Ditso tsa Church
“Modimo, Ke tlile go Wena”


“Modimo, Ke tlile go Wena,” Ditso tsa Lefatshe ka bophara: Zimbabwe (2022)

“Modimo, Ke tlile go Wena,” Ditso tsa Lefatshe ka bophara: Zimbabwe

“Modimo, Ke tlile go Wena”

Everjoyce le Never Chikunguwo ba Mutare ba ne ba na le bana ba le bane. Ba ne ba galetse go kaniwa e le lelwapa; le fa gontse jalo tempele e e gaufi e ne e le bokgakala jwa dikilomitara tse 1,127 (700 dimaele), kwa Johaneseborogo, Afrika Borwa.

Diofisi tsa tetla ya pasa di ne di le bokgakala jwa 286 jwa dikilomitara (178 dimaele), kwa Harare. Never a tsaya loeto a le nosi go fokotsa ditshenyegelo. O gorogile kwa diofising tsa tetla ya pasa ka 5:00 mo mosong mme a tsena mo moleng o moleele. Mo motseleng a ithuta gore molao o mosha o kganela mongwe go dira kopo ya tetla ya pasa mo boemong jwa yo mongwe o sele, le yo e leng monna kgotsa mosadi wa motho. Never a simolola go rapela ka tlhwaafalo. Fa a ntse a eme moleng modiri yo o neng a neela di fomo o ne a gana dikopo dipe go feta e le nngwe, a bolela gore ga go ope yo ka tseelang motho yo mongwe tetla ya pasa. Never a rapela ka tidimalo, “Ao Modimo, ke tlile go wena. A thato ya gago e diragale.”

Fa monna a tsena fa lefelong la ga Never mo motseletseleng, o ne a leba Never, a bala betshe ya boanamisa efangele mo jaketeng ya gagwe, mme a nyenya mme a mo neela difomo tse pedi.

Babogedi ba ne ba tlhagisa Never gore le fa a na le fomo tse pedi, diofisara ga di kitla di mo letlelela go tsaya tetla ya pasa mo boemong jwa mosadi wa gagwe. Fa leina la ga Never le bidiwa, o ne a tsamaya mme a tsaya pasa ya gagwe. A bo a ema mo motseletseleng gape.

Erile leina la ga Everjoyce le bidiwa, Never a iponatsa gape. “A o Everjoyce?” ofisara o ne a botsa. Never a nyenya mme o ne a tlhalosa gore Everjoyce, mosadi wa gagwe, o ne a le kwa gae a baakanyetsa loeto lwa bone la go ya tempeleng. “Ke bo ke fetisa rekomente ya me ka bonako le rekomente ya mosadi wa me,” a bolela gape. “O ne a nteba, a bala betshe ya me ya boanamisa efangele ya kgaolo e e neng e le mo jaketeng ya me, ke gone a tempa tetla ya pasa a bo a tempa pasa.”

Ga latela loeto go ya kwa Johaneseborogo ka Moranang 1993. Lelwapa la paka dibeke tsa dijo le dikokise. Ba ne ba palama bese letsatsi lotlhe. Fa ba goroga kwa molelwaneng ba fitlhella gore ka ntlha ya dikgoberego tsa setshaba mo Afrika Borwa bese e ba e kopanyang e ne e fapositswe go thusa go tsaya batho ba ba tshabang mo lefatsheng

Setshwantsho
Lelwapa la ga Chikunguwo

Lelwapa la ga Chikunguwo, ca. 1993.

Lelwapa le ne le kaeletswe mme le ne le sena madi a a lekaneng go buka hotele. Never a lebelela fa lelwapa la gagwe le robetse mo paeng. Kwa bofelong, mo maitseboweng a letsatsi le lelatelang, ba ne ba pagama bese e e yang Johaneseborogo.

Ba gorogile ka 4:00 mo mosong mme ba fitlhela toropo e le mo phuduegong. Morago ga ba sena go tsena mo hoteleng, mo tshokologong lelwapa le ne la itlhaganelela kwa tempeleng mme ba ne ba kaniwa. Ba seka ba diega go dira ditao tse dingwe tsa tempele mme ba tloga letsatsi le lelatelang. Kwa central Park Station sa Johaneseborogo ba bona di pheretlhego le dipolao mme ba fitlha kwa gae ba babalesegile.

Moragonyana mo ngwageng eo, ba goora Chikunguwo ba ne ba simolola loeto go ya tempeleng gape, ba patilwe ke malwapa a mangwe a mabedi a neng a ya lekgetho la ntlha. Nako e loeto le ne le sena mathata.

“Malwapa a mabedi a ke neng ke tlile le one a kaniwa,” go boletse Never. “E ne e le maitemogelo a gakgamatsang ka boammaaruri fa ke bona mosadi wa me a tsena mo fonteng ya kolobetso, a golola bagologolo ba gagwe le ba me.”

Gatisa