2016
Tsholofelo ya Lorato la Lelwapa la Bosakhutleng
Phatwe 2016


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phatwe 2016

Tsholofelo ya Lorato la Lelwapa la Bosakhutleng

Go tsotlhe dimpho tsa Rara wa rona yo lorato wa Legodimo a di neetse bana ba Gagwe, e kgolo bogolo ke ya botshelo jo bosakhutleng (bona D&C 14:7). Mpho eo ke ya go tshela mo boleng teng jwa Modimo Rara le Morwa wa Gagwe o Rategang mo malwapeng ka go senang bokhutlo. Fela kwa go jo bo kwa godimodimo jwa magosi a Modimo, selesetiale, go tlaa tswelela lorato la tshwaragano la botshelo jwa lelwapa.

Rotlhe fela re solofela boitumelo jwa go tshela mo loratong lwa malwapa. Go bangwe ba rona, ke maikutlo a re iseng re a itemogele—maikutlo a re itseng a ka kgonega mme re ise re a lemoge. Re ka tswa re a bone mo matshelong a ba bangwe go ba bangwe ba rona, lorato la lelwapa le lebega le tlhwaafetse e bile le lentle fa loso le re kgaoganya go tswa go ngwana, mosadi, monna, mokaulengwe, kgaitsadie, kgotsa botsadi jo bo ratang e bile bo ratiwa.

Rotlhe re ikutlwa tsholofelo ya gore letsatsi lengwe re ka nna le maikutlo gape a bothitho a botsalano jwa leloko la lelwapa re mo ratileng thata mme jaanong re eletsa go mo tlamparela gape.

Rara wa rona yo o re ratang wa Legodimo o itse dipelo tsa rona. Maikaelelo a Gagwe ke go re neela boitumelo (bona 2 Nephi 2:25). Mme jalo o neetse mpho ya Morwa wa Gagwe go kgonisa boitumelo jwa tshwaragano ya lelwapa e e tswelelang ka go senang bokhutlo. Gonne Mmoloki o kgaotse dibofo tsa loso, re tlaa tsoga mo baswing. Gonne o lefetse dibe tsa rona, re ka kgona, ka tumelo ya rona le boikotlhao, ra itekanela go bogosi jwa selesetiale, koo malwapa a tshwaragangwang mmogo mo loratong la go senang bokhutlo.

Mmoloki o rometse Moporofiti Elija go Joseph Smith go buseletsa dilotlele tsa boperesiti (bona D&C 110). Ka dilotlele tseo ga tla thata ya go kana, a fa mpho ya Modimo e kgolo bogolo go bana ba Gagwe—botshelo jo bosakhutleng mo malwapeng ka tshwaraganyo mmogo ya go senang bokhutlo.

Ke tshono ya gore ngwana mongwe le mongwe wa Modimo yo a tlang mo lefatsheng a ka e amogelang. Bongwe mo borararong jwa mewa ya bana ba Gagwe e ganne tshono ya Gagwe mo lefatsheng la mewa. Mo go tlhokeng tumelo e e lekaneng e bile jalo ka tsuologo e e mo phatlhalatseng, ba itlhophela go se kitla ba itse boitumelo jwa mpho ya Rara wa Legodimo ya malwapa a bosakhutleng.

Go bao ba rona ba re pasitseng teko e botlhokwa mo lefatsheng la mewa e e sa sweng e bile re kgonne go amogela mpho ya mebele e e swang, tswetso e kgolo ya botshelo jo bosakhutleng ke ya rona go e dira. Fa re segofaditswe go bona efangele e e buseleditsweng, re ka itlhophela go dira le go tshegetsa dikgolagano le Modimo tse di re letlelelang go ya botshelong jo bosakhutleng. Jaaka fa re itshokela boikanyego, Moya o o Boitshepo o tlaa tlhomamisa tsholofelo ya rona le thokgamo gore re mo tseleng ya botshelo jo bosakhutleng, go tshela mo malwapeng ka go senang bokhutlo mo bogosing jwa selesetiale.

Go bangwe, boitumelo joo jwa bosakhutleng bo ka lebega bo bonyelela kgotsa le eleng bo sa bo na le go fa tsholofelo. Batsadi, Bana, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka tswa ba dirile ditshwetso tse di lebegang di sa ba kgonise go nna le botshelo jo bosakhutleng. O ka tshwenyega gore a mme tota le gone o lekane ka Tefo ya ga Jeso Keresete.

Moporofiti wa Modimo o kile a mpha kgakololo e e neetseng kagiso. Ke ne ke tshwenyegile gore a ditshwetso tsa ba bangwe di ka dira gore go se kgonege gore lelwapa la rona le se nne mmogo ka go senang bokhutlo. O ne a re, “O tshwenyegile ka mathata a e seng o ne. O tshwanetse go tshela o itekaneletse bogosi jwa selesetiale, e bile thulaganyo ya lelwapa e tlaa nna e e namatsang go feta jaaka o ka akanya.”

Go botlhe bao maitemogelo a bone kgotsa bao manyalo le bana—kgotsa a seong ka gone—a tsisang moruti mo godimo ga ditsholofelo tsa bone, Ke fa bopaki jwa me: Rara wa Legodimo o itse le go ba rata jaaka e le bana ba Gagwe ba mowa. Fa o ne o na le Ene le Morwa wa Gagwe o o Rategang pele ga botshelo jo, Ba beile mo pelong ya gago tsholofelo e o nang le yone ya botshelo jo bosakhutleng. Ka thata ya Tefo ya ga Jeso Keresete e dira le ka Moya o o boitshepo o kaela, o ka ikutlwa jaanong e bile o tlaa ikutlwa mo lefatsheng le le tlang lorato la lelwapa ka fa Rara le Morwa wa Gagwe o o Rategang ba batlang o le amogelang.

Ke fa bopaki gore jaaka fa o tshela mo go itekaneletse bogosi jwa selesetiale, tsholofetso a seporofiti a gore “thulaganyo ya lelwapa e tlaa nna e e namatsang go feta jaaka o ka akanya” e tlaa nna ya gago.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Akanya ka go simolola ka go bolelela bao o ba rutang ka nako fa o ne o itumelela tsholofelo ya malwapa a bosakhutleng. Ba laletse go tlhatlhanya ka nako ya fa ba utlwa malebogo a malwapa a bosakutleng. Ba botse gore a ba ka rata go abelana O ka ba laletsa go akanya ka ditselana tsa go tlhabolola le go tshela mo go itekaneletseng thata bogosi jwa selesetiale gore tsholofetso ya seporofiti ya “dithulaganyo tsa lelwapa … e tlaa nna e e namatsang go feta jaaka o ka akanya” e ka nna ya bone.

Gatisa