Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 6


Tsetlana 6

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith le Oliver Cowdery, kwa Harmony, Pennsylvania, Moranang 1829. Oliver Cowdery o simolotse tiro ya gagwe jaaka mokwadi mo thanolong ya Buka ya ga Momone, Moranang 7, 1829. O ne a setse a amogetse ponatshegelo ya selegodimo ya boammaaruri jwa bopaki jwa Moperofeti mabapi le dipapetlana tse mo go tsone go neng go gatisitswe tshupo ya Buka ya ga Momone. Moperofeti o ne a botsa Morena ka Urime le Thumime mme a amogela phetolo e.

1–6, Badiri mo tshimong ya Morena ba amogela poloko; 7–13, Ga go na neo e kgolo go feta neo ya poloko; 14–27, Bosupi jwa boammaaruri bo tla ka thata ya Mowa; 28–37, Leba kwa go Keresete, mme o dire molemo ka gale.

1 Tiro e kgolo e e gakgamatsang e tloga e tla mo gare ga bana ba batho.

2 Bonang, ke Modimo; tlhokomelang lefoko la me, le le tshelang mme le le thata, le le bogale go feta tšhaka e e magale mabedi, mo go kgaoganyeng ditokololo le moko; ke gone ka moo tlhokomelang mafoko ame.

3 Bonang, tshimo e setse e le tsweu go robiwa, ke gone ka moo, le fa e le mang yo o eletsang go roba, a a latlhele sekele ya gagwe ka maatla a gagwe, mme a robe fa letsatsi le sale teng, gore a ka bolokela mowa wa gagwe poloko e e sa khutleng mo bogosing jwa Modimo.

4 Ee, le fa e le mang yo o tlaa latlhelang sekele ya gagwe mme a robe, e ne yoo o biditswe mo Modimong.

5 Ke gone ka moo, fa o kopa mo go nna o tlaa amogela; fa o kokota o tlaa bulelwa.

6 Jaanong, jaaka o kopile, bona, ke a go raya, tshegetsa ditaelo tsa me, mme o batle go tlisa le go tlhomamisa ntlha ya Sione;

7 Se batle mahumo mme tlhalefo, mme bona, masaitseweng a Modimo o tlaa a phuthololelwa, mme ke gone o tlaa humisiwa. Bona, ene yo o nang le botshelo jo bo sa khutleng o humile.

8 Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, fela jaaka o eleditse mo go nna jalo go tlaa dirwa mo go wena; mme fa o eletsa, o tlaa nna sedirisiwa sa go dira molemo o mogolo mo tshikeng e.

9 Se bue sepe fa e se boikotlhao mo tshikeng e; tshegetsa ditaelo tsa me, mme o thuse go tlisa tiro ya me, go ya ka ditaelo tsa me, mme o tlaa segofadiwa.

10 Bona o na le neo, mme o sego ka ntlha ya neo ya gago. Gakologelwa gore e boitshepo mme e tswa kwa godimo—

11 Mme fa o ka botsisisa, o tlaa itse masaitsiweng a magolo e bile a gakgamatsa; ke gone ka moo o tlaa dirisa neo ya gago, gore o ka bona masaitsiweng, gore o ka tlisa bontsi mo kitsong ya boammaaruri, ee, go ba lemotsha phoso ya ditsela tsa bone.

12 Se dire gore neo ya gago e itsiwe ke bape fa e se e le bao ba e leng ba tumelo ya gago. O seka wa tshameka ka dilo tse di boitshepo.

13 Fa o ka dira molemo, ee, mme o tswelela ka boikanyego go ya bokhutlong, o tlaa bolokwa mo bogosing jwa Modimo, e e leng kgolo bogolo ya dineo tsotlhe tsa Modimo; gonne ga go na neo epe e e fetang neo ya poloko ka bogolo.

14 Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, o sego ka ntlha ya se o se dirileng; gonne o botsisitse mo go nna, mme bona, gantsi jaaka o botsisitse o amogetse taelo ka Mowa wa me. Fa go ne go sa nna jalo, o ka bo o sa tla mo lefelong le o leng mo go lone ka nako e.

15 Bona, o itse gore o botsisitse mo go nna mme ka sedifatsa tlhaloganyo ya gago; mme jaanong ke go bolelela dilo tse gore o ka itse gore o sedifaditswe ka Mowa wa boammaaruri;

16 Ee, ke a go bolelela, gore o ka itse gore ga go ope o sele fa e se Modimo yo o itseng dikakanyo tsa gago le maikaelelo a pelo ya gago.

