Mission Callings
Kgaolo 3: Thuto 1—Molaetsa wa Tsosoloso ya Efangele ya ga Jeso Keresete


“Kgaolo 3: Thuto 1—Molaetsa wa Tsosoloso ya Efangele ya ga Jeso Keresete,” Rera Efangele ya Me: Kaelo ya go Abelana Efangele ya ga Jeso Keresete (2023)

“Kgaolo 3: Thuto 1,” Rera Efangele ya Me

Kgaolo 3: Thuto 1

Molaetsa wa Tsosoloso ya Efangele ya ga Jeso Keresete

Ponatshegelo ya Ntlha

Batho ba Ka Ipotsa

  • A Modimo o Teng?

  • Ke ka ikutlwa ke atumalane le Modimo jang?

  • Ke ka ithuta boammaaruri jang gompieno mo lefatsheng le le tlhakatlhakaneng?

  • Bodumedi bo ka nthusa jang?

  • Ke eng fa go na le dikereke tse dintsi jaana?

  • Ke eng ke na le dikgwetlho tse dintsi jaana?

  • Ke ka bona kagiso jang mo dinakong tsa phuduego?

  • Nka itumela jang?

  • Moporofeti o ka thusa jang lefatshe gompieno?

Go tswa kwa tshimologong ya lefatshe, Modimo o senoletse bana ba Gagwe efangele ka baporofeti. O dirile se ka Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete. Bogologolo, Jeso o senoletse efangele go baporofeti jaaka Atame, Noa, Aberahame, le Moshe. Fela batho ba bantsi ba e gana.

Dingwaga tse di dikete tse pedi tse di fitileng, Jeso Kereste ka Boene o rutile efangele ya Gagwe le go tlhoma Kereke ya Gagwe. Batho ba ile ba gana Jeso. Morago ga loso lwa Gagwe, gone ga nna le go wa mo go golo mo boammaaruring jwa Morena le mo Kerekeng. Botlalo jwa efangele le taolo ya boperesiti di ne di sa tlhole di le teng mo lefatsheng.

Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, Modimo a bitsa moperofeti yo mongwe, Joseph Smith. Modimo o ne a tsosolosa botlalo jwa efangele ka ene le go mo laolela go rulaganya Kereke ya ga Jeso Keresete gape.

Go nna le botlalo jwa efangele ga Jeso Keresete mo lefatsheng ke nngwe ya ditshegofatso tse di kgolo tsa malatsi a rona. Efangele e re thusa go araba dipotso tse digwetlhang tsa botshelo jwa rona. Baporofeti ba ba tshelang ba re kaela mo dinakong tsa dikgwetlho. Taolo ya boperesiti jwa Modimo e teng gape mo lefatsheng go segofatsa bana ba Gagwe.

baanamisa efangele ba ruta lelwapa

Dikakantsho tsa go Ruta

Karolo e e neela sekai sa thulaganyo go go thusa go ipaakanyetsa go ruta. Gape e akaretsa dikai tsa dipotso le ditaletso tse o ka di dirisang.

Jaaka o ipaakanyetsa go ruta, ka thapelo akanyetsa maemo a mongwe le mongwe le dilo tse ba di tlhokang tsa semowa. Tsaya tshwetso ka seo se ka thusang go ruta. Ipaakanyetse go tlhalosa mafoko a batho ba ka se a tlhaloganyeng. Rulaganya go yeng ka nako eo o tlaa nna le yone, o gakologelwa go khutshwafatsa thuto.

Tlhopha dikwalo tse di boitshepo tse o ka di dirisang jaaka o ruta. Kgaolo ya “Motheo wa Thuto” ya thuto e akaretsa dikwalo tse di boitshepo tse dintsi tse di ka thusang.

Akanya ka dipotso tse o ka di botsang jaaka o ruta. Rulaganya ditaletso tse o ka di atolosang tse di ka rotloetsang motho mongwe le mongwe go dira.

Gatelela ditshegofatso tse Modimo a di solofeditseng, mme o abelane bopaki jwa gago ka se o se rutang.

Se o Ka se Rutang Batho mo Metsotsong e le 15-25

Tlhopha nngwe ya melawana e e latelang kgotsa go feta gore o e rute. Motheo wa dithuto tsa molawana mongwe le mongwe o neetswe morago ga thulaganyo e.

Modimo ke Rara wa rona wa Legodimo Yo o Lorato

  • Modimo ke Rara wa rona wa Legodimo, ebile re bana ba Gagwe. O re bopile mo setshwanong sa Gagwe.

  • Modimo o a re itse ka bo rona ebile o a re rata.

  • Modimo o na le mmele o o galalelang, yo o itekanetseng wa nama le marapo.

  • Modimo o batla go re segofatsa ka kagiso le boitumelo ka botlalo jo bo tlaa nnang ka bosakhutleng.

  • Gonne Modimo o a re rata, O rometse Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete, go re rekolola mo sebeng le leso.

