2014
Thapelo ya Motlapiso
Diphalane 2014


Bana

Thapelo ya Motlapiso

O itse jang seo se buang fa o rapela? O ka simolola dithapelo tsa gago ka gore, “Rara wa Legodimo,” mme o fetse ka gore, “Mo leineng la ga Jeso Keresete, amene.” Seo se buang fa gare ke ga gago, fela jaaka o itlhopela se se tsenang mo motlapisong.

Tshwantsha setshwantsho sa motlapiso, tlhopha dilo tse dintsi tse di farologanyeng tseo o di batlang mo motlapisong wa gago. Mo lengathong la nama kgotsa sepe se o se tsenyang mogare ga borotho, kwala selo sele sengwe se o batlang go rapela ka sone. O kgona gore “ke a leboga”go ditshegofatso, bua ka matshwenyo a gago, kopa ditshegofatso, kgotsa rapela ka dipotso.

O ka kgaola setshwantsho sa gago sa motlapiso. Se kgogetse mo kamoreng ya gago go go thusa go gakologelwa dilo tseo o ka di buang mo thapelong ya gago.

Gatisa