Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 131


Tsetlana 131

Dkaelo ka Moperofeti Joseph Smith, tse di senotsweng kwa Ramus, Illinois, Motsheganong 16 le di 17, 1843.

1–4, Lenyalo la selesetiale le botlhokwa mo kgalalelong ya bosakhutleng mo legodimo le le kwa godimodimo; 5–6, Ka fa batho ba kanelwang ka teng mo botshelong jo bo sa khutleng go a tlhalosiwa; 7–8, Mewa yotlhe ke dibopiwa.

1 Mo kgalalelong ya selesetiale go na le magodimo a mararo kgotsa dilekanyo;

2 Mme gore o amogela e e kwa godimodimo, motho o tshwanetse go tsena mo go thulaganyo e ya boperesiti [go tewa kgolagano e ntšha le e e sakhutleng ya lenyalo];

3 Mme fa a sa dire jalo, ga a kake a e amogela.

4 O ka tsena mo go e nngwe, mme seo ke bokhutlo jwa bogosi jwa gagwe; ga a kake a nna le koketsego.

5 (Motsheganong 17 1843.) Lefoko la perofeso le le rurifaditsweng bogolo le kaya gore motho a itse gore o kanetswe mo botshelo jo bo sa khutleng, ka tshenolo le Mowa wa perofeso, ka thata ya Boperesiti jo bo Boitshepo.

6 Go retetse gore motho a bolokwe mo botlhokakitsong.

7 Ga gona selo seo jaaka sebopiwa sa selo. Mowa otlhe ke sebopiwa, mme o siame tota kgotsa o itshekile, mme o ka lemogiwa fela ka matlho a itshekileng;

8 Ga re kake ra o bona; mme fa mebele ya rona e itshekisitswe re tlaa bona gore otlhe ke sedirisiwa.