Modimo o Senola Efangele ka Baporofeti mo Tsamaisong Nngwe le Nngwe

  • Modimo o bitsa Baporofeti go nna baemedi ba Gagwe mo lefatsheng.

  • Bogologolo, Modimo o biditse baporofeti jaaka Atame, Noa, Aberahame, le Moshe.

  • Moporofeti yo o tshelang o amogela tshenolo go tswa go Modimo go ruta le go re etelelapele gompieno.

Bodiredi jwa ga Jeso Keresete mo Lefatsheng le Tetlanyo

  • Jeso Keresete ke Morwa Modimo.

  • Ka nako ya Gagwe ya bodiredi jwa mo lefatsheng, Jeso o rutile efangele ya Gagwe le go tlhoma Kereke ya Gagwe.

  • Jeso o biditse Baaposetole ba ba lesome le bobedi mme a ba neela taolo go etelela pele Kereke ya Gagwe.

  • Kwa bokhutlong jwa botshelo jwa Gagwe, Jeso o ne a lefela dibe tsa rona ka go boga ga Gagwe mo tshimong ya Gethesemane le ka nako ya Papolo. Morago ga leso la ga Jeso, O ne a tsoga.

  • Ka ntlha ya setlhabelo sa go lefa ga ga Jeso, re ka itshwarelwa le go tlhatswiwa mo dibeng jaaka re ikwatlhaya. Se se re tlisetsa kagiso le go dira gore go kgonege gore re boele kwa boleng teng jwa Modimo le go amogela boitumelo ka botlalo.

  • Ka ntlha ya Tsogo ya ga Jeso mo baswing, rotlhe re tlaa tsosiwa morago ga go swa. Se se kaya gore mowa le mmele wa motho mongwe le mongwe di tlaa kopana le go tshela ka bosenang bokhutlo.

Go Wa

  • Morago ga go swa ga Baaposetole ba ga Jeso, gone ga nna le go wa mo go anameng go tswa mo efangeleng le mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete.

  • Ka nako e, batho ba fetola bontsi jwa dithuto tsa efangele. Batho le gone ba fetola ditao tsa boperesiti, jaaka kolobetso. Taolo ya Boperesiti le Kereke e Jeso a e tlhomileng di ne di seo mo lefatsheng.

Tsosoloso ya Efangele ya ga Jeso Keresete ka Joseph Smith

  • Joseph Smith o batla go itse gore ke kereke efe e e leng Kereke ya boammaaruri ya Modimo gore o ka ikopanya le yone. Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba iponatsa mo go Ene ka 1820. Tiragalo e e bidiwa Ponatshegelo ya Ntlha.

  • Modimo a bitsa Joseph Smith go nna moporofeti, fela jaaka a biditse baporofeti ba dinako tsa pele.

  • Efangele ya ga Jeso Keresete e ne ya tsosoloswa ka Joseph Smith.

  • Barongwa ba bangwe ba legodimo ba tsosolosa boperesiti, mme Joseph o ne a laolwa go rulaganya Kereke ya ga Jeso Keresete.

  • Jeso Keresete o tswelela ka go etelela pele Kereke ya Gagwe gompieno ka baporofeti le baaposetole ba ba tshelang.

Buka ya ga Momone: Bosupi jo Bongwe jwa ga Jeso Keresete

  • Buka ya ga Momone ke dikwalo tse di boitshepo tse di kwadilweng ka dinako tsa bogologolo ke baporofeti mo Amerika. Moporofeti Joseph Smith o e ranotse ka neo le thata ya Modimo.

  • Ka Baebele, Buka ya ga Momone e tlamela bosupi jwa bodiredi jwa ga Jeso, dithuto, le thomo ya Mmoloki wa rona.

  • Re ka atamela go Modimo ka go bala Buka ya ga Momone le ka go sala dikaelo tsa yone morago.

  • Re ka itse gore Buka ya ga Momone ke lefoko la Modimo ka go e bala, go akanya ka yone, le go rapela ka yone. Tsamaiso e le yone e tlaa re thusa go itse gore Joseph Smith e ne e le moporofeti.

Rapela go Itse Boammaaruri ka Mowa o o Boitshepo

  • Thapelo ke puisano ya tsela tse pedi fa gare ga Modimo le Bana ba Gagwe.

  • Ka thapelo e e tlhwaafetseng, re ka itse gore molaetsa wa Tsosoloso ya Efangele ya ga Jeso Keresete e boammaaruri.

  • Jaaka re rapela, Mowa o o Boitshepo o a re ruta le gore tlhomamisetsa boammaaruri .

baanamisa efangele ba ruta lekolwane

Dipotso tse o Ka di Botsang Batho

Dipotso tse di latelang ke dikai tsa tse o ka di botsang batho. Dipotso tse di ka thusa gore o nne le puisanyo e e nang le boleng le go tlhaloganya ditlhoko tsa batho le ka fa ba lebang dilo ka teng.

  • O dumela eng ka Modimo?

  • Go ikutlwa o atamelane le Modimo go ka go thusa jang?

  • O itse eng ka ga Jeso Keresete? Botshelo le dithuto tsa Gagwe di go tlhotlheleditse jang?

