Tsetlana 104
Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, Moranang 23, 1834, mabapi le United Firm. (bona ditlhogo tsa ditsetlana 78 le 82). Lobaka e ne e ka tswa e le la phuthego ya lekgotla la maloko a United Firm, e e neng e buisana ka matlhoko a tshoganetso a Kereke. Phuthego ya go sale gale ya madirelo ka Moranang 10 e ne ya swetswa ka gore mokgatlho o emisiwe. Tshenolo e e kaela gore madirelo mo boemong a rulagangwe gape; dithoto di ne di tshwanetse go kgaoganngwa maloko a madirelo jaaka ditebalebelo tsa bone. Ka fa tlase ga kaelo ya ga Joseph Smith, tselana “United Firm” morago ya emelwa ke “United Order” mo tshenolong.
1–10, Baitshepi ba ba leofang kgatlhanong le thulaganyo e e kopanetsweng ba tlaa hutsiwa; 11–16, Morena o tlamela Baitshepi ba Gagwe ka tsela ya Gagwe; 17–18, Molao wa Efangele o laela gore bahumanegi ba tlhokomelwe jang; 19–46, Ditebalebelo le ditshegofatso tsa bakaulengwe ba ba farologanyeng di a supiwa; 47–53, Thulaganyo e e kopanetsweng mo Kirtland le thulaganyo mo Sione di dire di kgaogane; 54–66, Mabolokelo a a boitshepo a Morena a a tlhomamisiwa go gatisa dikwalo tse di boitshepo; 67–77, Mabolokelo ka karetso a thulaganyo e e kopanetsweng a dire ka tirisanyo ya molao wa kutlwisiso; 78–86, Bao botlhe ba ba leng mo thulaganyong e e kopanetsweng ba tshwanetse go duela dikoloto tsa bone, mme Morena o tlaa ba golola mo botshwarweng jwa bone jwa tsa madi.
1 Ammaaruri Ke a lo raya, ditsala tsa me, Ke lo neela kgakololo, le taelo, mabapi le dithoto tsotlhe tse e leng tsa thulaganyo e Ke laetseng gore e rulaganngwe le go tlhomamisiwa, go nna thulaganyo ya e e kopanetsweng, e bile e le thulaganyo ya bo sa khutleng go thusa kereke ya me, le ya poloko ya batho go fitlha Ke tla—
2 Ka tsholofetso e e sa kakeng ya fetoga le e e sa fetogeng, gore e re ka bao ba Ke ba laetseng ba ne ba le boikanyego ba tlaa segofadiwa ka ntsifalo ya ditshegofatso;
3 Mme e re ka ba ne ba se boikanyego ba ne ba le gaufi le go hutsiwa.
4 Ke gone ka moo, e re ka bangwe ba batlhanka ba me ba sa tshegetsa taelo, mme ba robile kgolagano ka bopelotshetlha, le ka mafoko a maaka, Ke ba hutsitse ka phutso e e botlhoko thata le e e setlhogo.
5 Gonne Nna, Morena, ke laotse mo pelong ya me, gore e re ka motho ope o e leng wa thulaganyo a fitlhelwa e le mo tlodi, kgotsa, ka mafoko a mangwe, a ka roba kgolagano e lo bofilweng ka yone, o tlaa hutsiwa mo botshelong jwa gagwe, mme o tlaa gatakiwa Ke yo ke ratang;
6 Gonne Nna, Morena, ga ke a tla go sotlwa mo dilong tse—
7 Mme tsotlhe tse gore ba ba senang molato mo gare ga lona ba ka se atlholwe le basiamologi; le gore ba ba molato mo gare ga lona ba ka se falole; gonne Nna, Morena, ke lo solofeditse serwalo sa kgalalelo mo seatleng sa me sa moja.
8 Ke gone ka moo, e re ka lo fitlhelwa lo le batlola molao, ga lo ka ke lwa falola kgalefo ya me mo matshelong a lona.
9 E re ka lo kgaolelwa tlolo, ga lo ka ke lwa falola dikiteo tsa ga Satane go fitlha letsatsi la thekololo.
10 Mme jaanong ke lo neela thata go tswa mo go yone oura e, gore fa motho ope mo gare ga lona, wa thulaganyo, a fitlhelwa e le motlola molao mme a sa ikwatlhaele bosula, gore lo mo neele mo dikiteong tsa ga Satane; mme ga a kitla a nna le thata go tlisa bosula mo go lona.
