“Mantswe a Tsosoloso: Kolobetso ya Bagologolo ba Rona, ‘Thuto e e Galalelang,’” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Dithuto le Dikgolagano 2025 (2025)
“Kolobetso ya Bagologolo ba Rona, ‘Thuto e e Galalelang,’” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: 2025
Mantswe a Tsosoloso
Kolobetso ya Bagologolo ba Rona, “Thuto e e Galalelang”
Phebe le Wilford Woodruff
Phebe Woodruff o ne a nna gaufi le Nauvoo fa Joseph Smith a simolola go ruta ka monyetla wa go kolobetswa mo boemong jwa bao ba ba neng ba tshela pele. O kwaletse monna wa gagwe, Wilford, ka yone, yo o neng a direla thomo mo Engelane:
“Mokaulengwe Joseph … o ithutile ka tshenolo gore bao ba ba mo kerekeng ena ba ka kolobetswa mo boemong jwa bangwe le bangwe ba losika la bone ba ba suleng mme ba sa nna le tshiamelo ya go utlwa efangele ena, le e leng bana ba bone, batsadi, bakaulengwe ba bone, bokgaitsadia bone, borremogolo, bomalome, le borakgadi. … Fela fa ba sena go kolobetswa mo boemong jwa ditsala tsa bone ba gololwa mo teronkong mme ba ka ba batla mo tsogong le go ba tlisa mo bogosing jwa selesetiale—thuto ena e amogelwa ka bomolemo ke kereke mme ba tswela pele ka bontsi, bangwe ba ya go kolobetswa ka makgetlo a le 16 … ka letsatsi le le lengwe.”
Morago Wilford Woodruff o ne a bua ka molawana ona: “Nako e ke utlwileng ka yone mowa wa me o ne wa tsapoga ka boitumelo. … Ke ne ka ya pele mme ka kolobetswa mo boemong jwa masika a me otlhe a a suleng bao ke neng nka akanya ka bone. … Ke ne ka utlwa gore ke re haleluya fa tshenolo e tswa e re senolela kolobetso ya baswi. Ke ne ka utlwa gore re na le tshwanelo ya go itumela ka ntlha ya ditshegofatso tsa Legodimo.”
Vilate Kimball
Fela jaaka Kgaitsadi Woodruff, Vilate Kimball o ne a utlwalela ka kolobetso mo boemong jwa baswi fa monna wa gagwe, Heber, a le kgakala a bolela efangele. O ne a mo kwalela:
“Poresidente Smith o butse thuto e ntsha le e ntle … e e dirileng tsoseletso e kgolo mo kerekeng. Ke gore, go kolobetswa boemong jwa baswi. Paulo o bua ka yone, mo Bakorintha wa ntlha kgaolo ya 15 temana ya 29. Joseph o amogetse tlhaloso e feletseng ya yone ka Tshenolo. … Ke tshiamelo ya kereke ena go kolobeletswa beng ka bone botlhe ba ba suleng pele ga Efangele ena e tla; le e leng go boela kwa go Ntate-mogologolwane wa bone le Mme. … Ka go dira jalo, re dira jaaka baemedi ba bone; mme re ba naya tshiamelo ya go tla mo tsogong ya ntlha. A re ba tlaa rerelwa Efangele … mme ga go na sepe se se ntseng jalo jaaka mewa e e kolobetswang. … Ka gore thulaganyo ena e rererilwe fa, metsi ka gale a ntse a kgoberegile. Ka nako ya khonference ka dinako dingwe go ne go na le Bagolwane ba ba boferabobedi go ya go ba ba lesome mo nokeng ka nako e le nngwe ba kolobetsa. … Ke batla go kolobeletswa Mme wa me. Ke ne ka leka go ema go fitlhelela o tla gae, mme nako ya bofelo Joseph a bua ka setlhogo, o ne a eletsa mongwe le mongwe go ema le go dira, le go golola ditsala tsa bone mo bokgobeng kapele ka moo go ka kgonegang. Jalo ke akanya gore ke tla fetela pele beke ena, jaaka go na le baagisanyi ba ba mmalwa ba ba yang pele. Ba bangwe ba setse ba kolobeditswe makgetho a a mmalwa. … Jaana o bona gore go na le monyetla wa botlhe. A se gase thuto e e galalelang?”
Phebe Chase
Fa fonte ya kolobetso e setse e weditswe mo tempeleng ya Nauvoo, dikolobetso tsa boemedi di ne tsa dirwa koo mo boemong jwa mo nokeng. Phebe Chase, moagi wa Nauvoo, o ne a kwalela mmagwe ka tempele, a tlhalosa fonte ya kolobetso e le lefelo leo “re ka kolobeletswang baswi ba rona mme ra nna baboloki mo Thabeng ya Sione.” O ne a tswela pele go tlhalosa gore mo fonteng ena, “Ke kolobeditswe mo boemong jwa ga rre yo o rategang le ditsala tsotlhe tsa me tse di suleng. … Jaanong ke batla go itse gore maina a ga rraago le Mmaago ke mang gore nka ba golola, gonne ke eletsa go thusa Baswi. … Morena o buile gape, mme o tsosolositse thulaganyo ya bogologolo.”
Sally Randall
Fa a kwalela ditsala tsa gagwe le ba lelwapa ka kolobetso ya maloko a lelwapa a a neng a tshela pele, Sally Randall o ne a gopola go tlhokafala ga morwa wa gagwe George:
“O! e nnile nako e thata mo go nna mme go santse go bonala gore ga ke kake ka dumela go nna jalo, mme … rraagwe o ne a kolobediwa mo boemong jwa gagwe mme ke selo se sentle jang gore re dumela ebile re amogela botlalo jwa efangele jaaka e rerwa jaanong mme re ka kolobetswa mo boemong jwa ditsala tsotlhe tsa rona tse di suleng mme ra ba boloka go ya go fitlha moo re ka bonang kitso nngwe le nngwe ka bone.
“Ke batla gore le kwale maina a a neetsweng a masika otlhe a rona a a suleng go tloga bogologolo go boela kwa go borremogolo le bonkoko ka tsela efe kana efe. Ke ikemiseditse go dira seo nka se kgonang go boloka ditsala tsa me mme ke tlaa itumela thata fa ba bangwe ba lona ba ka tla mme ba nthusa gonne ke tiro e kgolo gore motho o ka e dira a le mongwe. … Ke solofela gore o tlaa akanya gore ena ke thuto e makatsang mme o tlaa e bona e le boammaaruri.”