  • O bona jang dikarabo tse di ikanyegang gompieno mo lefatsheng le le tlhakatlhakaneng?

  • Go ka go thusa jang go itse gore go na le moporofeti mo lefatsheng gompieno?

  • A o kile wa utlwa ka Buka ya ga Momone? A re ka abelana gore ke eng e le botlhokwa?

  • A o ka abelana ditumelo tsa gago ka thapelo? A re kaabelana ditumelo tsa rona ka thapelo?

Ditaletso tse O Ka di Atolosang

  • A o ka lopa Modimo ka thapelo go go thusa go itse gore se re se rutileng ke boammaaruri? (Bona “Itemogelo go Ruta: Thapelo” mo karolong ya bofelo ya thuto e.)

  • A o tlaa tla kerekeng Sontaga se go ithuta go le gontsi ka se re se rutileng?

  • A o tlaa bala Buka ya ga Momone le go rapela go itse gore ke lefoko la Modimo? (O ka nna wa akantsha ka dikgaolo kgotsa ditemana tse di rileng.)

  • A o ka sala sekai sa ga Jeso morago ka go kolobediwa? (Bona “Taletso ya go Kolobediwa le go Tlhomamisiwa,” e e tlang pele fela ga thuto e.)

  • A re ka baya nako ya go eta ga rona mo go latelang?

Motheo wa Dithuto

Karolo e e neela ka dithuto le dikwalo tse di boitshepo gore o di ithutuntshe go nonotsha kitso ya gago le bopaki jwa efangele le go go thusa go ruta.

lelwapa

Modimo ke Rara wa rona wa Legodimo Yo o Lorato

Modimo ke Rara wa rona wa Legodimo, ebile re bana ba Gagwe. O re bopile mo setshwanong sa Gagwe. O na le “mmele o o galalelang, o o itekanetseng wa nama le marapo o o tshwaregang jaaka wa motho” (Dithuto le Dikgolagano 130:22).

Modimo o re itse ka bo rona, ebile o a re rata go feta ka fa re ka tlhaloganyang. O tlhaloganya diteko tsa rona, ditlhoko, le makowa, mme O re fa thuso mo go tsone. O itumelela go tswelela ga rona mme o tlaa re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. O batla go buisana le rona, mme re ka buisana le Ene ka thapelo.

Modimo o re neetse maitemogelo a mo lefatsheng gore re ithute, re gole, le go nna thata jaaka Ene. Ka lorato le le itekanetseng, O batla re boela kwa go Ene morago ga go swa. Le fa gontse jalo, ga re kake ra dira se ka bo rona. Gonne Modimo o a re rata, O rometse Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete, go re rekolola. “Gonne Modimo o ratile lefatshe, gore a neele Morwa wa Gagwe yo o Rategang, … gore lefatshe ka ene le ka bolokwa” (Johane 3:16–17).

Modimo o batla go re segofatsa ka kagiso le boitumelo ka botlalo jo bo tlaa nnang ka bosakhutleng. O re tlametse ka togamaano e e re neelang tshono ya go amogela ditshegofatso tse. Togamaano e e bidiwa togamaano ya poloko (bona thuto 2).

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo

Ithute mo Gontsi ka ga Molawana O

Mošhe le Matlapa a a Kwadilweng, ka Jerry Harston

Modimo o Senola Efangele ka Baporofeti mo Tsamaisong Nngwe le Nngwe

Baporofeti ke Baemedi ba Modimo mo Lefatsheng

Nngwe ya tsela e e botlhokwa e Modimo a re supetsang Lorato la Gagwe ke ka go bitsa baporofeti, go ba neela taolo ya boperesiti, le go ba tlhotlheletsa go bua ka Ene. Baporofeti ke baemedi ba Modimo mo lefatsheng. Moporofeti Amose wa Kgolagano e Kgologolo o gatisitse gore “Morena Modimo ga a kake a dira sepe, mme o tlaa senolela sephiri sa gagwe go batlhanka ba gagwe baporofeti” (Amose 3:7). Dingwe tsa ditshegofatso tse re di amogelang go tswa go baporofeti ba ba tshelang di kaiwa fa tlase.

Basupi ba ga Jeso Keresete. Baporofeti ke basupi ba ba kgethegileng ba ga Jeso Keresete, ba paka ka ga Ene jaaka mmoloki wa rona le Morekolodi.

Dithuto. Baporofeti ba amogela kaelo go tswa go Modimo go thusa go lemoga boammaaruri le phoso. Ba re ruta go obamela ditaelo tsa Modimo le go ikwatlhaya fa re tlhaela. Ba bolela ka sebe le go re tlhagisa ka ditlamorago tsa sone.

Dithuto tsa baporofeti di re tsholeletsa go Modimo le go re thusa go amogela ditshegofatso tse a re di eleletsang. Tshireletso ya rona e kgolo e ikaegeile ka go sala morago lefoko la Morena le le neetsweng ka baporofeti ba Gagwe.

