Mission Callings
Kgaolo 3: Thuto 2—Togamaano ya Poloko ya Rara wa Legodimo


“Kgaolo 3: Thuto 2—Togamaano ya Poloko ya Rara wa Legodimo,” Rera Efangele Yame: Kaelo ya go Abelana Efangele ya ga Jeso Keresete (2023)

“Kgaolo 3: Thuto 2,” Rera Efangele Yame

Kgaolo 3: Thuto 2

Togamaano ya Poloko ya ga Rara wa Legodimo

Setshwantsho
Sefikantswe sa ga Keresete

Batho ba ka gakgamala

  • Boikaelelo jwa botshelo ke eng?

  • Ke tswa kae?

  • A go na le Modimo yo o kgathalang ka nna? Ke ka utlwa jang gore o a kgathala?

  • Ke ka dumela jang mo Modimong fa dilo tse dintsi kana tse di maswe di diragala?

  • Ke eng botshelo bo le thata go le kana nako tse dingwe? Ke ka bona jang nonofo ka dinako tse?

  • Ke ka nna motho yo o botoka jang?

  • Go diragala eng fa ke sena go swa?

Efangele e tsosolisitsweng ya ga Jeso Keresete e re thusa go araba dipotso tse di botlhokwa tsa mowa. Ka efangele, re ithuta ka ga bomang jwa rona jwa semodimo le bokgoni jwa rona jwa bo sa khutleng re le bana ba Modimo. Efangele e re neela tsholofelo ebile e re thusa go bona kagiso, boitumelo, le bokao. Go tshela ka efangele go re thusa go gola le go itemogela nonofo jaaka re lebane le dikgwetlho tsa botshelo.

Modimo o batlela bana ba Gagwe se se molemo bogolo ebile o eletsa go re neela ditshegofatso tsa Gagwe tse di kgolo go fetisisa, tse e leng bosasweng le botshelo jo bo sa khutleng (bona Moshe 1:39; Dithuto le Dikgolagano 14:7). Ka ntlha ya gore O a re rata, O neetse togamaano ya gore re amogele ditshegofatso tse. Mo dikwalong tse di boitshepo, togamaano e e bidiwa togamaano ya poloko, togamaano e kgolo ya boitumelo, le togamaano ya thekololo (bona Alema 42:5, 8, 11, 13, 15, 16, 31).

Mo togamaanong ya Modimo, mongwe le mongwe wa rona o dira loeto ka botshelo jwa pele ga jo, botsalo, botshelo jwa go swa, loso, le botshelo morago ga loso. Modimo o neetse se re se tlhokang ka nako ya loeto le gore fa re sena go swa, kwa pheleletsong re ka boela kwa boleng teng jwa Gagwe mme ra amogela botlalo jwa boitumelo.

Jeso Keresete ke konokono ya togamaano ya Modimo. Ka Tetlanyo ya Gagwe le Tsogo, Jeso o dirile gore go kgonege gore mongwe le mongwe wa rona a amogele bosasweng le botshelo jo bo sa khutleng.

Ka nako ya botshelo jwa rona mo lefatsheng, ga re gakologelwe botshelo jwa rona jwa pele ga botshelo jo. Le fa e le go tlhaloganya ka botlalo botshelo morago ga loso. Le fa gontse jalo, Modimo o senotse boammaruri jo bontsi ka ga dikarolo tsena tsa loeto lwa rona la bo sa khutleng. Boammaaruri jona bo neela kitso e e lekaneng gore re tlhaloganye boikaelelo jwa botshelo, go itemogela boitumelo, le go nna le tsholofelo ya dilo tse di molemo tse di tlaa tlang. Kitso e ke letlotlo le le boitshepo go re kaela fa re santse re le mo lefatsheng.

Megopolo ya go Ruta

Karolo e e neela sesupo sa tshoboko go go thusa go ipaakanyetsa go ruta. Le gone e akaretsa dikai tsa dipotso le ditaletso tse o ka di dirisang.

Fa o ntse o ipaakanyetsa go ruta, ka thapelo akanya ka seemo sa motho mongwe le mongwe le matlhoko a semowa. Tsaya tshwetso gore ke eng se se tlaa thusang thata go ruta. Ipaakanyetse go tlhalosa mafoko a batho ba ka nnang ba seka ba a tlhaloganya. Dira lenaneo go yeng ka gore o tlaa nna le nako e kae, o gakologelwa go dira dithuto dikhutshwane.