11 Ke tlhalefo mo go nna; ke gone ka moo, Ke lo neela taelo, gore lo ithulaganye le go tlhoma motho mongwe le mongwe mo tebelong ya gagwe;
12 Gore motho mongwe le mongwe a ka neela polelo mo go nna ya tebelo e e tlhomilweng mo go ene.
13 Gonne go tshwanetse gore Nna, Morena, ke dire gore motho mongwe le mongwe a nne le maikarabelo, jaaka molebedi mo ditshegofatsong tsa lefatshe, tse Ke di dirileng le go di baakanyetsa dibopiwa tsa me.
14 Nna, Morena, ke thapolotse magodimo, mme ka aga lefatshe, tiro tota ya diatla tsa me; mme dilo tsotlhe tse di mo go lone ke tsa me.
15 Mme ke boikaelelo jwa me go tlamela baitshepi ba me, gonne dilo tsotlhe ke tsa me.
16 Mme go tshwanetse go dirwa ka tsela ya me; e bile bonang e ke tsela e Nna, Morena, ke e laotseng go tlamela baitshepi ba me, gore bahumanegi ba godisiwe, mo go se bahumi ba ngotliwe.
17 Gonne lefatshe le tletse, mme go na le mo go lekanyeng le mo go salang; ee, Ke baakantse dilo tsotlhe, mme ke neetse go bana ba batho go nna baikgethedi.
18 Ke gone ka moo, fa motho mongwe a tsaya mo letlotlong le Ke le dirileng, mme a sa abele kabelo ya gagwe, go ya ka molao wa efangele, bahumanegi le batlhoki, o tlaa tsholetsa matlho a gagwe a le mo moleteng, le baikepi, a le mo tlhokofatsong.
19 Mme jaanong, ammaaruri Ke a lo raya, mabapi le dithoto tsa thulaganyo—
20 A motlhanka wa me Sidney Rigdon a itlhomele bonno jo a nnang mo go jone, le setsha sa go sugela matlalo go nna tebatebelo ya gagwe, go itlamela fa a santse a direla mo tshimong ya me ya mofine, fela jaaka e le thato ya me, mogang Ke tlaa mo laolang.
21 Mme a dilo tsotlhe di dirwe go ya ka kgakololano ya thulaganyo, le kutlwisisano e e tshwaraganetsweng kgotsa lentswe la thulaganyo, e e nnang mo lefatsheng la Kirtland.
22 Mme tebatebelo e le tshegofatso, Nna, Morena, ke di tlhoma mo go motlhanka wa me Sidney Ridgon jaaka tshegofatso mo go ene, le kokomane ya gagwe morago ga gagwe;
23 Mme Ke tlaa ntsifatsa ditshegofatso mo go ene, e re ka a tlaa ikokobetsa fa pele ga me.
24 Mme gape, a motlhanka wa me Martin Harris a itlhomele, go nna tebatebelo ya gagwe, setsha sa lefatshe le motlhaka wa me John Johnson a se amogetseng fa a neelana boswa jwa gagwe jwa pele, jwa gagwe le jwa peo morago ga gagwe;
25 Mme fela fa a le boikanyego, Ke tlaa ntsifatsa ditshegofatso mo go ene le peo ya gagwe morago ga gagwe.
26 A motlhanka wa me Martin Harris a neele madi a gagwe go bolela mafoko ame, go ya jaaka motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., a tlaa mo kaela.
27 Mme gape, a motlhanka wa me Frederick G. Williams a nne le bonno jo a nnang mo go jone jaanong.
28 Mme a motlhanka wa me Oliver Cowdery a nne le setsha se se bapileng le ntlo, se e tlaa nnang ofisi ya kgatiso, se e leng setsha sa ntlha, le gone setsha se rraagwe a nna kwa go sone.
29 Mme a motlhanka wa me Frederick G. Williams le Oliver Cowdery ba nne le ofisi ya kgatiso le sengwe le sengwe se e leng sa yone.
30 Mme se e tlaa nna tebatebelo ya bone e ba tlaa e laolelwang.
31 Mme e re ka jaaka baikanyega, bonang Ke tlaa ba segofatsa, mme ke ntsifatse ditshegofatso mo go bone.
32 Mme se ke tshimologo ya tebatebelo e Ke e tlhomileng mo go bone, ya bone le peo ya bone morago ga bone.
33 Mme, e re ka ba le boikanyego, Ke tlaa ntsifatsa ditshegofatso mo go bone le peo ya bone morago ga bone, e bong ntsifatso ya ditshegofatso.