Taolo ya Boperesiti. Moporofeti gompieno ke ene a tshegeditse boperesiti jo bo okametseng mo lefatsheng. Boperesiti ke thata le taolo ya Modimo. Moporofeti o na le taolo go bua le go dira mo leineng la Modimo go poloko ya bana ba Gagwe.

Kaelo ya Kereke. Kereke ya ga Jeso Keresete e agilwe mo motheong wa baporofeti le baaposetole (bona Baefeso 2:19–20; 4:11–14).

Baporofeti mo Dinakong tsa Bogologolo

Atamo e ne e le moporofeti wa ntlha mo lefatsheng. Modimo o ne a mo senolela efangele ya ga Jeso Keresete le go mo neela taolo ya boperesiti. Atamo le Efa ba rutile bana ba bone boammaaruri jo le go ba rotloetsa go tlhabolola tumelo le go tshela efangele.

Kgabagare kokomane ya ga Atamo le Efa ya tsuologa mme ya fetogela efangele. Se sa gogela mo seemong se gotweng boitimokanyi, kgotsa go wa. Fa go anama ka bophara ga boitimokanyi go diragala, Modimo a tlosa taolo ya Gagwe ya boperesiti, jo bo leng botlhokwa go ruta le go direla ditao tsa efangele.

Kgolagano e Kgologolo e gatisitse ditiragalo tse dintsi tsa go anama ka bophara ga boitimokanyi. Go emisa sebaka se, Modimo a otlologela go bana ba Gagwe ka go bitsa moporofeti yo mongwe. O ne a senolela boammaaruri jwa efangele sesha go baporofeti ba le go ba neela taolo ya boperesiti. Bangwe ba baporofeti ba ke Noa, Aberahame, le Moshe. Ka kutlobotlhoko, mo mokgweng o o boelelang mo nakong, kgabagare batho ba gana baporofeti mme ba wa.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo

Ithute mo Gontsi ka ga Molawana O

  • Guide to the Scriptures: “Prophet

  • Gospel Topics: “Prophets,” “Restoration of the Church

O My Father [Ao Rara Wa Me], ka Simon Dewey

Bodiredi jwa ga Jeso Keresete mo Lefatsheng le Tetlanyo

Jeso Keresete ke Morwa Modimo. Jeso le Tetlanyo ya Gagwe ke pinagare ya togamaano ya Modimo go rona. Tetlanyo ya Gagwe go akareditse go boga ga Gagwe mo Tshimong ya Gethesamane, Go boga le leso la Gagwe mo sefapanong, le Tsogo ya Gagwe.

Go tswa ka nako ya ga Atamo le Efa, batho ba ne ba lebeletse go tla ga ga Jeso Keresete jaaka Mmoloki le Morekolodi wa bone. Rara wa Legodimo o ne a romela Jeso mo lefatsheng dingwaga di feta tse 2,000 tse di fetileng.

Jeso o tshidile mo go itekanetseng, botshelo jo bo senang sebe. O rutile efangele ya Gagwe le go tlhomamisa Kereke ya Gagwe. O biditse Baaposetole ba ba lesome le bobedi mme a ba neela taolo go ruta le go diragatsa ditao tse di boitshepo, jaaka kolobetso. Le gone o ba neetse taolo go etelela pele Kereke ya Gagwe.

Kwa bokhutlong jw botshelo jwa Gagwe, Jeso o ne a lefela dibe tsa rona ka go boga ga Gagwe mo Gethesemane le nako ya go Bapolwa ga Gagwe. Ka ntlha ya setlhabelo sa go lefa sa ga Jeso Keresete, re ka itshwarelwa dibe tsa rona fa re ikwatlhaya. Se se re kgontsha go boela kwa boleng teng jwa Modimo le go amogela boipelo ka botlalo.

Morago ga fa Jeso a sena go bapolwa, O ne a tsosiwa, a amogela phenyo godimo ga loso ka thata ya ga Rara wa Legodimo. Ka ntlha ya Tsogo ya ga Jeso mo baswing, mongwe le mongwe wa rona o tla tsosiwa morago ga re sena go swa. Se se kaya gore mowa le mmele wa mongwe le mongwe di tlaa kopana, e bile mongwe le mongwe wa rona o tlaa tshela ka bosenang bokhutlo mo go itekanetseng, mo mmeleng o o tsositsweng. (Bona “Tetlanyo ya ga Jeso Keresete” mo thuto 2.)

Moperofeti Joseph Smith

Moperofeti Joseph Smith o rutile, “Motheo wa melawana ya bodumedi jwa rona ke bopaki jwa Baaposetole le Baperofeti, mabapi le Jeso Keresete, gore O sule, a fitlhwa, mme a tsoga gape letsatsi la boraro, mme a tlhatlogela kwa legodimong, mme dilo tse dingwe tse e leng tsa bodumedi jwa rona ke ditlalaletso fela mo go tsone” (Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith [2007], 49).

