Ditso tsa Church
“Rotlhe Re Baitshepi ba Malatsi a Bofelo”


“Rotlhe Re Baitshepi ba Malatsi a Bofelo,” Ditso tsa Lefatshe ka bophara: Zimbabwe (2022)

“Rotlhe Re Baitshepi ba Malatsi a Bofelo,” Ditso tsa Lefatshe ka bophara: Zimbabwe

“Rotlhe Re Baitshepi ba Malatsi a Bofelo”

Baitshepi ba Malatsi a Bofelo mo Borwa jwa Rhodesia ( e e nnileng Zimbabwe ka 1980) e ne e le bajaki ba Europa. Baanamisa Efangele ba Thomo ya Afrika Borwa ba ne ba dira kwa Rhodesia ka bokhutshwane ka 1930. Mme ba boa ka tlhwaafalo ka 1950. Hugh Hodgkiss o ne a kolobediwa ka Tlhakole 1950, mme a nna moeteledi-pele wa Lekala la Salisbury ka 1959.

Ka nako tsa bo 1960, Baitshepi ba Malatsi a Bofelo gantsi ba ne ba tsamaya dikgala tse di leele go phuthegela mo magaeng le mo diholong tse di rentilweng. Mo Bulawayo, maloko a Mokgatlho wa Thuso ba ne ba rekisa dikuku le ditiro tsa diatla kgwedi le kgwedi dingwaga go bona madi a a tlhokwang go duelela ntlo ya bokopano ya bone. Go sa le jalo, banana kwa Salisbury ba ne ba tshwara metshameko mo maitseboeng ya morafe go phutha madi a kago ya ntlo ya bokopano koo.

Setshwantsho
Ntlo ya bokopano ya ntlha mo Zimbabwe

Ntlo ya bokopano mo Bulawayo, Phukwi 1963.

Go aga kereke ya morafe, Iris Nield le monna wa gagwe, Reg, ba ne ba tshwara maitiso a mo gae a le mabedi kwa legaeng la bone mo Salisbury. Bo mmantaga e ne e le ba lelwapa la bone la barwadi ba batlhano. Ka bo Labone ba ne ba bulela legae la bone baanamisa efangele le ba batlhotlhomisi ba bone, ba tshameka metshameko dioura tse dintsi.

Go tswa ka 1965 go tsena ka 1980, ntwa e matlho mahibidu ya selegae e ne ya gakala fa gare ga puso e nnyenyane e eteletsweng pele ke basweu le ditlhopha tsa dirukhutli di lwela go busa ga bontsi jwa Bantsho. Baagi ba ne ba tshwarwa mo phuduegong, sekai, barutintshi Ernest le Priscilla Sibanda ba ba neng ba latlhegelwa ke legae la bone le dikgomo ka Moranang 1976. Ernest le Priscilla ba ne ba tshaba go tswa mo lefelong la tlhabano mme ba tsamaya 241 ya dikilomitara (150 dimaele) go ya Bulawayo

Kwa Bulawayo kwa bofelong jwa 1979, Ernest a kopana le baanamisa efangele ba babedi ba banana. Morago ga go bala Buka ya ga Momone, ene, Priscilla, le bana ba bone ba bararo ba ne ba kolobediwa. “Ke ne ka ikutlwa ke gololesegile thata,” Ernest a gopola. “Ke ne ka ikutlwa ke golotswe mo bosuleng bongwe le bongwe. Ke bone gore go na le lorato mo go nna la lelwapa la me. Ke ne ka bona gore go na le lorato mo teng ga me la Kereke.” Jaaka maloko a ntlha a Bantsho mo lefatsheng, ba goora Sibanda ba tswelela ka boikanyego le ntswa go na le kgethololo nngwe. Nako nngwe maloko a basweu mangwe a ne a gwetlha Ernest pele ga thuto e a neng a tloga a e ruta, ba re, “Ke monna wa montsho, o a re ruta?” Ernest a fetola, “Bakaulengwe, fa rotlhe re le Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, mme ke neetswe ke Morena go ruta, ke gone ka moo ke tshwanetse go le ruta.”

Ka Motsheganong 1980, lekala la ntlha la Zimbabwe la Bantsho-botlhe le ne la tlhomiwa mo Highfield, ntlhana ya Salisbury (morago Harare). Maloko a bogologolo Iris le Reg Nield ba ne ba amogela dipitso go direla jaaka poresidente ya Mokgatlho wa Thuso le poresidente ya lekala. Ba ga Nields ba ne ba gafelwa ntle ke maloko mangwe a lekala la bone la basweu. Ba sa nyeme moko, Reg le Iris le bana ba bone ba ne ba dirisa Sateretaga ba tshware ditiro tsa Mia, Poraemari, le Mokgatlha wa Thuso. Peter Chaya leloko la lekala la monana, o ne a dirisa tshokologo ya Sateretaga a tshameka kgwele ya dinao, a ithutuntsha difela le go ruta tlelase ya litericha ya Sekgoa. Rragwe, Tanganyika Lazarus Chaya, o ne a direla e le mogakolodi wa bobedi mo boporesidenteng jwa lekala.

Lekala le ne le kopana kwa Sekolong se Segolo sa Highfield. Peter o ne a goroga go sa le gale phakela go phephafatsa, a ntsha mabotlele a bojalwa le metsokwe e mikima pele ga tirelo. “Re ne re tsena, re feele lefelo leo, re le dire gore le lebege jaaka chapele, mme re nne fatshe, re lapile,” a gopola. Ka nako ya dikopano, Peter le makawana a mangwe ba ne ba toloka fa gare ga Seshona le Sekgoa.

Ka 1981, Peter o ne a amogela thomo go direla mo Zimbabwe mme a tloga mo thomong ya gagwe letsatsi le le latelang. Ka 1983, beke pele ga go wetsa thomo ya gagwe, o ne a amogela pitso e le poresidente ya lekala kwa Highfield.

Gatisa