Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 68


Tsetlana 68

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Hiram, Ohio, Ngwanatsele 1, 1831, mo phetolong ya thapelo gore tlhaloganyo ya Morena e itsisiwe mabapi le Orson Hyde, Luke S. Johnson, Lyman E. Johnson, and William E. McLellin. E ntswa bontlha bongwe jwa tshenolo e bone bo lebagantswe le banna bano ba bane, bontsi jwa diteng e ne e le tsa Kereke ka bophara. Tshenolo e e atolositswe ka fa tlase ga taelo ya ga Joseph Smith fa e ne e anamisiwa mo thulaganyong ya 1835 ya Dithuto le Dikgolagano.

1–5, Mafoko a bagolwane fa ba tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo ke dikwalo tse di boitshepo; 6–12, Bagolwane ba tshwanetse go rera mme ba kolobetse, mme ditshupo di tlaa sala morago badumedi ba boammaaruri; 13–24, Motsalwapele mo gare ga barwa Arone o ka direla jaaka Bishopo yo o Okametseng (ke gore, o tshegetsa dilotlele tsa boporesidente jaaka bishopo) ka fa tlase ga taelo ya Boporesidente jwa Ntlha; 25–28, Batsadi ba laelwa go ruta bana ba bone efangele; 29–35, Baitshepi ba tshwanetse go tlhokomela Sabata, ba dire ka tlhwaafalo, mme ba rapela.

1 Motlhanka wa me, Orson Hyde, o biditswe ka tlhomamiso ya gagwe go bolela efangele e e sa khutleng, ka Mowa wa Modimo yo o tshedileng, go tswa bathong go ya bathong ba bangwe, le go tswa lefatshe go ya lefatsheng le lengwe, mo diphuthegong tsa baikepi, mo disenagogeng tsa bone, a akantshana le bone mme a atolosa dikwalo tsotlhe tse di boitshepo mo go bone.

2 Mme, lebang, mme bonang, se ke sekao mo go botllhe bao ba ba tlhomilweng mo boperesiti jo, bao thomo ya bone ba e laoletsweng go tswela pele—

3 Mme se ke sekao mo go bone, gore ba tle ba bue jaaka ba tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo.

4 Mme sengwe le sengwe se ba tlaa se buang fa ba tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo e tlaa nna dikwalo tse di boitshepo, e tlaa nna thato ya Modimo, e tlaa nna tlhaloganyo ya Modimo, e tlaa nna lefoko la Morena, e tlaa nna lentswe la Morena, le thata ya Modimo go isa polokong.

5 Bonang, se ke tsholofetso ya Morena mo go lona, Ao! lona batlhanka ba me.

6 Ke gone, nametsegang, mme lo se boife, gonne Nna Morena ke na le lona, mme ke tlaa ema le lona; mme lo tlaa supa tshupo ya me, e bong Jeso Keresete, gore Ke Morwa Modimo yo o tshedileng, gore Ke Yo o ne a ntse a le teng, gore Ke Yo o teng, Le gore Ke Yo o tla tlang.

7 Se ke lefoko la Morena mo go wena, motlhanka wa me Orson Hyde, mme le gone mo go motlhanka wa me Luke Johnson, le mo go motlhanka wa me Lyman Johnson, le mo go motlhanka wa me William E. McLellin, le mo go botlhe bagolwane ba ba boikanyego ba kereke ya me—

8 Tsamayang mo lefatsheng lotlhe, lo rerele dibopiwa tsotlhe efangele, mme lo dire ka taolo e Ke lo e neetseng, mme lo kolobetse mo leineng la Rara, le la Morwa, le la Mowa o o Boitshepo.

9 Mme yo o dumelang a bo a kolobediwa o tlaa bolokwa, mme yo o sa dumeleng o tlaa sekesiwa.

10 Mme yo o dumelang o tlaa segofadiwa ka ditshupo tse di dihanang natso, fela jaaka go kwadilwe.

11 Mme mo go lona go tlaa neelwa go itse ditshupo tsa metlha, le ditshupo tsa go tla ga Morwa Motho;

12 Mme ka ga ba le bantsi ba Rara a tlaa supang tshupo ka bone, mo go lona go tlaa neelwa thata go ba kanela mo botshelong jo bo sa khutleng. Amene.

13 Mme jaanong, mabapi le dikgang tse di tlaleletsang dikgolagano le ditaelo, tsone ke tse—

14 Go setse morago ga fa, mo nakong e e tshwanetseng ya Morena, gore bobishopo ba bangwe ba lomololelwe kereke, go direla fela jaaka ba pele;

15 Ke gone ba tlaa nna baperesiti ba bagolo ba ba tshwanetseng, mme ba tlaa tlhomiwa ke Boporesidente jwa Ntlha jwa Boperesiti jwa ga Melekiseteke, fa e se fela e le ba tshika tota ya ga Arone.