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo

Ithute mo Gontsi ka ga Molawana O

Go Wa

Morago ga loso la ga Jeso Keresete, Baaposetole ba Gagwe ba batla go tshegetsa dithuto tsa ga Keresete di itshekile le go tswelela ka thulaganyo mo Kerekeng. Le fa gontse jalo, maloko a mantsi a Kereke a fetogela Baaposetole le go tswa mo dithutong tse Jeso a di rutileng.

Morago ga fa baaposetole ba sena go bolawa, gone go na le go wa mo go anameng go tswa mo efangeleng le mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete. Go wa mo nakong tse dingwe go bidiwa Boitimokanyi jo Bogolo. Ka ntlha ya jone, Modimo a tlosa taolo ya boperesiti mo lefatsheng. Go latlhega mo go akaretsa taolo e e tlhokegang go kaela Kereke. Maduo ya nna, gore Kereke e Jeso a e tlhomileng e ne e sa tlhole e le mo lefatsheng.

Ka nako e, batho ba ne ba fetola dithuto tse dintsi tsa efangele. Kitso e ntsi ka ga tlholego ya ga Rara wa Legodimo, Jeso keresete, le Mowa o o Boitshepo e ne e tlhakatlhakane kgotsa e latlhegile. Batho le gone ba fetola ditao tsa boperesiti, jaaka kolobetso.

Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, banna le basadi ba ba batlang boammaaruri ba leka go fetola dithuto le ditiragatso tse di neng di fetsotswe. Ba batla lesedi le legolo la semowa, mme bangwe ba bone ba bua ka tlhokego ya tsosoloso ya boammaaruri. Matsapa a bone a gogela mo go tlhomiweng ga dikereke tse dintsi.

Nako eno ene ya felela ka gore go gatelelwe kgololosego ya bodumedi, e e neng ya bula tsela ya tsosoloso ya boammaaruri le taolo e e tswang kwa Modimong.

Baporofeti le Baaposetole ba ne ba boleletse pele ka go wa (bona 2 Bathesolonika 2:1–3). Ba ne ba boleletse pele gape gore efangele le Kereke ya ga Jeso Keresete di ne di tlaa tsosoloswa mo lefatsheng (bona Ditiro 3:20–21). Fa go ne go sa nna le go wa, gone go ka bo go sa tlhokege tsosoloso.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo

Ithute mo Gontsi ka ga Molawana O

Tsosoloso ya Efangele ya ga Jeso Keresete ka Joseph Smith

Ponatshegelo ya Ntlha le Pitso ya ga Joseph Smith jaaka Moporofeti

Mo makgolokgolong a dingwaga fa gone go ise go nne le botlalo jwa efangele ya ga Jeso Keresete mo lefatsheng, Rara wa Legodimo o ne a tswelela pele a thusa bana ba Gagwe. Morago ga nako, O ne a baakanya tsela gore ba ka segofala gape ka efangele ya botlalo ya Gagwe. Fa maemo a ne a siame, O ne a bitsa Joseph Smith jaaka Moporofeti yo ka ene efangele le Kereke ya ga Jeso Keresete di tlaa tsosoloswang.

Joseph Smith o tshedile mo botlhaba jwa United States ka nako ya kgatlhego e kgolo ya bodumedi. Maloko a lelwapa la Gagwe a ne a ineetse mo Modimong le go batla boammaaruri. Di kereke tse dintsi di ne di ikaya di na le boammaaruri, mme Joseph o ne a eletsa go itse boammaaruri gore ke efe e e siameng (bona Joseph Smith—Ditso 1:18). Baebele e ruta gore go na le “Morena a le mongwe, tumelo e le nngwe, kolobetso e le nngwe” (Baefeso 4:5). Jaaka Joseph a ya dikerekeng tse di farologanyeng, o ne a tsiesega gore o tshwanetse go nna leloko la setlhopha sefe. Kgabagare o ne a re:

“Mme gone go le gogolo ketsaetsego le tshukatshukano mo gare ga diphuthego tse di farologanyeng, mo e leng gore go ne go retelela motho yo mmotlana jaaka nna … go tsaya tshwetso epe gore ke mang yo o nnete le gore ke mang yo o phoso. …

“Mo gare ga tlhabano e ya mafoko le kudumediya megopolo, Ke ne gantsi ka ithaya ka re: Go ka dirwang? Ke lefe la makoko a le le siameng; kgotsa, a otlhe a phoso mmogo? Fa lepe la one le siame, ke le fe, mme ke tlaa itse jang?” (Joseph Smith—Ditso 1:8, 10)

Jaaka batho ba bantsi, Joseph Smith le e ne o ne a na le dipotso tse dintsi ka ga poloko ya mowa wa gagwe. O ne a batla go itshwarelwa dibe tsa gagwe le go nna a le phepa fa pele ga Modimo. Jaaka a ne a batla boammaaruri mo gare ga di kereke tse di farologaneng, o ne a bala Baebele, “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a lope Modimo, o o nayang batho botlhe ka bogolo, mme a sa kgobe; mme o tlaa bo neelwa” (Jakoba 1:5).

