2014
Thomo ya Selegodimo ya ga Jeso Keresete: Borotho jwa Botshelo
Diphalane 2014


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phalane 2014

Thomo ya Selegodimo ya ga Jeso Keresete: Borotho jwa Botshelo

Ka thapelo ithute tiriso e mme o batle go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya botshelo le thomo ya Mmoloki go ka oketsa jang tumelo ya gago mo go Ene le go segofatsa bao ba lebeletseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org.

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Jeso a re, “Ke nna borotho jo bo tshelang jo bo tswang kwa legodimong: fa motho mongwe a ja borotho jo, o tlaa tshela ka bosenang bokhutlo” (John 6:51). Jeso o re rutile, barutwana ba Gagwe, gore re tshwanetse go leba go Modimo letsatsi le letsatsi go borotho— thuso le tlamelo— e re tlhokang mo letsatsing leo,” ga bua Elder D. Todd Christofferson wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi. “Taletso ya Morena … e bua ka Modimo o lorato, yoo a itseng le go le gonnye, matlhoko a bana ba Gagwe tsatsi le letsatsi ebile a le tlhaga go ba thusa, ka bongwe ka bongwe. A re re ka kopa ka tumelo ya Yoo a neelang go batho botlhe ka tshosologo, ebile a sa gane sepe; mme go tlaa neelwa’ (James 1:5).”1 Jaaka fa re tlhaloganya gore Jeso Keresete o tlaa tlamela matlhoko a rona, re tlaa fetogela go ene go iketletso ya semowa.

Mogolwane Jeffrey R. Holland wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi o re laletsa “go tsenelela mo masaitsiweng a pele a barutwana ba ga Keresete yoo le ene a neng a eleditseng borotho jwa botshelo— bao ba sekang ba boela morago mme ba ba tlileng go Ene, ba nna le Ene, le bao ba lemogileng gore go tshireletso le pholoso ga gona ope yoo ba ka yang.2

Dikwalo tsa tumelo tse di tlaleletsang

John 6:32–35; Alma 5:34; 3 Nephi 20:3–8

Gotsweng Dikwalong tsa tumelo

Jeso Keresete o ne a ruta matshwititshwiti a batho a a fetang 4,000. Morago ga matsatsi a mararo, O ne a re go barutwana ba ga Gagwe: “Ke nale bopelotlhomogi mo matshwititshwiti a, ka ntlha ya gore…ga ba aja sepe:

“Mme fa ke ba busetsa kwa malapeng a bone ba ikitsa dijo, ba tlaa idibala mo tseleng. …

“Mme barutwana ba gagwe ba mo araba, Goo tswa ko kae motho a ka kgotsofatsa batho ba ka borotho fano mo nageng?

“Mme [Jeso] a ba botsa, Lona le dilofo tse kae? Mme ba re, Tse Supa.”

Jalo Keresete a tsaya dilofo tse supa, mme a neela malebogo, le go bo kgaoganya go barutwana ba gagwe go fa batho; …

“Mme ba ne ba nale ditlhapi tse dinnye: mme a di segofatsa, mme a ba laela gape go ba di fa.

“Jalo ba aja, mme ba siama: mme ba tsaya mafofora a dijo a a neng a setse mebanki e supa.” (Bona Mark 8:1–9.)

Dintlha

  1. D. Todd Christofferson, “Recognizing God’s Hand in Our Daily Blessings,” Liahona, Jan. 2012, 25.

  2. Jeffrey R. Holland, “He Hath Filled the Hungry with Good Things,” Liahona, Jan. 1998, 76.

Akanyetsa Se

Fa re tla kwa go Keresete, o re otla jang?

Gatisa