Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 122


Tsetlana 122

Lefoko la Morena go Moperofeti Joseph Smith, fa a ne a le legolegwa kwa kgolegelong ya Liberty, Missouri, Tsetlana e ke bontlha bongwe go tswa mo lokwalong go Kereke letsatsi la Mopitlo 20, 1839 bona setlhogo sa tsetlana 121).

1–4, Dikhutlo tsa lefatshe di tlaa botsa ka leina la ga Joseph Smith; 5–7, Dipoitshego tsotlhe tsa gagwe le ditlhabi di tlaa mo neela maitemogelo e bile di nne molemo go ene; 8–9, Morwa Motho o ile kwa tlase ga tsone tsotlhe.

1 Dikhutlo tsa lefatshe di tlaa botsisisa ka leina la gago, mme dieleele di tlaa go sotla, mme molete o tlaa shakgala kgatlhanong le wena;

2 Fa ba ba itshekile mo pelong, le ba ba botlhale, le batlotlegi, le ba ba molemo, ba tlaa batla kgakololo, le taolo, le ditshegofatso ka gale mo go wena.

3 Mme batho ba gago ga ba kitla ba fetogela ka bopaki jwa batsietsi.

4 Mme le ntswa thotloetso ya bone e tlaa go tsenya mo mathateng, le mo kgolegelong, o tlaa tlotliwa; mme fa e se ka nakwana le lentswe la gago le tlaa boitshega thata mo gare ga baba ba gago go feta bogale jwa tau, ka ntlha ya tshiamo ya gago; e bile Modimo wa gago o tlaa ema le wena ka go senang bokhutlo.

5 Fa o bidiwa go feta ka patiko; fa o le mo pitlaganong mo gare ga bakaulengwe ba maferefere; fa o le mo dipoitshegong mo gare ga magodu; fa o le mo dipoitshegong mo lefatsheng kgotsa lewatle;

6 Fa o bewa molato ka otlhe mokgwa wa pateletso; fa baba wa gago ba go wela; fa ba go ntsha mo kamanong ya ga rraago le mmaago le bakaulengwe le bokgaitsadio; mme fa ka tšhaka e e somotsweng baba ba gago ba go ntsha mo sehubeng sa mosadi wa gago, le sa bana ba gago, mme ngwana wa gago yo motona, le ntswa a le dingwaga tse thataro, a tlaa ingaparela ka diaparo tsa gago, mme a re, Rre, rre, ke eng o sa kake wa nna le rona? Ao!, rre, banna ba ya go dira eng ka wena? Mme ke gone fa a ka kgoromediwa go tswa mo go wena ka tshaka, mme wena o gogelwe kwa kgolegelong, mme baba ba gago ba tsamaya ba go tsoma jaaka diphiri di batla madi a kwana;

7 Mme fa o ka latlhelwa mo mosimeng, kgotsa mo diatleng tsa babolai, mme o atlholelwe loso; fa o ka latlhelwa mo boteng; fa makhubu a lewatle a batla go go bolaya; fa diphefo tse di bogale di nna mmaba wa gago; fa magodimo a phutha bontsho, mme otlhe mabopo a kopana go thiba tsela; mme godimo ga tsotlhe, fa tota le tsone ditlhaa tsa molete di atlhama thata di go batla, itse wena, morwaake, gore dilo tse tsotlhe di tlaa go neela maitemogelo, e bile di tlaa nna molemo mo go wena.

8 Morwa motho o fologetse kwa tlase ga tsone tsotlhe. A o mogolo go mo feta?

9 Ke gone ka moo, tshegetsa tsela ya gago, mme boperesiti bo tlaa nna mo go wena; gonne selekanyo sa tsone se beilwe, ga di ka ke tsa feta. Malatsi a gago a itsiwe, mme dingwaga tsa gago ga di ka ke tsa khutshwafadiwa; ke gone ka moo, se boife se motho a ka se dirang, gonne Modimo o tlaa nna le wena ka go senang bokhutlo.

Gatisa