Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 31


Tsetlana 31

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith mo go Thomas B. Marsh, Lwetse 1830. Lobaka e ne e le morago fela go latela khonferense ya Kereke (bona setlhogo sa tsetlana 30). Thomas B. Marsh o ne a kolobeditswe go sa le pele mo kgweding mme o ne a tlhomilwe mogolwane mo Kerekeng pele ga tshenolo e e neelwa.

1–6, Thomas B. Marsh o biditswe go rera efangele mme o solofetswa tlhogonolofalo ya ba lolwapa la gagwe; 7–13, O gakololwa go nna pelotelele, go rapela ka metlha, le go sala morago Mogomotsi.

1 Thomas, morwaaka, o sego ka ntlha ya tumelo ya gago mo tirong ya me.

2 Bona, o nnile le dipogisego tse dintsi ka ntlha ya lolwapa la gago; le fa go ntse jalo, ke tlaa go segofatsa le lolwapa lwa gago, ee, bana ba gago; mme letsatsi le e tla leo ba tlaa dumelang le go itse boammaaruri le go nna bangwefela le wena mo kerekeng ya me.

3 Tsholetsa pelo ya gago mme o itumele, gonne oura ya thomo ya gago e fitlhile; mme loleme lwa gago lo tlaa hunologa, mme o tlaa bolela mafoko a a molemo a boitumelo jo bogolo mo tshikeng e.

4 O tlaa bolela dilo tse di senoletsweng motlhanka wa me Joseph Smith, Jun. O tlaa simolola go rera go tloga fano, ee, go roba mo tshimong e e setseng e le tshweu go fisiwa.

5 Ke gone ka moo, latlhela sekele ya gago ka mowa wa gago otlhe, mme dibe tsa gago o di itshwaretswe, mme o tlaa beleswa dingata mo mokwatleng wa gago, gonne modiri o tshwanetswe ke tuelo ya gagwe. Ke gone ba lolwapa la gago ba tlaa tshela.

6 Bona, ammaaruri ke a go raya, ba tlogele fela ka nakonyana, mme o bolele lefoko la me, mme ke tlaa ba baakanyetsa bonno.

7 Ee, ke tlaa bula dipelo tsa batho, mme ba tlaa go amogela. Mme ke tlaa tlhomamisa kereke ka seatla sa gago;

8 Mme o tlaa ba nonotsha le go ba baakanyetsa nako e ba tlaa bong ba phuthiwa.

9 Nna pelotelele mo dipogisegong, se kgale bao ba go kgalang. Laola ntlo ya gago ka bonolo, mme o tlhomame.

10 Bona, ke a go raya gore o tlaa nna ngaka mo kerekeng, mme e seng mo lefatsheng, gonne ga ba kitla ba go amogela.

11 Yang gongwe le gongwe kwa ke go ratang, mme o tlaa neelwa ka Mogomotsi se o tlaa se dirang le kwa o tlaa yang teng.

12 Rapela ka metlha, e sere kgotsa wa tsena mo thaelong mme wa latlhegelwa ke tuelo ya gago.

13 O ikanyege go ya bokhutlong, mme bona, ke na le wena. Mafoko ao ga se a motho le fa e le a batho, mme ke ame, e bong Jeso Keresete, Morekolodi wa gago, ka thato ya ga Rara. Amene.