2016
Go Abelana Boitumelo jwa Bosakhutleng
Phatwe 2016


Banana

Go Abelana Boitumelo jwa Bosakhutleng

Nngwe ya dilo tse di botoka thata tsa efangele ke kitso ya thulaganyo ya pholoso. Re na le sebaka se se kgatlhisang go na le lelwapa la rona ka bosakhutleng. Kitso e o e re thusa go nna le tsholofelo nako le nako re utlwa re fekeediwa ke lefatshe. Moporesidente Eyring o ruta, “Rara wa rona yo o re ratang wa Legodimo o itse dipelo tsa rona. Maikaelelo a Gagwe ke go re neela boitumelo (bona 2 Nephi 2:25). Mme jalo o neela mpho ya Morwa wa Gagwe go kgonisa boitumelo jwa tshwaragano ya lelwapa e e tswelelang ka go senang bokhutlo. … Ke tshono ya gore ngwana mongwe le mongwe wa Modimo yo o tlang mo lefatsheng o ka amogea.”

Tshegofatso e e akaretsa bao ba rona re tshela jaanong le bao ba ba tlhokafetseng—mme fela ka thuso ya rona. Badimo ba rona ba mo lefatsheng la mowa jaanong, ba re emetse go baakanya maina a bone go dira ditlhomo tsa tempele mo boemong jwa bone. Mme nako tse dingwe go ka nna thata go ba direla tiro. Re ka bo re tshwere ka natla, kgotsa re ka bo re nna kgakala le tempele go tsamaya kgapetsa kgapetsa.

Ka lesego, go na le ditsela dingwe tse re ka thusang badimo ba rona, jaaka ka go dira tiro ya ditso tsa lelwapa, go intekesa, kgotsa go sala le ngwana fa batsadi ba rona ba ya tempeleng. Ka go thusa, re direla Morena le go tlisa tsholofeo ya malwapa a bosakhutleng go bao ba leng ko letlhakoreng le lengwe la sesiro.

Gatisa