Tlhopha dikwalo tse di boitshepo tse o tlaa di dirisang fa o ruta. Kgaolo ya “Motheo wa Thuto” ya thuto e akaretsa dikwalo tse dintsi tse di thusang.

Akanya ka dipotso tse o tlaa di botsang fa o ruta. Dira lenaneo la ditaletso tse o tlaa di fetisang tse di tlaa kgothatsang motho mongwe le mongwe go tsaya kgato.

Gatelela ditshegofatso tse Modimo a di solofeditseng, mme o abelane bopaki jwa gago jwa se o se rutang.

Setshwantsho
baanamisa efangele ba ruta lelwapa

Se O Ka Se Rutang Batho mo Metsotsong e le 15-25

Tlhopa o le mongwe kgotsa go feta ya melawana e e latelang ka ga togamaano ya poloko go e ruta. Motheo wa thuto wa molawana mongwe le mongwe o neetswe ko morago ga tshoboko e.

Botshelo jwa pele ga Botshelo jo: Boikaelelo jwa Modimo le Togamaano ka ga Rona.

  • Rotlhe re bana ba Modimo ba mowa. O re bopile mo setshwanong sa Gagwe.

  • Re tshedile le Modimo pele ga re tsalwa mo lefatsheng. Re maloko a lelwapa la Gagwe. O itse le go rata mongwe le mongwe wa rona.

  • Modimo o neetse togamaano ya boitumelo jwa rona le tswelelo pele mo botshelong jo le mo bosakhutleng.

  • Mo botshelong jwa pele ga botshelo jo, re itshenketse go sala morago togamaano ya Modimo. Se se ne se raya go tla mo lefatsheng gore re ka tsaya kgato e e latelang mo tswelelo peleng ya rona ya bosakhutleng.

  • Jeso Keresete ke konokono ya togamaano ya Modimo. O dira gore go kgonege gore re nne le bosasweng le botshelo jo bo sa khutleng.

Tlholego

  • Ka fa tlase ga kaelo ya Modimo, Jeso Keresete o tlhodile lefatshe.

Go Wa ga ga Atamo le Efa

  • Atamo le Efa ke bone ba ntlha bana ba Modimo ba mowa go tla mo lefatsheng. Modimo o bopile mebele ya bone mme a ba baya mo Tshimong ya Etene.

  • Atamo le Efa ba ne ba tlola molao, ba lelekiwa mo tshimong, mme ba ne ba kgaolwa mo boleng teng jwa Modimo. Tiragalo ena e bidiwa go Wa.

  • Morago ga go Wa, Atamo le Efa ba nna batho ba ba swang. Jaaka batho ba ba swang, ba ne ba kgona go ithuta, go tswelela pele, le go nna le bana. Ba ne le gone ba itemogela khutsafalo, sebe, le loso.

  • Go Wa e ne e le kgatelopele ya losika loo motho. Go Wa go dirile gore go kgonege gore re tsalwe mo lefatsheng le go tswela pele mo togamaanong ya Rara wa Legodimo.

Botshelo jwa Rona mo Lefatsheng

  • Mo togamaanong ya Modimo, re ne re tlhoka go tla mo lefatsheng go amogela mebele ya nama, go ithuta, le go gola.

  • Mo lefatsheng re ithuta go tsamaya ka tumelo. Le fa gontse jalo, Rara wa Legodimo ga a re tlogela re le nosi. O neetse dineo tse dintsi le dikaelo go re thusa go boela kwa boleng teng jwa Gagwe.

Tetlanyo ya ga Jeso Keresete

  • Mongwe le mongwe wa rona o a leofa, mme mongwe le mongwe wa rona o tlaa swa. Ka ntlha ya ya gore Modimo o a re rata, o ne a romela Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete, mo lefatsheng go re golola mo sebeng le mo losong.

  • Ka ntlha ya setlhabelo sa tetlanyo ya ga Jeso Keresete, re ka itshwarelwa le go ntlafadiwa mo dibeng tsa rona. Dipelo tsa rona di ka fetoga go nna molemo fa re ikwatlhaya. Sena se dira gore re kgone go boela kwa boleng teng jwa Modimo le go amogela botlalo jwa boitumelo.

