2016
Malwapa a Bosenang bokhutlo
Phatwe 2016


Bana

Malwapa a Bosenang bokhutlo

Ka ntlha ya Tefo ya ga Jeso Keresete le puseletso ya dilotlele tsa boperesiti, re ka tshela le malwapa a rona ka go senag bokhutlo! O ratang eng ka lelwapa la gago? Sala morago dikaelo tse go dira keetane ya pampiri go ipelela lelwapa la gago.

  1. Mena pampiri ka bogare gabedi gore o nne le e e telele e le nngwe.

  2. Tshwantsha motho le matsogo a otlologetse fa bofelelo jwa momeno.

  3. Kgaola le go ntsha motho. O seka wa kgaola fa matsogo a kgomang bofelelo jwa momeno.

  4. E phutholole. Kwala kgotsa o tshwantshe sengwe seo se ratang ka leloko lengwe le lengwe la lelwapa.

  5. Kgomaretsa keetane mmogo fa o na le lelwapa le le tona!

Gatisa