17 Ke go bolelela dilo tse jaaka bosupi mo go wena—gore mafoko kgotsa tiro e o ntseng o e kwala e boammaaruri.

18 Ke gone ka moo nna tlhaga; ema le motlhanka wa me Joseph, ka boikanyego, mo diemong dingwe le dingwe tse di thata tse a ka nnang mo go tsone ka ntlha ya lefoko.

19 Mo gakolole mo diphosong tsa gagwe, mme le gone o amogele kgakololo mo go ene. Nna pelotelele; ikgaphe; nna tekano, nna le bopelotelele, tumelo, tsholofelo le lorato.

20 Bona, o Oliver, mme ke buile le wena ka ntlha ya dikeletso tsa gago, ke gone ka moo boloka mafoko a mo pelong ya gago. O nne boikanyego le tlhaga mo go tshegetseng ditaelo tsa Modimo, mme ke tlaa go dikaganyetsa mo matsogong ame a lorato.

21 Bona, Ke Jeso Keresete, Morwa Modimo. Ke ene yoo yo ke neng ka tla mo go bagaetsho, mme bagaetsho ba seka ba nkamogela. Ke nna lesedi le le phatsimang mo lefifing, mme lefifi ga le le tlhaloganye.

22 Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, fa o eletsa bosupi jo bongwe, busetsa mogopolo wa gago mo bosigong jo o neng wa lelela mo go nna mo pelong ya gago, gore o tle o itse mabapi le boammaaruri jwa dilo tse.

23 A ga ke a bua kagiso mo tlhaloganyong ya gago mabapi le dilo tse? Ke bosupi bofe jo bogolo jo o ka nnang le jone go na le jo bo tswang kwa Modimong?

24 Mme jaanong, bona, o amogetse bosupi; gonne fa ke go boleletse dilo tse motho ope a sa di itseng a ga o a amogela bosupi?

25 Mme, bona, ke go naya neo, fa o eletsa mo go nna, go ranola, fela jaaka motlhanka wa me Joseph.

26 Ammaaruri, ammaaruri, Ke a go raya, gore go na le ditshupo tse di nang le bogolo jwa efangele ya me, tse di ntseng di beetswe morago ka ntlha ya boikepo jwa batho;

27 Mme jaanong ke a go laola, gore fa o na le dikeletso tse di molemo—keletso ya go ipeela matlotlo mo legodimong—ke gone o tlaa thusang mo go tliseng mo leseding, ka neo ya gago, dikarolo tseo tsa dikwalo tse di boitshepo tse di ntseng di fitlhilwe ka ntlha ya boikepo.

28 Mme jaanong, bona, ke a go neela, mme le ene motlhanka wa me Joseph, dilotlele tsa neo e, tse di tlaa tlisang mo leseding tirelo e; mme ka melomo ya basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo lefoko lengwe le lengwe le tlaa tlhomamisiwa.

29 Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, fa ba gana mafoko ame, le karolo e ya efangele ya me le tirelo, o sego, gonne ga ba ka ke ba tlhola ba dira mo go wena go feta mo go nna.

30 Mme le fa ba ka dira mo go wena le e leng jaaka ba dirile mo go nna, o sego, gonne o tlaa nna le nna mo kgalalelong.

31 Mme fa ba ka seka bagana mafoko ame, a a tlaa tlhomamisiwang ka bopaki jo bo tlaa neelwang, ba sego, mme ke gone o tlaa nna le boitumelo mo leungong la ditiro tsa gago.

32 Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, jaaka ke buile mo barutwaneng ba me, kwa ba le babedi kgotsa ba le bararo ba phuthegileng teng mo leineng la me, ka ga selo sele sengwe, bona, koo Ke tlaa nna teng mo gare ga bone—fela jalo ke mo gare ga lona.

33 Se boifeng go dira molemo, barwaake, gonne le fa e le eng se lo se jwalang, seo le gone lo tlaa se roba; ke gone ka moo, fa lo jwala molemo lo tlaa roba molemo e le tuelo ya lona.

34 Ke gone ka moo, se boifeng, letsomanyane; dirang molemo; a lefatshe le molete di le kopanele, gonne fa lo agilwe mo lefikeng la me, ga di ka ke tsa fenya.

35 Bonang, ga ke lo sekise; tsamayang mme lo seka lwa tlhola lo leofa; dirang ka boikgapho tiro e ke lo e laetseng.

36 Lebang kwa go nna mo kakanyong nngwe le nngwe; lo se belaele, lo se boife.

37 Bonang dintho tse di tlhabileng letlhakore la me, le mabadi a dipekere mo diatleng tsa me le dikgato, nnang boikanyego, tshegetsang ditaelo tsa me, mme lo tlaa rua boswa jwa bogosi jwa legodimo. Amene.