Ditso tsa Church
Lefelo la go nna Leloko


“Lefelo la go nna Leloko,” Ditso tsa Lefatshe ka bophara: Zimbabwe (2022)

“Lefelo la go nna Leloko,” Ditso tsa Lefatshe ka bophara: Zimbabwe

Lefelo la go nna Leloko

Naume Keresi Salizani o goletse mo legaeng le le boingotlo mo lelwapeng la bana ba ba boferabongwe. Rraagwe o ne a tlile a tswa Malawi a batla tiro. Go itshetsa, ene le batsalwanae ba ne ba thusa go lema le go rekisa ntshe ya sukiri le dipotata. Le ntswa mo dikgwetlhong tse, o nnile le bonyana jo bo itumedisang. Ke ne ke itumelela botshelo jwa me jaaka monana, gonne rre le mmè, ruri, ba ne ba ratana. Mme ba ne ba re rata,”a rialo. Jalo ke ne, ke itumetse thata.”

Kgaitsadie Naume o ne a tsena Kereke ka bo 1980, fa a sa le monana. O ne a mo laletsa go tsena le ene. A dumela. “Ke ne fela ka utlwa mowa,” a gopola. “Ke ne ka ikwutlwa fela jaaka e kete ke wa koo.” Pele ga a ya thomong ya gagwe, kgaitsadie o ne a kolobetsa Naume mo nokeng e e gaufi e nang le phothoselo ya metsi e e maatla. “Ke ne ke le mosesane. O ne a tlamega go ntshwara thata gonne metsi a ne a elela ka maatla,” a tshega. “Ke ne ke tlamega go tshwarelela fela ka ntlha ya botshelo jwa me.”

Mongwe wa baanamisa efangele yo o neng a ruta Naume o ne a bidiwa Edward Dube. Jaaka Naume, Edward o godisitswe mo diemo tse di kwa tlase. Fa e sa le ngwana o ne a tsamaya dikilomitara tse supa go ya sekolong, a sa rwala ditlhako, mme a thusa batsadi ba gagwe mo masimong morago ga sekolo. Fa a le lekawana o ne a dira e le mmeriki mo gae mo lwapeng la basweu ba Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, ba ba neng ba mo laletsa go tla kerekeng.

Fa Edward lantlha a ya kerekeng, o ne a ikutlwa a sa phuthologa, ka gore phutego e ne e le basweu ka bontsi. “Fa ke tsena mo chapeleng, ke ne ke batla fela go tswa,” a gapola. Morago ga kereke, o ne a gakologelwa, poresidente wa lekala o ne a mo dumedisa, mme maitsholo a maloko a mangwe a mo dira gore a ikutlwe a sa amoselege: “Ka matlho ao, wa itse? Ka matlho fela, jaaka ekete ga o wa moo: “

Ka bokhutshwane morago ga moo, Edward o ne a ya khonferense ya kgaolo kwa Harare, kwa a boneng maloko a Bantsho a Kereke a mantsi. A kgothetse, a tswelela go tsena mme o ne a kolobediwa ka Phatwe. Dingwaga tse pedi morago, a direla e le moanamisa efangele wa nako e e tletseng. Ka nako e, a ruta Naume le lelwapa la gagwe. Ka nako ya dikgwedi tse 27 tsa tirelo ya gagwe ya boanamisa tumelo, Edward o ne a lesa go “didimala” go ya ko go itshepheng fa a ne a dira, le go ithuta go rata batho ba bantsi ba ba farologanyeng le ene.

Morago ga thomo ya gagwe, ene le Naume ba ne ba simolola go kwalelana makwalo mme kwa bofelong ba tsaya tshwetso go nyalana. Ba dira lenaneo la modiro o bonolo o mo go one a neng a tlaa apara mosese o tlwaelesigileng mme ene o tlaa apara sutu ya gagwe ya boanamisa efangele. Mme bakaulengwe ba Mokgatlho wa Thuso ba lekala la ga Edward kwa Kwekwe ba ne ba tsena go thusa. Naume a felela a tlhopha fa gare ga mesese e meraro e mentle ya lenyalo. Batsadi ba bone, batsalwa nabo, le maloko ka ene ba Kereke ba ne ba tlala chapele ya Kwekwe mo letsatsing leo la boitumelo.

Gatisa