  • Ka ntlha ya Tsogo ya ga Jeso, rotlhe re tlaa tsosiwa fa re sena go swa. Sena se raya gore mowa le mmele wa motho mongwe le mongwe di tlaa kopana gape, mme mongwe le mongwe wa rona o tlaa tshela ka bosaengkae mo mmeleng o o itekanetseng, o o tsositsweng.

  • Jeso Keresete o neela kgomotso, tsholofelo, le pholo. Setlhabelo sa Gagwe sa tetlanyo ke tshupo ya bofelo ya lorato lwa Gagwe. Tsotlhe tse di sa siamang mo botshelong di ka siamisiwa ka Tetlanyo ya ga Jeso Keresete.

Lefatshe la Mowa

  • Fa mmele ya rona ya nama e swa, mewa ya rona e tswelela go tshela mo lefatsheng la mowa. Sena ke boemo jwa nakwana jwa go ithuta le ipaakanyo pele ga Tsogo.

  • Efangele ya ga Jeso Keresete e rutiwa mo lefatsheng la mowa, mme re ka tswelela go gola le go tswelela pele.

Tsogo, Poloko, le Kgalalelo ya Bosakhutleng

  • Morago ga nako ya rona mo lefatsheng la mowa, Tsogo ke kgato e e latelang mo loetong la rona la bo sa khutleng.

  • Tsogo ke kopano gape ya mowa le mmele wa rona. Mongwe le mongwe wa rona o tlaa tsosiwa mme a nne le mmele wa nama o o itekanetseng. Re tlaa tshela ka bosaengkae. Sena se kgonega ka Tetlanyo le Tsogo ya Mmoloki.

Katlholo le Magosi a Kgalalelo

  • Fa re tsosiwa, Jeso Keresete o tlaa nna moatlhodi wa rona. Ka tse di tlhaotsweng se kaenyana, mongwe le mongwe wa rona o tlaa amogela bonno mo bogosing jwa kgalalelo.

  • Le ntswa rotlhe re tlaa tsosiwa, ga re kitla rotlhe re amogela kgalalelo yone eo ya bo sa khutleng. Jeso o tlaa re atlhola go yeng ka tumelo ya rona, ditiro, le boikotlhao mo botshelong jwa go swa le mo lefatsheng la mowa. Re ka boela go tshela mo boleng teng jwa Modimo fa re le boikanyego.

Dipotso tse o Ka di Botsang Batho

Dipotso tse di latelang ke dikai tsa se o ka se botsang batho. Dipotso tsena di ka go thusa go nna le puisano e e nang le bokao le go tlhaloganya matlhoko a motho le ponelopele.

  • O akanya gore boikaelelo jwa botshelo ke eng?

  • Ke eng se se go tlisetsang boitumelo?

  • Ke dikgwetlho dife tse o batlang Modimo a go thusa ka tsone?

  • O ithutile eng mo dikgwetlhong tse o lebaneng le tsone?

  • O itse eng ka ga Jeso keresete? Botshelo le thomo ya Gagwe di amile botshelo jwa gago jang?

Ditaletso tse o Ka di Abelanang

  • A o tlaa kopa Modimo ka thapelo go go thusa go itse gore se re se go rutileng ke boammaaruri? (Bona “Dintlha tsa go Ruta” mo karolong ya bofelo ya thuto 1.)

  • A o tlaa tsena kereke le rona ka letsatsi la Tshipi go ithuta go fitisa ka ga se re se rutileng?

  • A o tlaa bala Buka ya ga Momone le go rapela go itse gore ke lefoko la Modimo? (O ka ntsha mogopolo ka dikgaolo le ditemana tse di rileng.)

  • A o tlaa sala morago sekai sa ga Jeso mme wa kolobediwa? (Bona “Taletso ya go Kolobediwa le go Tlhomamisiwa,” e e tlang kapela pele ga thuto 1.)

  • A re ka baya nako ya ketelo ya rona e e latelang?

Setshwantsho
setshwantso sa togamaano ya poloko

Motheo wa Thuto

Karolo ena e neela thuto le dikwalo tse di boitshepo tsa gore o ithute go nonotsha kitso ya gago le bopaki jwa efangele le go go thusa go ruta.

