Ditso tsa Church
Go Direla ba Bangwe jaaka Keresete a Dirile


“Go Direla ba Bangwe jaaka Keresete a Dirile,” Ditso tsa Lefatshe ka bophara: Zimbabwe (2022)

“Go Direla ba Bangwe jaaka Keresete a Dirile,” Ditso tsa Lefatshe ka bophara: Zimbabwe

Go Direla ba Bangwe jaaka Keresete a Dirile

Sabbath Sibanda Maturure o tshotswe ka 1952 mo Shurugwi ka bolwetse jo bo koafatsang jo bo neng jwa mo dira gore a se kgone go tsamaya. Bokgaitsadie ba bararo ba gagwe le bone ba ne ba gotsa seemo. Mmaabone, yo o neng a na le bana ba le 11, o ne a belega Sabbath le bo kgaitsadie mo mokwatleng wa gagwe ka bongwe ka bongwe go ya kwa masimong a botala gore ba ka nna karolo ya ditiro tsa lelwapa.

Fa a le dingwaga di le boferabobedi, Sabbath o ne a isiwa kwa kagong ya bonno kwa Bulawayo, e e bidiwang Jairos Jiri, e e neng e neela thuto le tiro ya batho ba nang le bogole. O ne a lemoga talente ya gagwe ya go penta. Kago e ne e rekisa tiro ya diatla le botswerere jo bo dirilweng ke banni kwa ditshupong le mo lebentleleng.

Fa a sa le monana, o ne a kopana le moanamisa efangele wa morweetsana yo o bitswang Wendy kwa nngweng ya ditshupo tse di ntseng jalo. Wendy a mmolelela gore, “Modimo wa go rata.” O ne a supa gore dilo tse di ntseng jalo di ne di le motlhofo mo go ene go di bua: “Bona, o botlhale, o apere sentle. O kgona go tsamaya.” Go sena, o ne a fetola, “Mme Sabbath, o ka penta. Nna ga ke kgone.”

Morago ga foo Sabbath a tlhotlhomisa Sekeresete. Kwa kerekeng o ne a utlwa moreri a bua ka ga Keresete, Modisa o Molemo. Sabbath a ipotsa fa le ene, tota, e ne e le mongwe wa letsomane la ga Keresete. “Karabo ya tla kwa go nna gore ke mongwe wa nku tsa Morena, mme ke tshwanetse go utlwa lentswe la Modimo.”

Kwa bofelong, Sabbath a kopana le tsala ya ga kgaitsadie Susan Ndaizivei Mubvumbi, monni ka ene mo kagong. Ba tsaya tshwetso go nyalana ka 1975. Go duelela lenyalo Sabbath o ne a rekisa bontsi jwa ditshwantsho tsa gagwe. Bokgaitsadie le bone ba ne na koresheta ba bo ba loga go thusa go kgobokanya madi.

Ka 1986, Susan o ne a dira kwa lebentleleng la Jairos Jiri mo toropong kwa a neng a bua le Mogolwane Boyd Lake, moanamisa efangele wa Moitshepi wa Malatsi a Bofelo. O ne a mo laletsa le Mokaulengwe Helen Lake go ruta lelwapa la gagwe. Kapela Susan le Sabbath ba ne ba tsaya tshwetso ya go kolobediwa. Ba ne ba nna dipilara tsa Lekala la Nguboyenja, le le tlhomamisitsweng ka 1988.

Lekala le ne le kopanela mo holong e kgolo kwa Jairos Jiri. Bontsi jwa maloko e ne e le banni ba kago. Go tswa ka 1989 go fitlhelela ka loso lwa gagwe ka 1998, Sabbath o ne a direla e le poresidente ya lekala. Bontsi jwa maloko a lekala a bo tlhoka kutlo a ne a naya bopaki jwa bone ka puo ya diatla, a diragatsa difela tse tlhalosang maikutlo tsa diatla tse di tshwanang “Ke Ngwana wa Modimo,” mme ba etsa ditshwantsiso tse di bontshang Tsalo ya ga Jeso le polelo ya ga Joseph Smith. Go duelela ditiro tsa lekala, didirisiwa tsa seminari, le maeto, maloko a a eletsang go dira dilo tse di sha a ne a rekisa dinamune le “makgethu” (dibata sa matsela go tswa kwa feketering).

“Fa ke lebelela botshelo jwa me,” Sabbath a tlhatlhanya “ke lemoga gore selo se se botlhoko thata se motho a ka kopanang le sone ke go akanya gore o ka dira sengwe le sengwe ka boene. Mme ke sale ke neetse Keresete sengwe le sengwe. Fa ke na le mathata , ke a a mo neela fela.”

Sabbath, Susan, le bana bone ba bararo—Blessings, Sukoluhle, and Helen—ba ne ba kanwe kwa Tempeleng ya Johaneseborogo Afrika Borwa ka 1992. Kwa bokhutlong jwa letsatsi lengwe le lengwe, Susan le Sabbath ba ne ba phutha lelwapa la bone go rapela go leboga le go kopa kaelo. “Fa re na le bokgoni, mme ga go re sepe gore bo lebega bo le bonnye go le kae,mo Modimong bo botlhokwa,” Sabbath a rialo. “Bo mo neele ka go bo dirisa go direla ba bangwe, jaaka Keresete a dirile.”

Gatisa