Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 30


Tsetlana 30

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith mo go David Whitmer, Peter Whitmer Jr., le John Whitmer, kwa Fayette, New York, Lwetse 1830, morago ga malatsi a mararo a khonferense kwa Fayette, mme pele ga bagolwane ba Kereke ba kgaogana. Kwa tshimologong diteng tse di ne di anamisitswe jaaka ditshenolo tse tharo; di ne tsa kopanngwa go nna tsetlana e le nngwe ke Moperofeti ka thanolo ya 1835 ya Dithuto le Dikgolagano.

1–4, David Whitmer o otlhaelwa go palelwa ke go dira ka tlhaga; 5–8, Peter Whitmer Jr. o tshwanetse go pata Oliver Cowdery mo thomong ya efangele kwa Balamaneng; 9–11, John Whitmer o bilediwa go rera efangele.

1 Bona, Ke a go raya, David, gore o boifile motho mme wa seka wa ikaega mo go nna go go neela nonofo jaaka o tshwanetse.

2 Mme tlhaloganyo ya gago e ne e le mo dilong tsa lefatshe go feta mo dilong tsa me, Modiri wa gago, le tirelo e o biditsweng mo go yone; mme ga o a tlhokomela Mowa wa me, le bao ba ba neng ba go okametse, mme o tlhotlheleditswe ke bao ba ke sa ba laelang.

3 Ke gone, o tlogeletswe go ipoletsa mo seatleng sa me, le go tlhatlhanya ka dilo tse o di amogetseng.

4 Mme bonno jwa gago bo tlaa nna kwa ntlong ya ga rraago, go fitlha ke go fa ditaelo tse dingwe. Mme o tlaa tlhokomela tirelo mo kereke, le fa pele ga lefatshe, le mo dikgaolong tse di mo tikologong. Amene.

5 Bona, ke a go raya, Peter, gore o tseye loeto lwa gago le mokaulengwe wa gago Oliver, gonne nako e tlile e mo go yone go tshwanetseng mo go nna gore o bule molomo wa gago go bolela efangele ya me; ke gone ka moo, se boife, mme o tlhokomele mafoko le dikgakololo tsa mokaulengwe wa gago, tse a tlaa di go neelang.

6 Mme o pitlagane mo dipogisegong tsotlhe tsa gagwe, ka metlha o tsholeletsa pelo ya gago kwa go nna ka thapelo le tumelo, ka kgololo ya gagwe le ya gago; gonne ke mo neetse thata go aga kereke ya me mo gare ga Balamane;

7 Mme ga go ope yo ke mo tlhomileng go nna mogakolodi mo godimo ga gagwe mo kerekeng, mabapi le dilo tsa kereke, fa e se fela mokaulengwe wa gagwe, Joseph Smith, Jun.

8 Ke gone, tlhokomela dilo tse mme o nne tlhaga mo go tshegetseng ditaelo tsa me, mme o tlaa segofadiwa ka botshelo jo bo sa khutleng. Amene.

9 Bona, Ke a go raya, motlhanka wa me John, gore o tlaa simolola go tswa mo nakong e go bolela efangele ya me, jaaka e kete ka tumo ya porompeta.

10 Mme tiro ya gago e tlaa nna kwa ga mokaulengwe wa gago Philip Burroughs, le mo kgaolong eo e e mo tikologong, ee, gotlhe kwa o ka utlwiwang teng, go fitlha Ke go laela go tswa fa.

11 Mme tiro ya gago yotlhe e tlaa nna mo Sione, ka Mowa wa gago otlhe, go tloga fa; ee, o tlaa bula molomo wa gago ka metlha ka ntlha ya me, o sa boife se motho a ka se dirang, gonne ke na le wena. Amene.