Setshwantsho
ditlhopa tsa dinaledi

Botshelo jwa pele ga Botshelo jo: Boikaelelo jwa Modimo le Togamaano ka ga Rona.

Re bana ba Modimo, mme re tshedile le Ene pele ga botsalo jwa rona

Modimo ke Rara wa mewa ya rona. Re bana ba Gagwe tota, re bopilwe mo setshwanong sa Gagwe. Mongwe le mongwe wa rona o na le tlholego ya semodimo jaaka ngwana wa Modimo. Kitso e e ka re thusa ka dinako tse di thata mme e ka re tlhotlheletsa gore re nne molemo go fetisa.

Re ne re tshela le Modimo re le bana ba Gagwe ba mowa pele ga re tsalwa mo lefatsheng. Re maloko a lelwapa la Gagwe.

Setshwantsho
Poresidente M. Russell Ballard

“Go na le bomang bo le bongwe jo bo botlhokwa bo rotlhe re nnang le bone jaanong le ka bosaengkae, bongwe joo re sa tshwanelang ka gope go bo lebala, le jo re tshwanetseng go bo lebogela. Ke gore o le gore o ntse ka metlha o le morwa kgotsa morwadi wa Modimo ka medi ya semowa mo bosakhutleng.

“… Go tlhaloganya boammaaruri jo—go bo tlhaloganya tota le go bo amogela—go fetola botshelo. Bo go neela bomang jo bo sa tlwaelesegang jo go seng ope ka gope a ka bo tlosang mo go wena. Mme go feta moo, bo tshwanetse go go neela maikutlo a magolo a boleng le a boikutlo jwa boleng jwa bo sa feleng. Kwa bofelong, bo go neela boikaelelo jwa sedimo, jo bo tlotlegang, le jo bo tshwanelang mo botshelong” (M. Russell Ballard, “Children of Heavenly Father” [Brigham Young University devotional, Mar. 3, 2020], 2, speeches.byu.edu).

Re Tlhophile go Tla mo Lefatsheng

Rara wa Rona wa Legodimo o a re rata mme o eletsa gore re tshwane le Ene. Ke motho yo o nang le kgalalelo ya bosakhutleng ka mmele wa nama o o galaleditsweng.

Mo botshelong jwa pele ga botshelo jo, re ithutile gore Modimo o na le togamaano ya gore re tshwane le Ene. Karolo e le nngwe ya togamaano ya Gagwe e ne e le gore re tlaa tlogela legae la rona la legodimo mme ra tla lefatsheng go amogela mebele ya nama. Mme gape re ne re tlhoka go itemogela le go godisa tumelo ka nako e re seong mo boleng teng jwa Modimo. Ga re kake ra gakologelwa go tshela le Modimo. Le fa gontse jalo, O tlaa re neela se re neng re se tlhoka gore re ka boela go tshela le Ene.

Boitshenkelo, kgotsa kgololosego le bokgoni jwa go itlhophela, ke karolo e e botlhokwa ya togamaano ya Modimo mo go rona. Mo botshelong jwa pele ga botshelo jo, mongwe le mongwe wa rona o ne a itlhophetse go sala togamaano ya Modimo morago le go tla mo lefatsheng gore re ka tsaya kgato e e latelang mo tswelelong pele ya bo sa khutleng ya rona. Re re ne ra tlhaloganya gore fa re ntse re le fa, re tlaa nna le menyetla e meša e mentsi ya go gola le go itemogela boitumelo. Mme le gone re ne ra tlhaloganya gore re tlaa lebagana le kganetso. Re ne re tlaa itemogela thaelo, diteko, khutsafalo, le loso.

Mo go itlhopheleng go tla mo lefatsheng, re ne ra tshepa lorato lwa Modimo le thuso ya gagwe. Re ne ra tshepa togamaano ya Gagwe ya poloko ya rona.

Rara wa Legodimo O tlhophile Jeso Keresete go Re Rekolola.

Jeso Keresete ke konokono ya togamaano ya Modimo. Pele ga re tla mo lefatsheng, re ne re itse gore ga re kitla re boela kwa boleng teng jwa Modimo ka borona. Rara wa Legodimo o ne a tlhophile Jeso Keresete, Morwa wa Gagwe wa leitibolo, go dira gore go kgonege gore re boele kwa ga Ene mme re nne le botshelo jo bo sa khutleng.