34 Mme gape, a motlhanka wa me John Johnson a nne le ntlo e a nnang mo go yone, le boswa, tsotlhe fela fa e se sebata se se beetsweng go aga matlo ame, a e leng a boswa joo, le ditsha tseo di biditsweng ka motlhanka wa me Oliver Cowdery.
35 Mme e re ka a le boikanyego, Ke tlaa ntsifatsa ditshegofatso mo go ene.
36 Mme ke thato ya me gore o tshwanetse go rekisa ditsha tse di segetsweng go aga toropo ya baitshepi ba me, jaaka a tlaa itsisiwe ka lentswe la Mowa, le go ya ka kgakololo ya thulaganyo, le ka lentswe la thulaganyo.
37 E bile se ke tshimologo ya tebatebelo e Ke e tlhomileng mo go ene, ya tshegofatso go ene le peo ya gagwe morago ga gagwe.
38 Mme e re ka a le boikanyego, Ke tlaa ntsifatsa ntsifatso ya ditshegofatso mo go ene.
39 Mme gape, a motlhanka wa me Newel K. Whitney a itaolele matlo le setsha se jaanong a nna mo go sone, le setsha le kago e madirelo a thekisetso a le mo go yone, mme le gone setsha se se mo kgokgotsho e e mo borwa jwa madirelo a thekisetso, mme le gone setsha se go dirwang magala se leng teng.
40 Mme tsotlhe tse Ke di tlhomile mo motlhankeng wa me Newel K. Whitney go nna tebatebelo ya gagwe, e le tshegofatso mo go ene le peo ya gagwe morago ga gagwe, ka ga tlhokomelesego ya madirelo a thekisetso a thulaganyo ya me e ke e tlhomamiseditseng lomapo lwa me mo lefatsheng la Kirtland.
41 Ee, ammaaruri, se ke tebatebelo e Ke e tlhomileng mo motlhankeng wa me N. K. Whitney, e bong madirelo a thekisetso otlhe, ene le moemedi wa gagwe, le peo ya gagwe morago ga gagwe.
42 Mme e re ka a le boikanyego mo go tshegetseng ditaelo tsa me, tse Ke di mo neetseng, Ke tlaa ntsifasa ditshegofatso mo go ene le peo ya gagwe morago ga gagwe, e bong ntsifalo ya ditshegofatso.
43 Mme gape, a motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., a itaolele setsha se se segetsweng go aga ntlo ya me, se se boleele jwa thobane tse di masome a bone le bophara jwa lesome le bobedi, mme le jone boswa jo mo go bone rraagwe a nnang teng;
44 Mme se ke tshimologo ya tebatebelo e ke e tlhomileng mo go ene, go nna tshegofatso mo go ene, le mo go rraagwe.
45 Gonne bonang, Ke beetse rraagwe boswa, go mo tlamela; ke gone ka moo o tlaa balelwa mo ntlong ya motlhanka wa me Joseph Smith, Jun.
46 Mme Ke tlaa ntsifatsa ditshegofatso mo ntlong ya motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., e re ka a le boikanyego, e bong ntsifatso ya ditshegofatso.
47 Mme jaanong, Ke lo neela taelo mabapi le Sione, gore ga lo kitla le tlhola lo itlama jaaka thulaganyo ya tshwaragano go bakaulengwe ba lona ba Sione, fela mo tlhalefong e—
48 Morago ga le sena go rulaganngwa, lo tlaa bidiwa Thulaganyo ya Tshwaragano ya Lomapo la Sione, toropo ya Kirtland. Mme bakaulengwe ba lona, morago ga ba sena go rulaganngwa, ba tlaa bidiwa Thulaganyo ya Tshwaragano ya Toropo ya Sione.
49 Mme ba tlaa rulaganngwa mo maineng a bone, mme mo leineng la bone; mme ba tlaa dira tiro tsa bone mo leineng la bone, le mo maineng a bone;
50 Mme o tlaa dira tiro ya gago mo leineng la gago, le mo maineng a lona.
51 Mme se ke se laoletse go direlwa poloko ya lona, mme le gone poloko ya bone, ka di tlamoragong tsa go lelekiwa ga bone le tseo tse di tlaa tlang.
