Ditso tsa Church
Zimbabwe: Tshekatsheko


“Zimbabwe: Tshekatsheko,” Ditso tsa Lefatshe ka bophara: Zimbabwe (2022)

“Zimbabwe: Tshekatsheko,” Ditso tsa Lefatshe ka bophara: Zimbabwe

Setshwantsho
mmepe wa Zimbabwe

Ditso tsa Kereke kwa

Zimbabwe

Lefatshe le le ntle la Zimbabwe e nnile legae la Baitshepi ba Malatsi a Bofelo e sale ka bo1930. Mo dingwageng tse di masome tsa pele tsa go thaya Kereke, bajaki ba Europa ba ne ba tsamaya sebaka se seleele go ya go kopana mo mafelong a a tshwanang le Salisbury (e o morago e ileng ya nna Harare), Bulawayo, le Gweru mme ka dinako tse dingwe ba ne ba tsaya maeto a maleele le go feta go ya dikhoferenseng kwa Afrika Borwa

Go tlosiwa ga kganelo ya semorafe mo go tseyeng karolo mo Kerekeng ka 1978 go ne ga tlisa motlha wa phetogo. Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba diemo tse di farologanyeng ba leka thata go dira sebaka sa tshwaragano mo gare ga dikgogakgogano tsa semorafe le sepolotiki. Mo dingwageng tsa bo 1980 le 1990 Kereke e ne ya gola mo gare ga baagi ba Zimbabwe ba ba buang Seshona le Sekgoa. Ka 1999, Buka ya ga Momone e ne ya gatisiwa ka Seshona mme lomapo lwa ntlha mo Zimbabwe le ne la tlhomiwa mo Harare. Mo metlheng ya mathata Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba tshwarana ka kgokagano ya diphutego go thusana.

Go simolola ka 1985, Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba ne ya Johaneseborogo go dira ditao tsa tempele. Ka 2020 go ne ga simolosiwa kago ya tempele ya Harare Zimbabwe.

Boitshoko le botswelelo-pele jwa Baitshephi ba malatsi a Bofelo mo Zimbabwe, mmogo le maungo a a molemo a maiteko a bone, di re gopotsa tsholofetso ya Mmoloki: “Go sego ba ba bolaetsweng tshiamo le tlala le lenyora: gonne ba tla kgorisiwa” (Mathaio 5:6).

Dintlha tsa Bonako.

Leina la Semmuso: Republic of Zimbabwe/Nyika yeZimbabweIlizwe leZimbabweDziko la ZimbabweNyika ye ZimbabweHango yeZimbabweZimbabwe NùInyika yeZimbabweTiko ra ZimbabweNaha ya ZimbabweCisi ca ZimbabweShango ḽa ZimbabweIlizwe lase-Zimbabwe

Toropo-kgolo: Harare

Toropo e tona: Harare

Dipuo tsa ka fa Molaong: Sekgoa, Seshona, Setebele, Sechibarwe, Sekalaka, Sekhoi, Senyamba, Setonga, Setswana, Sevenda, le Sethosa.

Kgaolo ya Lefatshe: 386,847 km2 (240,376 mi2)

Kgaolo ya Kereke: Borwa jwa Afrika

Dithomo: 2 (Harare le Bulawayo)

Diphutego 91

Ditempele: 1 (Harare)

Gatisa