Jeso Keresete o ne a dumela ka go rata. O dumetse go tla lefatsheng le go re rekolola ka setlhabelo sa Gagwe sa tetlanyo. Tetlanyo ya Gagwe le Tsogo di tlaa dira gore maikaelelo a Modimo ka ga rona a diragadiwe.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Bana ba Modimo

Boikaelelo jwa Modimo

Botshelo pele ga botshelo jo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Premortal Life,” “Plan of Redemption

  • General Handbook, 1.1: “God’s Plan of Happiness

  • Gospel Topics: “Premortality,” “Plan of Salvation

Setshwantsho
phirimo ya letsatsi godimo ga lewatle

Tlholego

Togamaano ya Rara wa Legodimo e e neeletsweng tlholego ya lefatshe, kwa bana ba Gagwe ba mowa ba tlaa amogelang mebele ya nama le go bona maitemogelo. Botshelo jwa rona mo lefatsheng bo a tlhokega gore re tswelele pele mme re tshwane le Modimo.

Ka fa tlase ga kaelo ya ga Rara wa Legodimo, Jeso Keresete o bopile lefatshe le dilo tsotlhe tse di tshelang. Rara wa Legodimo ke gone o ne a bopa monna le mosadi mo setshwanong sa Gagwe. Tlholego ke tshupo ya lorato lwa Modimo le ya keletso ya Gagwe ya gore re nne le monyetla wa go gola.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Create, Creation.”

  • Gospel Topics: “Creation

Setshwantsho
Leaving the Garden of Eden [Go Tloga mo Tshimong ya Etene], ka Joseph Brickey

Go Wa ga ga Atamo le Efa

Pele ga Go Wa

Atame le Efa e ne e le ba ntlha bana ba mowa ba ga Rara wa Legodimo go tla mo lefatsheng. Modimo o ne a bopa mebele ya bone ya nama mo setshwanong sa Gagwe mme a ba baya mo Tshimong ya Etene. Mo tshimong ba ne ba se na molato, Modimo o ne a tlamela matlhoko a bone.

Fa Atame le Efa ba le mo Tshimong, Modimo o ne a ba laela gore ba se ke ba ja leungo la setlhare sa kitso ya molemo le bosula. Fa ba ne ba obamela taelo e, ba ne ba ka nna mo tshimong. Le fa gontse jalo, ba ne ba ka se kgone go tswelela ka go ithuta go tswa mo kganetsong le dikgwetlho tsa botshelo jwa go swa. Ba ne ba se kgone go itse boitumelo ka ntlha ya gore ba ne ba ka se itemogele khutsafalo le botlhoko.

Satane o ne a raela Atame le Efa gore ba je leungo le le ileditsweng, mme ba tlhopha go dira jalo. Ka ntlha ya tshwetso e, ba ne ba lelekwa mo tshimong mme ba kgaolwa mo boleng teng jwa Modimo. Tiragalo ena e bidiwa go Wa.

Morago ga Go Wa

Morago ga go Wa, Atamo le Efa ba nna batho ba ba swang. Ba ne ba sa tlhole ba le mo boemong jwa go tlhoka molato, ba ne ba tlhaloganya le go itemogela gotlhe molemo le bosula. Ba ka dirisa boitshenkelo jwa bone go itlhophela fa gare ga tsone. Ka ntlha ya gore Atame le Efa ba ne ba lebagana le kganetso le dikgwetlho, ba ne ba kgona go ithuta le go tswelela pele. Gonne ba ne ba itemogela khutsafalo, ba ne le gone ba ka itemogela boitumelo. (Bona 2 Nefi 2:22–25.)

Ntswa go le jalo mo mathateng a bone, Atame le Efa ba ne ba ikutlwa gore go nna ba ba swang e ne e le tshegofatso e kgolo. Tshegofatso e le nngwe e ne e le gore ba ka nna le bana. Se se ne sa neela tsela ya gore bana ba bangwe ba mowa ba Modimo ba tle mo lefatsheng mme ba amogele mebele ya nama.

Mabapi le ditshegofatso tsa Go Wa, botlhe Atame le Efa ba ne ba itumela. Efa o ne a re, “Fa e ne e se ka ntlha ya tlolo ya rona re ka bo ka gope re sa nna le [bana], mme re ka bo ka gope re sa itse molemo le bosula, le boitumelo jwa thekololo ya rona, le botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo a bo neelang ba ba kutlo” (Moše 5:11; bona le gone temana 10).