52 Dikgolagano tse di robiwang ka tlolo molao, ka pelotshetlha le mafoko a maaka—
53 Ke gone ka moo, lo phatlhaladiwa jaaka thulaganyo ya tshwaragano le bakaulengwe ba lona, gore ga lo a tlamiwa fela go fitlha mo oureng e mo go bone, fela mo tlhalefong e, jaaka Ke buile, ka kadimo jaaka go tlaa dumalwana ke thulaganyo e mo lekgotleng, jaaka diemo tsa lona di tla letla le lentswe la lekgotla le kaela.
54 Mme gape, taelo Ke a lo e neela mabapi le tebatebelo ya lona e Ke e tlhomileng mo go lona.
55 Bonang, dithoto tse tsotlhe ke tsa me, kgotsa e seng jalo tumelo ya lona ke lefela, mme lo fitlhetswe lo le baitimokanyi, e bile dikgolagano tse lo di ntiretseng di robegile;
56 Mme fa dithoto e le tsa me, ke gone lo balebedi; fa go sa nna jalo ga lo balebedi.
57 Mme, ammaaruri Ke a lo raya, Ke lo tlhomile go nna balebedi mo ntlong ya me, e bong balebedi e le ruri.
58 Mme ka boikaelelo jo Ke lo laetse gore lo ithulaganye, le e leng go gatisa mafoko ame, botlalo jwa dikwalo tsa me tse di boitshepo, ditshenolo tse Ke lo di neetseng, le tse Ke tlaa lo di neelang nako le nako, morago ga fa—
59 Ka boikaelelo jwa go aga kereke ya me le bogosi mo lefatsheng, le go baakanyetsa batho ba me nako e Ke tlaa nnang le bone, e e atametseng.
60 Mme lo tlaa ipaakanyetsa lefelo la mabolokelo, mme lo le tshwaele leina la me.
61 Mme lo tlaa tlhoma mongwe mo gare ga lona go tshegetsa mabolokelo, mme o tlaa tlhomiwa mo tshegofatsong e.
62 Mme go tlaa nna le sekano mo godimo ga mabolokelo, mme dilo tsotlhe tse di boitshepo di tlaa bewa mo mabolokelong; mme motho ope mo gare ga lona a seka a a bitsa a gagwe, kgotsa bontlhabongwe jwa one, gonne a tlaa nna a lona lotlhe ka bongwefela jwa pelo.
63 Mme Ke lo e neela go tswa mo go yone oura e; mme bonang gore, lo a tsamaya le go dirisa tebatebelo e Ke e tlhomileng mo go lona, fa e se fela dilo tse di itshepileng, ka maikaelelo a go gatisa dilo tse di itshepileng jaaka Ke buile.
64 Mme dipoelo tsa dilo tse di boitshepo di tlaa bewa mo mabolokelong, mme sekano se tlaa nna mo godimo ga one; mme ga di kitla di dirisiwa kgotsa di tsewa ke ope go tswa mo mabolokelong, le fa e le sekano go repisiwa se se tlaa bewang mo go tsone, fa e se fela ka lentswe la thulaganyo, kgotsa ka taelo.
65 Mme jaana lo tlaa dibela dipoelo tsa dilo tse di boitshepo mo mabolokelong, ka maikaelelo a a itshepileng le a a boitshepo.
66 Mme se se tlaa bidiwa mabolokelo a a itshepileng a Morena; mme sekano se tlaa bewa mo godimo gore di ka nna boitshepo le go tshwaelwa go Morena.
67 Mme gape, go tlaa nna le a mangwe mabolokelo a a baakantsweng, mme motshwara madi a tlhomilwe go tlhokomela mabolokelo, mme sekano se tlaa bewa mo go one.
68 Mme madi otlhe a lo a amogelang mo tebelong ya gago, ka go tlhabolola dithoto tse Ke di lo laoletseng, mo matlong, kgotsa mo mafatsheng, kgotsa mo dikgomong, kgotsa mo dilong tsotlhe fa e se fela mekwalo e e boitshepo le e e itshepileng, tse Ke di ipeetseng ka maikaelelo a a boitshepo le a a itshepileng, di tlaa latlhelwa mo mabolokelong ka bofefo jaaka lo amogela madi, ka makgolo, kgotsa ka masome a matlhano, kgotsa ka masome a mabedi, kgotsa ka masome, kgotsa ka botlhano.