Ka ntlha ya temana e, Joseph a tsaya tshwetso ya go lopa Modimo ka se a tshwanetseng go se dira. Mo dikgakologong tsa 1820, o ne a ya kwa sekgweng sa ditlhare gaufi le legae la gagwe mme a khubama a rapela. Go na le dipolelo tse nne tsa ponatshegelo e e latelang, digatisitswe ke Joseph Smith kgotsa bakwadi ka fa tlase ga taolo ya gagwe (Bona Gospel Topics Essays, “First Vision Accounts”). Mo dipegong tse di amogetsweng jaaka dikwalo tse di boitshepo, o tlhalosa maitemogelo a gagwe jaaka go latela:

The First Vision [Ponatshegelo ya Ntlha], ka Linda Christensen le Michael Malm

“Ka bona mosipuri wa lesedi fela fa godimo ga tlhogo ya me, o o fetang go phatsima ga letsatsi, o o fologileng ka bonya go fitlhelela o wela mo go nna. … Fa lesedi le nna mo go nna ke ne ka bona Batho ba babedi, ba phatshimo ya bone le kgalalelo di sa kgoneng go tlhalosiwa, ba eme fa godimo ga me mo loaping. Mongwe wa bone a bua le nna, a mpitsa ka leina mme a re, a supa yo mongwe—Yo Ke Morwaake yo o Rategang. Mo Utlwe!” (Joseph Smith—Ditso 1:16–17).

Mo ponatshegelong e, Modimo Rara le Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete, ba iponatsa go Joseph Smith. Mmoloki o ne a mmolelela gore a seka a tsena kereke epe.

Mo pegong e nngwe ya ponatshegelo e, Joseph o abelane gore Mmoloki o mmoleletse gape gore: “Dibe tsa gago o di itshwaretswe. … Bonang ke Morena wa kgalalelo. Ke bapoletswe lefatshe gore botlhe ba ba dumelang mo leineng la me ba ka nna le botshelo jwa Bosakhutleng.”

Morago ga ponatshegelo, Joseph a akanya, “Mowa wa me o ne o tletse ka lorato, mme malatsi a mantsi ke ne ka ipela ka boipelo jo bogolo mme Morena o ne a na le nna” (Joseph Smith History, circa Summer 1832, 3, josephsmithpapers.org; mafoko le matshwao a mafoko a ntšhwafaditswe).

Ka ponatshegelo e, Joseph Smith a nna mosupi wa ga Jeso Keresete mme a ithuta boammaaruri jo botlhokwa ka ga Bomodimo. Ka sekai, o ne a ithuta gore Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ke batho ba ba farologaneng. Fa Ba mmitsa ka leina, o ne a ithuta gore Ba a mo itse ka boene. Fa Joseph a bolelelwa gore o itshwaretswe, o ne a ithuta gore Modimo o kutlwelobotlhoko. Maitemogelo a a mo tlatsa ka boipelo.

Jaaka Modimo a dirile le baporofeti ba bantsi ba ba fitileng, O ne a bitsa Joseph Smith go nna moporofeti yo ka ene efangele ka botlalo e tlaa tsosoloswang mo lefatsheng. Tsosoloso e e tlaa thusa bana ba Modimo go bona boipelo mo lefatsheng le le botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng le le tlang—gotlhe mo ka Jeso Keresete.

Tsosoloso ya Boperesiti le Dilotlele tsa Boperesiti

Upon You My Fellow Servants [Mo go Lona Batlhanka ka Nna], ka Linda Curley Christensen le Michael Malm

Morago ga go bonala ga ga Rara le Morwa, barongwa ba bangwe ba legodimo ba ne ba romelwa go Joseph Smith le modiri ka ene Oliver Cowdery. Johane Mokolobetsi a iponatsa jaaka motho yo o tsositsweng mme a tlhoma Boperesiti jwa ga Arone le dilotlele tsa jone mo go bone. Boperesiti jwa ga Arone bo akaretsa taolo go kolobetsa.

The Voice of Peter, James, and John [Lentswe la ga Petere, Jakobe, le Johane], ka Welden C. Andersen

Moragonyana fela ga moo, Petere, Jakobe, le Johane—Baaposetole ba bararo ba pele ba ga Keresete—ba iponatsa e le batho ba ba tsositsweng mme ba tlhoma Boperesiti jwa ga Melekeseteke le dilotlele tsa jone mo go Joseph Smith le Oliver Cowdery. Boperesiti jo ke thata e e tshwanang e Keresete a e neetseng Baaposetole ba Gagwe bogologolo.

Image of Moses Elias and Elijah descending into the Kirtland temple and appearing to Joseph Smith.

Mo Tempeleng ya Kirtland, Moshe, Eliase, le Elija ba iponatsa go Joseph Smith le Oliver Cowdery mme ba ba neela le taolo le dilotlele tsa boperesiti tse di tlhokegang go diragatsa tiro ya Modimo mo malatsing a bofelo. Moshe a tlhoma dilotlele tsa go phuthega ga Iseraele. Eliase a tlhoma tsamaiso ya efangele ya ga Aborahame. Elija a tlhoma dilotlele tsa thata ya go kana. (Bona Dithuto le Dikgolaganyo 110:11–16; bona gape Buka ya Kgakololo ya Kakaretso, 3.1.)