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Mo Tshimong

Go Wa

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Fall of Adam and Eve,” “Agency

  • Gospel Topics: “Fall of Adam and Eve,” “Agency and Accountability

Botshelo jwa Rona mo Lefatsheng

Batho ba le bantsi ba ipotsa, “Ke eng ke le fano mo lefatsheng?” Botshelo jwa rona mo lefatsheng ke karolo ya botlhokwa ya togamaano ya Modimo ya tswelelopele ya rona ya bo sa khutleng. Boikaelelo jwa bofelo jwa rona ke go ipaakanyetsa go boela kwa boleng teng jwa Modimo le go amogela botlalo jwa boitumelo. Kwa tlase go bontshitswe ditsela tse dingwe tse botshelo jwa lefatshe bo re baakanyetsang se.

Setshwantsho
mosimane a nyenya

Amogela Mmele wa Nama

Boikaelelo bo le bongwe jwa go tla mo lefatsheng ke go amogela mmele wa nama o mowa wa rona o ka nnang mo go one. Mebele ya rona ke dipopo tse di boitshepo, tsa kgakgamatso tsa Modimo. Ka mebele ya Nama, re ka dira, ra ithuta, le go itemogela dilo tse dintsi tse mewa ya rona e ka se di kgoneng. Re ka tswelela pele ka ditsela tse re ka sekeng re le mewa.

Gonne mebele ya rona e a swa, re itemogela botlhoko, bolwetsi, le diteko tse dingwe. Maitemogelo ana a ka re thusa go ithuta bopelotelele, bopelotlhomogi, le mekgwa e mengwe ya semodimo. E ka nna karolo ya tsela ya rona ya boitumelo. Go tlhopha tshiamo fa go le thata gantsi ke ka fa tumelo, tsholofelo, le lorato di nnang dikarolo tsa botho jwa rona.

Ithute go Dirisa Boikgethelo ka Botlhale

Boikaelelo jo bongwe jwa botshelo go swa ke go ithuta go dirisa boikgethelo jwa rona ka botlhale—go itlhophela se se siameng. Go ithuta go dirisa boikgethelo jwa rona ka botlhale go botlhokwa mo go nneng jaaka Modimo.

Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba re ruta se siameng le go re neela ditaelo go re kaela kwa boitumelong. Satane o re raela go dira phoso, a batla gore re nne le mahutsana jaaka a ntse. Re lebagana le kganetso fa gare ga molemo le bosula, mo go tlhokegang mo go ithuteng go dirisa boikgethelo jwa rona (bona 2 Nefi 2:11).

Fa re obamela Modimo, re a gola le go amogela ditshegofatso tsa Gagwe tse di solofeditsweng. Fa re sa obamele, re ikgapela kgakala le Ene mme re amogela ditlamorago tsa sebe. Le fa ka nako dingwe go lebega go sa nna jalo, sebe kwa bofelong se gogela kwa bohutsaneng. Gantsi ditshegofatso tsa kutlo—le ditlamorago tsa sebe—ga di bonale ka pela kgotsa ga di bonatshege kwantle. Mme di tlhomame, gonne Modimo o siame.

Le fa re dira sotlhe se re ka se kgonang, rotlhe re a leofa mme “re tlhaele kgalalelo ya Modimo” (Baroma 3:23). Ka go itse se, Rara wa Legodimo o re neetse tsela ya go ikwatlhaya gore re ka boela kwa go Ene.

Boikotlhao bo tlisa thata ya Morekolodi wa rona, Jeso Keresete, mo matshelong a rona (bona Helamane 5:11). Fa re ikwatlhaya, re ntlafadiwa mo sebeng ka setlhabelo sa tefelo sa ga Jeso Keresete le neo ya Mowa o o Boitshepo (bona 3 Nefi 27: 16–20). Ka boikotlhao, re itemogela boitumelo. Tsela ya go boela kwa go Rara wa rona wa Legodimo re e buletswe, gonne o kutlwelobotlhoko. (Bona “Boikotlhao” mo thutong 3.)