69 Kgotsa ka mafoko a mangwe, fa motho mongwe mo gare ga lona a amogela di dolara tse tlhano a a di latlhele mo mabolokelong; kgotsa fa a amogela tse di lesome, kgotsa masome a mabedi, kgotsa masome a matlhano, kgotsa lekgolo, a a dire mo go ntseng fela jalo;
70 Mme a ope mo gare ga lona a sa re ke a gagwe; gonne ga a kitla a bidiwa a gagwe, kgotsa bontlhabongwe jwa one.
71 Mme a go se nne le bontlha bongwe jwa one jo bo tlaa dirisiwang, kgotsa go tsewa mo mabolokelong, fela ka lentswe le molao o o tlhakanetsweng wa kutlwisiso ya thulaganyo.
72 Mme se e tlaa nna lentswe le kutlwisiso e e tlhakanetsweng ya thulaganyo—gore motho ope mo gare ga lona a reye motshwara madi: Ke tlhoka se go nthusa mo tebatebelong ya me—
73 Fa e le di dolara tse tlhano, kgotsa fa e le di dolara tse di lesome, kgotsa masome a mabedi, kgotsa masome a matlhano, kgotsa lekgolo, motshwara madi o tlaa mo neela tshobokano ya mo a go tlhokang go mo thusa mo tebatebelong ya gagwe—
74 Go fitlha a ba a fitlhelwa e le mo tlola molao, mme go bonatshega fa pele ga lekgotla la thulaganyo sentle gore ke yo o sa ikanyegeng le yo o seng molebedi yo o botlhale.
75 Mme fela fa a le mo botsalanong jo bo tletseng, e bile a le boikanyego mme a le botlhale mo tebatebelong ya gagwe, se e tlaa nna sekao sa gagwe mo motshwara mading gore motshwara madi ga a kitla a gana.
76 Mme fa go ka diragala tlolo molao, motshwara madi o tlaa nna ka fa tlase ga taolo ya lekgotla le lentswe la thulaganyo.
77 Mme fa go ka diragala motshwara madi a fitlhelwa a se boikanyego e bile e le molebedi yo o seng botlhale, o tla a nna ka fa tlase ga taolo ya lekgotla le lentswe la thulaganyo, mme o tlaa ntshiwa mo lefelong la gagwe, mme yo mongwe o tlaa tlhomiwa mo boemong jwa gagwe.
78 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, mabapi le dikoloto tsa lona—bonang ke thato ya me gore lo duele dikoloto tsotlhe tsa lona.
79 E bile ke thato ya me gore lo tlaa ikokobetsa fa pele ga me, mme lo amogele tshegofatso e ka tlhwaafalo le boikokobetso le ka thapelo ya tumelo.
80 Mme e re ka lo le tlhaga le boikokobetso, mme lo dirisa thapelo ya tumelo, bonang, Ke tlaa nolofatsa dipelo tsa bao le ba kolotang, go fitlha Ke romela mokgwa mo go lona wa go le golola.
81 Ke gone ka moo kwalelang ka pela kwa New York mme lo kwale go ya ka seo se tlaa kaelwang ke Mowa wa me; mme Ke tlaa nolofatsa dipelo tsa bao le ba kolotang, gore se tlosiwe mo ditlhaloganyong tsa bone go tlisa pogisego mo go lona.
82 Mme e re ka lo le boikokobetso le boikanyego mme lo bitsa leina la me, bonang, Ke tlaa lo neela phenyo.
83 Ke lo neela tsholofetso, gore lo tlaa gololwa gangwefela mo botshwarong jwa lona.
84 E re ka lo bona lobaka la go adima madi ka makgolo, kgotsa dikete, e bong go fitlha lo adima mo go lekaneng go le golola mo botshwarong, ke tshiamelo ya lona.
85 Mme lo neele dithoto tse Ke di tsentseng mo diatleng tsa lona, gangwefela, ka go neela maina a lona ka molao wa kutlwisiso o o tlhakanetsweng kgotsa ka go sele, jaaka go lebega go le molemo mo go lona.
86 Ke lo neela sebaka se, gangwefela; mme bonang, fa lo tswelela lo dira dilo tse ke lo di beile fa pele, go ya ka ditaelo tsa me, dilo tse tsotlhe ke tsa me, mme lo balebedi ba me, e bile Morena ga a kitla a leseletsa ntlo ya gagwe go thubiwa. Fela jalo Amene.