Thulaganyo ya Kereke

Joseph Smith o ne a laelwa go rulaganya Kereke ya ga Jeso Keresete gape mo lefatsheng. Ka Ene, Jeso Keresete a bitsa Baaposetole ba ba lesome le bobedi.

Baporofeti ba dinako tsa baebele ba raya nako e re tshelang mo go yone ba re matsatsi a bofelo kgotsa malatsi a bofelo. Ke nako ya pele fela ga go tla ga Bobedi ga ga Jeso Keresete. Ke gone ka seo Kereke e bidiwang Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo (bona Dithuto le Dikgolaganyo 115:3–4; bona gape 3 Nefae 27:3–8).

Baporofeti le Baaposetole ba ba Tshelang Gompieno

Fela jaaka Jeso a biditse Baaposetole ka nako ya bodiredi jwa Gagwe mo nameng go etelela pele Kereke ya Gagwe, O biditse Baaposetole go e etelela pele gompieno. Boporesidente jwa Ntlha le Khoramo ya Baapostole ba ba Lesome le Bobedi ke baporofeti, baboni, le basenodi.

Ke fela Moaposetole yo mogologolo o bidiwa e le moporofeti gonne o okametse Kereke ka bophara e bile o laotswe mo go kgethegileng go buelela Morena. Ke motlhatlhami yo o laotsweng go Joseph Smith. Ene le Baaposetole gompieno ba latedisa taolo ya bone go Jeso Keresete ka mola yo o sa kgaogeng wa dikeetane tsa go tlhomiwa tse di simologileng fa Joseph Smith a tlhomiwa ka fa tlase ga diatla tsa barongwa ba legodimo.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo

Ithute mo Gontsi ka ga Molawana O

Buka ya ga Momone: Bosupi jo Bongwe ka ga Jeso Keresete

Buka ya ga Momone ke buka ya lefoko la Modimo le le boitshepo go tshwana le Baebele. Baebele ke nngwe ya bosupi jwa ga Jeso Keresete, mme Buka ya ga Momone ke bosupi jwa bobedi jwa bodiredi jwa Gagwe, dithuto tsa Gagwe, le tlhomo ya Gagwe jaaka Mmoloki.

Joseph Smith o ne a kaelwa ke morongwa wa legodimo yo o bidiwang Moroni go lentswe koo pego ya bogologolo e neng e fitlhilwe dingwaga tse di makgolokgolo. Pego e, e e gabilweng mo dipapetlaneng tsa gouta (lephephe le le sesane la gouta), e na le mekwalo ya baporofeti ka ga ditiragalo tsa Modimo le bangwe ba banni ba bogologolo ba Amerika. Joseph Smith o ranotse pego e ka neo le thata ya Modimo.

Baporofeti mo Bukeng ya ga Momone ba ne ba itse ka thomo ya ga Jeso Keresete le go ruta efangele ya Gagwe. Morago ga tsogo ya ga Jeso, O ne a iponatsa mo bathong ba le go ba direla ka boene. O ne a ba ruta le go tlhomamisa Kereke ya Gagwe.

Buka ya ga Momone e re thusa go atamelana le Modimo jaaka re ithuta, re tlhaloganya, le go diragatsa dithuto tsa yone. Moporofeti Joseph Smith o ne a re “monna [kgotsa mosadi] o tlaa atamela go Modimo ka [buka e] go sala morago dikaelo, go na le ka epe buka e nngwe” (Teachings: Joseph Smith64).

monna a bala

Go itse gore Buka ya ga Momone ke lefoko la Modimo, re tlhoka go e bala, go e atlhaatlhanya, le go rapela ka ga yone. Baporofeti ba Buka ya ga Momone ba solofeditse gore Modimo o tlaa senolela boammaaruri jwa buka e go rona jaaka re rapela ka pelo e e tlhoafetseng, le ka tlhwaafalo, le ka tumelo mo go Keresete (bona Moroni 10:3–5). Go ithutuntsha Buka ya ga Momone go botlhokwa go itshokela go sokologa.

Jaaka re bala Buka ya ga Momone le go rapela ka yone, re tlaa ithuta boammaaruri ka ga Jeso Keresete jo bo tlaa segofatsang matshelo a rona. Le gone re tlaa itse gore Joseph Smith e ne e le moporofeti wa Modimo le gore efangele le Kereke ya ga Jeso Keresete di tsosolositswe ka ene.

Poresidente Russell M. Nelson

“Ke solofetsa gore jaaka o ithutuntsha ka thapelo Buka ya ga Momone letsatsi le letsatsi, o tlaa dira ditshwetso tse di botoka—letsatsi le letsatsi. Ke solofetsa gore jaaka o atlhaatlhanya se o se ithutuntshang, dikgoro tsa legodimo di tlaa bulega, mme o tlaa amogela dikarabo go dipotso tsa gago le kaelo ya botshelo jwa gago. Ke solofetsa gore jaaka o inwetsa ka bowena letsatsi le letsatsi mo Bukeng ya ga momone, o ka itshireletsa kgatlhanong le bosula jwa gompieno” (Russell M. Nelson, “The Book of Mormon: What Would Your Life Be Like without It?Liahona, Ngwanatsele. 2017, 62–63).

