di molemo tsa Puseletso ya efangele.

Masego a o a filweng a tlhodile maitlamo le ditshono tse di molemo mo botshelong jwa gago. Jaaka o le morutwana wa kgolagano ya ga Jeso Keresete, o tlamega go otlololela go ba bangwe tshono ya go fitlhelela boitumelo jo bo oketsegileng, bogolo jang go ditsala le maloko a lelwapa la gago.

Morena o bone tshono ya gago mme a tlhalosa maitlamo a gago ka molao o: “Go tla gore motho mongwe le mongwe yo o tlhagisitsweng gore a tlhagise moagisanyi ka ene” (D&D 88:81).

Morena o dira gore molao o o nne motlhofo go obamelwa ka phetogo eo e diragalang mo pelong ya gago jaaka o amogela le go tshela efangele ya ga Jeso Keresete. Ka maduo ao, lorato la gago go ba bangwe lea oketsega, ga mmogo le dikeletso tsa gago go bone gore ba nne le boitumelo jo o nnileng le maitemogelo jwa jone.

Nngwe ya sekai sa phetogo eo ke kafa o amogelang monyetla wa go thusa mo tirong ya Morena ya boanamisa tumelo. Baanamisa tumelo ba dinako tsotlhe, ba ithuta ka bofefo gore ba ka solofela, gotsweng mosokologing wa boammaaruri phetolo e e boruma ya kopo ya molalediwa. Mosokologi o nyoregela ditsala le maloko a lelwapa gore ba abelane mo boitumelong jwa gagwe.

Fa moeteledipele wa mmishene ya wate ya gago kgotsa baanamisa tumelo ba kopa maina a mongwe go ruta, ke tlaleletso e kgolo go wena. Ba itse gore ditsala di bone boitumelo jwa gago mme, ka jalo, ditsala tseo di baakanyeditswe go utlwa le go itlhophela go amogela efangele. Mme ba nna le netefatso ya gore o tlaa nna tsala eo ba tlaa e tlhokang jaaka fa ba tla mo bogosing.

Ga o tlhoke gore o boife gore o tlaa latlhegelwa ke ditsala ka go laletsa baanamisa tumelo go kopana le bone. Ke na le ditsala tse di neng tsa gana baanamisa tumelo mme bane ba nteboga mo dingwageng tsedi neng tsa feta go bo ke ne ka ba fa selo seo keneng ke itse fa se le botlhokwa go nna. O ka dira ditsala go ya goile ka go ba fa efangele, eo ba bonang e tlisitse boitumelo go wena. O seka wa fosa tshono ya go laletsa tsala le bogolo jang leloko la lelwapa go itlhophela go sala morago thulaganyo ya boitumelo.

Ga gona tshono ee kgolo ya tlaletso eo go na le mo ditempeleng tsa Kereke. Koo Morena O ka fa dikgolagano tsa pholoso go badimo ba rona bao ba ba neng ba sa di amogela mo botshelong jo. Ba leba tlase go wena ka lorato le tsholofelo. Morena o solofeditse gore ba tlaa nna le tshono ya go tla mo bogosing jwa Gagwe (bona D&D 137:7–8), mme O jwadile lorato go bone mo pelong ya gago.

Bontsi jwa lona bo utlwile boipelo mo dikgolaganong tsa tempele go ba bangwe, jaaka fela fa lo dira fa leefa maina a batho go baanamisa tumelo gore ba kopane nabo. Le utlwile boipelo jo bogolo fa le diragatsa dikgolagano go badimo ba lona. Go ne go senoletswe go Moporofiti Joseph Smith gore boitumelo jwa rona jwa bosakhutleng bo kgonega fela fa re naya badimo ba rona tsela go lesego leo ka go dira mo boemong jwa bone dikgolagano tsa tempele (bona D&D 128:18).

Nako ya Keresemose e fetolela dipelo tsa rona go Mmoloki le boipelo jo efangele ya Gagwe e bo tlisitseng. Re supa ditebogo go Ene thata fa re naya boitumelo joo go ba bangwe. Ditebogo di fetogela boipelong jaaka re naya maina go baanamisa tumelo le fa re isa maina a badimo ba rona kwa tempeleng. Sesupo seo sa ditebogo se ka dira ditsala le malwapa a rona go tshwara ka thata goya goile.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Moporesidente Eyring o tlhalosa gore re ka supa ditebogo tsa rona go Mmoloki ka go abelana efangele le ba bangwe. O ka buisanya le ba o ba rutang ka gore mpho ya efangele e ba segofaditse jang mo matshelong a bone. Akanyetsa go ba laletsa go rapelela go itse ba ba ka eletsang go ba abela mpho ya efangele le gore ba ka dira jang jalo.

Gatisa