Ithute go Tsamaya ka Tumelo

Boikaelelo jo bongwe jwa botshelo jo ke go bona maitemogelo a a ka tlang fela ka go kgaogana le Rara wa Legodimo. Ka ntlha ya gore ga re mmone, re tlhoka go ithuta go tsamaya ka tumelo (bona 2 Bakorintha 5:6–7).

Modimo ga a re tlogela re le nosi mo loetong le. O neetse Mowa o o Boitshepo go re kaela, go re thatafatsa, le go re itshepisa. O neetse le gone dikwalo tse di boitshepo, baperofeti, thapelo, le efangele ya ga Jeso Keresete.

Karolo nngwe le nngwe ya maitemogelo a rona a botshelo jwa go swa—boitumelo le dikhutsafalo, dikatlego le dipoelomorago—di ka re thusa go gola fa re ipaakanyetsa go boela kwa Modimong.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Nako ya go Gola le go Tswela pele

Boitshenkelo

Molemo le Bosula

Sebe

Re Tshwanetse go Ntlafala gore re Nne le Modimo

Ithute Thata ka ga Melawana E

Tetlanyo ya ga Jeso Keresete

Ka ntlha ya Go Wa ga ga Atame le Efa, rotlhe re ka fa tlase ga sebe le loso. Ga re kake ra fenya ditlamorago tsa sebe le loso ka borona. Mo togamaano ya poloko ya ga Rara wa rona wa Legodimo, o neetse tsela ya go fenya ditlamorago tsa Go Wa gore re ka boela kwa go Ene. Pele ga lefatshe le tlhodiwa, O ne a tlhophile Jeso Keresete go nna Mmoloki le Morekolodi wa rona.

Ke Jeso Keresete fela yo o neng a ka re rekololang mo sebeng le loso. Ke Morwa wa Modimo tota. O tshedile botshelo jo bo se nang sebe, a obamela Rre wa Gagwe gotlhelele. O ne a ipaakantse e bile a rata go dira thato ya ga Rara wa Legodimo.

Tetlanyo ya Mmoloki e ne e akaretsa pogisego ya Gagwe mo Gethesemane, pogisego ya Gagwe le loso mo mokgorong, le Tsogo ya Gagwe. O bogile go feta tlhaloganyo—mo e leng gore o ne a tswa madi mo lerobeng lengwe le lengwe (bona Dithuto le Dikgolagano 19:18).

Tetlanyo ya ga Jeso Keresete ke tiragalo e galalelang thata mo ditsong tsotlhe tsa motho. Ka setlhabelo sa Gagwe sa tetlanyo, Jeso o ne a dira gore togamaano ya ga Rara e dire. Re ka bo re se sa kgone go dira sepe kwantle ga Tetlanyo ya ga Jeso Keresete gonne ga re kake ra ipoloka ka borona mo sebeng le loso (bona Alema 22:12–15).

Setlhabelo sa Mmoloki wa rona e ne e le tshupo e kgolo ya lorato mo go Rre wa Gagwe le mo go rona. “Boatlhamo, le boleele, le boteng, le bogodimo” jwa lorato lwa ga Keresete le le fetang tlhaloganyo ya rona (Baefesia 3:18; bona le gone temana 19).

Setshwantsho
The Crucifixion [Papolo], ka Harry Anderson

Jeso Keresete o Fentse Loso go Botlhe

Fa Jeso Keresete a swa mo mokgorong, mowa wa Gagwe o ne wa kgaogana le mmele wa Gagwe. Ka letsatsi la boraro, mowa wa Gagwe le mmele wa Gagwe di ne tsa kopana gape, go se tlhole di kgaogana gape. A iponatsa mo bathong ba bantsi, a ba supetsa gore o na le mmele wa bosasweng wa nama le marapo. Kopano e gape ya mowa le mmele e bidiwa Tsogo.

Jaaka batho ba ba swang, mongwe le mongwe wa rona o tlaa swa. Le fa gontse jalo, ka ntlha ya gore Jeso o ne a fenya loso, motho mongwe le mongwe yo o tsetsweng mo lefatsheng o tlaa tsosiwa. Tsogo ke mpho ya semodimo ya botlhe, e e neelwang ka kutlwelobotlhoko ya Mmoloki le tshegofatso e e rekololang. Mowa le mmele wa mongwe le mongwe di tlaa kopangwa gape, mme mongwe le mongwe wa rona o tlaa tshela ka bosaengkae mo mmeleng o o itekanetseng, o o tsositsweng. Fa e ne e se ka Jeso Keresete, loso le ne le tlaa fedisa tsholofelo yotlhe ya botshelo mo lobakeng lo lo tlang le Rara wa Legodimo (bona 2 Nefi 9:8–12).