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo

Ithute mo Gontsi ka ga Molawana O

  • Guide to the Scriptures: “Book of Mormon

  • Gospel Topics: “Book of Mormon

mosadi a rapela

Rapela go Itse Boammaaruri ka Mowa o o Boitshepo

Gonne Modimo ke Rara wa rona, o tlaa re thusa go lemoga boammaaruri. Re ka itse molaetsa wa Tsosoloso ya efangele ya ga Jeso Keresete e boammaaruri jaaka re bala Buka ya ga Momone le go rapela Modimo. Fa re rapela ka tumelo le ka tlhoafalo, O tlaa araba dipotso tsa rona le go kaela matshelo a rona.

Modimo ka metlha o araba dithapelo tsa rona ka Mowa o o Boitshepo. Jaaka re rapela, Mowa o o Boitshepo o a re ruta le go tlhomamisa boammaaruri. Ditlhaeletsanyo go tswa go Mowa o o Boitshepo di maatla. Gantsi di tla jaaka tsholofetso e e ritibetseng ka maikutlo a rona, megopolo, le ditlhotlheletso (bona 1 Dikgosi 19:11–12; Helamane 5:30; Dithuto le Dikgolagano 8:2).

Ithutuntsho e e tswelelang ya dikwalo tse di boitshepo (bogolo thata Buka ya ga Momone), go tsenela diphuthego tsa sakaramente beke le beke, le thapelo ya tlhoafalo di re thusa go utlwa maatla a Mowa o o Boitshepo le go lemoga boammaaruri.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo

Ithute mo Gontsi ka ga Molawana O

  • Guide to the Scriptures: “Prayer

  • Bible Dictionary: “Prayer

  • Gospel Topics: “Prayer

Tshobokanyo e Khutshwane le Bogareng ya Thuto

Tshobokanyo e e latelang ke sekai sa se o ka se rutang mongwe fa o na le nako e khutshwane. Fa o dirisa dintlha tseno, tlhopa molawana o le mongwe kgotsa e le mmalwa e o ka e rutang. Motheo wa dithuto dingwe le dingwe tsa molawana di tlamelwa go le pele mo thutong.

Jaaka o ruta, botsa dipotso mme o reetse. Atolosa taletso e e ka thusang batho go ithuta ka fa ba ka golang go atamela Modimo. Nngwe ya taletso e botlhokwa ke gore motho a kopane le wena gape. Sebaka sa thuto se tlaa ikaega ka dipotso tse o di botsang le go reetsa ga gago.

Baanamisa efangele ba bua le monna

Se o ka se rutang batho mo metsotsong e le 3-10

  • Modimo ke Rara wa rona wa legodimo, e bile O re bopile mo setshwanong sa Gagwe. O a re itse ka borona e bile o a re rata. O batla go re segofatsa ka kagiso le boipelo ka botlalo jo bo tlaa nnang ka bosakhutleng.

  • Jeso Keresete ke Morwa Modimo. Thomo ya Gagwe e ne e le go dira go kgontsha gore re ntlafadiwe go tswa mo dibeng tsa rona, re fenye loso, le go amogela botshelo jo bosakhutleng.

  • Modimo o bitsa Baporofeti go nna baemedi ba Gagwe mo lefatsheng. Bogologolo, O biditse baperofeti jaaka Atamo, Noa, Aberahame, le Moshe. Moporofeti yo o tshelang o amogela tshenolo go tswa go Modimo go ruta le go re etelelapele gompieno.

  • Mo bodireding jwa ga Jeso mo lefatsheng, o ne a tlhoma Kereke ya Gagwe. Morago ga go swa ga Baaposetole ba ga Jeso, gone ga nna le go wa mo go anameng go tswa mo efangeleng le mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete. Batho ba fetola bontsi jwa dithuto tsa efangele le ditao tsa boperesiti, jaaka kolobetso.

  • Modimo a bitsa Joseph Smith go nna moperofeti, fela jaaka a biditse baperofeti ba dinako tsa pele. Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba iponatsa go ene. Efangele ya ga Jeso Keresete ene ya tsosolotswa ka ene

  • Buka ya ga Momone ke buka ya dikwalo tse di boitshepo. Jaaka Baebele, ke kgolagano ya ga Jeso Keresete go re thusa go atamela go Modimo jaaka re e bala le go diragatsa melawana ya yone. Moporofeti Joseph Smith o e ranotse ka neo le thata ya Modimo.

  • Ka thapelo e e tlhoafetseng, re ka buisana le Modimo. Re ka itse gore molaetsa wa Tsosoloso ya Efangele ya ga Jeso Keresete o boammaaruri.