16 Mme fa e le ba tshika tota ya ga Arone ba na le tshwanelo ka fa molaong mo bobishopong, fa e le batsalwapele mo gare ga barwa ba ga Arone;

17 Gonne motsalwapele o na le tshwanelo ya boporesidente mo boperesiting jo, le dilotlele kgotsa taolo ya jone.

18 Ga go monna yo o nang le tshwanelo ka fa molaong mo ofising e, go tshwara dilotlele tsa boperesiti jo, fa e se fela e le tshika tota le motsalwapele wa ga Arone.

19 Mme jaaka moperesiti yo mogolo wa Boperesiti jwa ga Melekiseteke a na le taolo go direla mo diofising tsotlhe tse dinnye, o ka direla mo ofising ya bishopo fa tshika tota ya ga Arone e sa bonwe, fa go ka nna gore a bidiwe mme a lomololwe a bo a tlhomiwa mo thateng e, ka fa tlase ga diatla tsa Boporesidente jwa Ntlha jwa Boperesiti jwa ga Melekiseteke.

20 Mme tshika tota ya ga Arone, le yone, e tshwanetse go tlhomiwa ke Boporesidente jo, e bile e bonwe e tshwanetse, mme e tloditswe, e bile e tlhomiwe ka fa tlase ga diatla tsa Boporesidente jo, fa go sa nna jalo ga ba a laolwa ka fa molaong go direla mo boperesiting jwa bone.

21 Mme, ka bomolemo jwa tao mabapi le tshwanelo ya bone ya boperesiti go tswa go rre go ya go morwa, ba ka amogela tlotso ya bone fa ka nako nngwe le nngwe fela ba ka supa matsalo a bone, kgotsa a rurifadiwa ka tshenolo ya Morena ka fa tlase ga diatla tsa Boporesidente jo bo boletsweng.

22 Mme gape, ga gona bishopo ope kgotsa moporesiti yo mogolo yo o tlaa lomololelwang tirelo e yo o tlaa atlholelwang kgotsa a sekisediwa tlolo molao epe, fa e se fela fa pele ga Boporesidente jwa Ntlha jwa kereke;

23 Mme e re ka a bonwa a le molato fa pele ga Boporesidente jo, ka bopaki jo bo sa kakeng jwa latofadiwa, o tlaa sekisiwa;

24 Mme fa a ikwatlhaya o tlaa itshwarelwa, go ya ka dikgolagano le ditaelo tsa kereke.

25 Mme gape, e re ka batsadi ba na le bana mo Sione, kgotsa mo go epe ya dimapo tsa yone tse di rulagantsweng, ba ba sa ba ruteng go tlhaloganya thuto ya boikwatlhao, tumelo mo go Keresete Morwa Modimo yo o tshedileng, le ya kolobetso le neo ya Mowa o o Boitshepo ka peo ya diatla, fa ba le dingwaga tse di ferang bobedi, a sebe se nne mo ditlhogong tsa batsadi ba bone.

26 Gonne se e tlaa nna molao mo banning ba Sione, kgotsa mo go epe ya dimapo tsa yone tse di rulagantsweng.

27 Mme bana ba bone ba kolobelediwe boitshwarelo jwa dibe tsa bone fa ba le dingwaga tse di ferang bobedi, mme ba amogele go bewa diatla.

28 Mme le gone ba tlaa ruta bana ba bone go rapela, le go tsamaya ka tlhokgamo fa pele ga Morena.

29 Mme banni ba Sione le gone ba tlaa tlhokomela letsatsi la Sabata go le itshepisa.

30 Mme banni ba Sione le gone ba tlaa gakologelwa ditiro tsa bone, e re ka ba tlhomilwe go dira, mo boikanyegong jotlhe; gonne setshwakga se tlaa gakologelwa fa pele ga Morena.

31 Jaanong, Nna, Morena, ga ke a itumela thata ka banni ba Sione, gonne go na le ditshwakga mo gare ga bone; mme bana ba bone le gone ba golela mo boikepong; le bone ga ba senke ka tlhwaafalo mahumo a bosakhutleng, mme matlho a bone a tletse ka bopelotshetlha.

32 Dilo tse ga di a tshwanela go nna jalo, mme di tshwanetswe go tlosiwa mo gare ga lona; ke gone, a motlhanka wa me Oliver Cowdery a ise mafoko a kwa lefatsheng la Sione.

33 Mme taelo ke a ba e neela—gore yo o sa tlhokomeleng dithapelo tsa gagwe fa pele ga Morena mo metlheng ya tsone, a a gakologelwe fa pele ga baatlhodi ba batho ba me.

34 Ditaelo tse di boammaaruri le boikanyego; ke gone, se ditloleng, le fa e le go ntshamo go tsone.

35 Bonang, Ke nna Alefa le Omega, mme Ke tla ka bofefo. Amene.