2014
Ipaakanye pele fa O Rapela
Diphalane 2014


Banana

Ipaakanye pele fa O Rapela

Moporesidente Eyring o re gakolola gore thapelo “puisanyo ya tsela tse pedi magareng ga Modimo le bana ba Gagwe.” Go tsaya nako go ipaakanyetsa dithapelo tsa rona go ka kgonisa puisanyo e ya tsela tse pedi. O ka dirisa jenale ya gago go tsaya metsotso e se kae go ipaakanyetsa go rapela tsatsi le letsatsi. O ka dira mola wa ditshegofatso tseo batlang go di lebogela Rara wa Legodimo, batho bao ba batlang dithapelo tsa gago, le dipotso tseo batlang di arabiwa. Jalo o laletse Moya ka go opela sefela kgotsa go bala ditemana tsa lekwalo la tumelo di se mmalwa. Jaaka fa o rapela, ela tlhoko ka fa Moya o o Boitshepo o go kaelang ka se o ka se buang, ebile o ele tlhoko maikutlo a gago le dikakanyo (bona D&C 8:2–3). Akanya ka go kwala maitemogelo a gago mo jenaleng ya gago le go lebelela dikarabo tseo o di amogetseng. O ka dirisa ditiragalo tse di mo tsebeng 95–97 ya Rera Efangele Yame: Kaedi go Tirelo ya Baanamisa Efangele go go thusa go sekaseka thapelo ya gago.

Gatisa