2016
Go tlamela Malwapa Mmogo
Phatwe 2016


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phatwe 2016

Go Tlamela Malwapa Mmogo

Ka thapelo ithute tiriso e mme o batle go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya “The Family: A Proclamation to the World” go ka godisa tumelo yame mo Modimong jang le go segofatsa bao o ba tlhokometseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org.

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Monna le mosadi ba na le maikarabelo a a tlhwaafetseng go ratana le go tlhokomelana go akaretsa le bana ba bone.1 “Lelwapa le tshwanetse go nna ntlwana ya tshekatsheko ya lorato le tirelo ya Modimo,” ga bua Moporesidente Russell M. Nelson, Moporesidente wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome Le Bobedi

“ Rara wa rona wa Legodimo o batla banna le basadi go nna boikanyego mongwe go yo mongwe le go tsaana le go tsaya bana ba bone jaaka boswa go tswa go Morena.”2

Mo Bukeng ya ga Momone, Jakobe o ne a re lorato le banna ba nang na lo go basadi ba bone, lorato le basadi ba nang na lo go banna ba bone, le lorato le botlhe ba nang na lo go bana e ne e le nngwe ya mabaka a go bo Balamanaetse ba ne ka nako nngwe ba siame go feta Banifaetse (see Jacob 3:7).

Tsela nngwe e e botoka thata ya go laletsa lorato le kagiso mo malwapeng a rona ke ka go bua mo go siameng go maloko a lelwapa la rona. Go bua mo go siameng go tlisa Moya o o Boitshepo. Kgaitsadi Linda K. Burton, Moporesidente wa kakaretso wa Mokgatlho wa thuso, o ne a re kopa go akanya: “Ke ga kae re ikeelela ‘go buisana mafoko a a siameng’?”3

Dikwalo tse di boitshepo tse di tlaleletsang

Romans 12:10; Mosiah 4:15; Doctrine and Covenants 25:5

Dipolelo tse di Tshelang

Mogolwane D. Todd Christofferson wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi o abelane maitemogelo a bonana a a tlogetseng botlhokwa jwa lelwapa le le ratanang. Fa ene le bakaulengwe ba gagwe e sa le basimane, maabone o ne a nna le loaro le le botlhokwa la kankere le le dirileng gore go nne botlhoko go dirisa letsogo la gagwe la moja. Ka lewapa la basimane, go ne go tlhokega go gatisa diaparo mo gontsi, mme fa mmaagwe a gatisa, kgapetsa kgapetsa o ne a ema mme a ye ko ntlwaneng ya borobalo go lela go fitlha botlhoko bo fokotsega.

Fa rraagwe Mogolwane Christofferson a lemoga se se neng se diragala, ka bongwefela a tlodisa go paka go fitlha go ya ngwageng go boloka madi a a lekaneng go reka moshine o o dirileng go gatisa motlhofo. Ka lorato go mosadi wa gagwe, o ne a nna sekao sa go tlamela mo lelwapeng go basimane ba gagwe. Go tirisanyo e e rileng, Mogolwane Christofferson a re, “Ke ne ke sa itse setlhabelo sa ga rre le go dira ka lorato go mme ka nako eo, mme gonne jaanong ke a itse, Ke a re go nna, ‘Se ke monna.’”4

Dintlha

  1. “The Family: A Proclamation to the World,” Liahona, Nov. 2010, 129.

  2. Russell M. Nelson, “Salvation and Exaltation,” Liahona, May 2008, 8.

  3. Linda K. Burton, “We’ll Ascend Together,” Liahona, May 2015, 31.

  4. D. Todd Christofferson, “Let Us Be Men,” Liahona, Nov. 2006, 46.

Akanyetsa Se

Go rata le go tlhokomela mongwe ka o mongwe go laletsa jang Moya mo malwapeng a rona?

Gatisa