Ditso tsa Church
Digogela pele le digogela morago


“Digogela pele le Digogela morago,” Ditso tsa Lefatshe ka bophara: Zimbabwe (2022)

“Digogela pele le Digogela morago,” Ditso tsa Lefatshe ka bophara: Zimbabwe

Digogela pele le digogela morago

Baitshepi ba Malatsi a Bofelo kwa Zimbabwe ba itshokile ka metlha ya mathata a magolo.

Go tswa ka 2007 go tsena ka 2009, sechaba se ne sa itemogela leuba, koketsego ya ditheko e e tsenang mo ditshupong, tlhagogo ya kholera, le khumanego e e amanang le yone le dikgorobego tsa semorafe. “E ne e le kgwetlho ka boammaaruri. Gonne batho ba ne ba sotlega, mme go ne go sena mo go lekaneng,” Nyikadzino Madzonga, yo ka nako eo a neng a direla e le poresidente ya Lekala la Chitungwiza, a gakologelwa. “O ka tsamaya ka kiribane e tletse madi go reka lebokoso la mmechise.” Maloko a lekala a a neng a na le dijo a ne a di tlisa kwa kerekeng, le maloko a Mokgatlho wa Thuso a ne a lekola malwapa mme ba supe bao ba ba neng ba tlhoka thuso ka potlako. Kwa Mutare, baeteledi-pele ba kgaola ba ne ba bega gore e ne e re fa ba lekola malwapa a maloko, ba tlise dijo le tse dingwe tsa tlwaelo, ka dinako dingwe ba ne ba goroga ba fitlhela bana ba tshotse pitsa fela ya metsi a a belang.

Ka 2012, lebentle le le tona la dijo le dithoto mo Bindura kwa Plaxedes Nyasondo Nyanhamo a neng a berekile teng dingwaga tse dintsi le ne la tswalwa ka tshoganetso. “Ke ne ke na le morwa mo sekolong se go nnang baithuti. Re ne re sa ntse re hirisa. Ke ne ke sena sepe se sele se nka se dirang ka nako eo,” a gakologelwa. “Ke ne ke na le dikgwetlho mo go dueleng tsabolesome tsa me mme kwa bofelong ke ne ka tlogela. Ke ne ke sena madi a go tlhokomela lelwapa la me.”

Mo tsibogelong ya go latlhegelwa ke tuelo, Plaxedes o ne a utlwa kgatelelo e e tseneletseng. “Ke ne ke amegile ka senama le mo semoweng,” a gopola. “Ga o ka ke wa dira ka kelelelo, jalo o swa semowa, ka iketlo ka iketlo.” O ne a tsaya tshwetso ya go simolola kgwebo ya go apaya dijo. O ne a rekisa diaparo tsa gagwe mme ka $20 a reka paleche(mmedi o sedilweng), nama, merogo, ditamati, le di kwii. O ne a di apaya ka dipitsa tse ditona tse nne ka thuso ya mokaulengwe wa gagwe le setlogolo. “E ne e le 100% dipoelo,” a rialo. “Ka lekgetho lantlha ka bapala $40. Ke gone ke ne ka tshwanela go tsaya $40 oo gape, ke reka gape sengwe le sengwe se se neng se tlile go dirisiwa. Ke ne ke ithuta. … Ke ne ke rapela go Morena gore A nkaele.”

Ka 2014 o ne a tsena mo setlhopeng sa go Simolola le Godisa Kgwebo Ya me ka lenaneo la Kereke la boipelego. O ithutile ka ga go kgaoganya madi a kgwebo le madi a lelwapa le go tshegetsa dibuka go itse fa a dira poelo. Tiragalo nngwe ya botlhokwa mo kgwebong ya gagwe e nnile fa a tshwanelwa ke go hira babereki ba ba mmalwa. E nngwe e ne e le konteraka ya go apeela batho dijo ka ntlha ya khonferense ya malatsi a mararo ya kereke mo gae ya batho ba ba fetang 600 ba ba neng ba e tseneletse.

Ka babereki ba ba katisitsweng sentle le tsamaiso e e tiileng ya tupo dibuka tsa madi, Plaxedes o ne a kgona go tlogela tiro gore a tseye karolo mo ditirong tsa Kereke. “Ke tsentse dilo di le dintsi mo tirisong,” a rialo. “Ke dira pego fa go na le diphokotsego dipe. Mme ke bega sengwe le sengwe se ke se dirang: dituelo, dirasiti. … Jaanong ke kgona go duela tsabolesome tsa me.”

“Modimo ga kitla a re baya mo seemong se A tlaa itseng gore ga re ka ke ra kgona go se feta,” a tlhatlhanya. “Le mo kgwebong, ga e ka ke ya tsamaya ka thelelo—ka dinako tse dingwe go digogela pele le digogela morago. Mme re tshwanetse go itshoka le go nna le tumelo mo go Jeso Keresete, gore O tlaa re thusa.”

Gatisa