Jeso o Dira gore go Kgonege mo go Rona gore re Ntlafadiwe go tswa mo Dibeng tsa rona

Go tlhaloganya tsholofelo e re ka e amogelang ka Keresete, re tlhoka go tlhaloganya molao wa tshiamiso. O ke molao o o sa fetogeng o o tlisang ditlamorago tsa ditiro tsa rona. Kobamelo ya Modimo e tlisa ditlamorago tsa tumelo, mme go sa obameleng go tlisa tse di maswe. (Bona Alema 42:14–18.) Fa re leofa, re leswefala mo moweng, mme ga go selo sepe se se leswafetseng se se ka tshelang mo boleng teng jwa Modimo (bona 3 Nefi 27:19).

Setshwantsho
Jesus Praying in Gethsemane [Jeso a Rapela mo Gethesemane], ka Harry Anderson

Ka nako ya setlhabelo sa tefelo sa ga Jeso Keresete, o ne a ema mo boemong jwa rona, a boga, mme a lefela kotlhao ya dibe tsa rona (bona 3 Nefi 27:16–20). Togamaano ya Modimo e neela Jeso Keresete thata ya go bua mo boemong jwa rona—go ema fa gare ga rona le tshiamiso (bona Mosaeya 15:9). Ka ntlha ya setlhabelo sa tefelo sa ga Jeso, O ka batla ditshwanelo tsa kutlwelobotlhoko mo boemong jwa rona fa re dirisa tumelo go isa boikotlhaong (bona Moroni 7:27; Dithuto le Dikgolagano 45:3–5). “Jaana kutlwelobotlhoko e ka kgotsofatsa ditopo tsa tshiamiso, mme [ra] dikaganyediwa mo diatleng tsa polokesego” (Alema 34:16).

Ke fela ka mpho ya Tetlanyo ya Mmoloki le ka boikotlhao jwa rona re ka boelang go tshela le Modimo. Fa re ikwatlhaya, re a itshwarelwa mme re ntlafadiwa semowa. Re gololwa mo merwalong ya molato wa dibe tsa rona. Mewa ya rona e e tlhokofaditsweng e fodile. Re tlala ka boitumelo (bona Alema 36:24).

Le ntswa re sa itekanela mme re ka tlhaela gape, go na le tshegofatso e ntsi, lorato, le kutlwelobotlhoko mo go Jeso Keresete go na le palelo, phoso, kgotsa sebe mo go rona. Modimo ka metlha o nna a iketleeditse ebile o tlhologelelwa gore re tlamparela fa re sokologela kwa go Ene mme re ikwatlhaya (bona Luke 15:11–32). Sepe le fa e le ope “yo o tlaa kgonang gore kgaoganya le lorato lwa Modimo, le le mo go Keresete Jeso Morena wa rona” (Baroma 8:39).

Jeso Keresete o ne a tsaya mo go Ene matlhoko a rona, dipogiso, le makoa.

Mo setlhabelong sa Gagwe sa tetlanyo, Jeso Keresete o tsere mo go Ene, matlhoko, dipogiso, le makoa a rona. Ka ntlha ya se, O itse “go yeng ka nama ka fa a ka thusang batho ba gagwe ka teng go yeng ka makoa a bone” (Alema 7:12; bona le gone temana 11). O a laletsa, “Tlayang kwa go nna,” mme fa re dira, O re naya boitapoloso, tsholofelo, thata, pono, le pholo (Mathaio 11:28; bona le gone ditemana 29–30).

Fa re ikaega ka Jeso Keresete le Tetlanyo ya gagwe, O ka re thusa go itshokela diteko tsa rona, malwetsi le botlhoko. Re ka tladiwa ka boipelo, kagiso, le kgomotso. Tsotlhe tse di gobelelang ka botshelo di tla siamisiwa ka Tetlanyo ya ga Jeso Keresete.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Tetlanyo ya Mmoloki

Tsogo

Ithute Thata ka ga Melawana E

Setshwantsho
lelwapa le etela lebitla

Lefatshe la Mowa

Batho ba le bantsi ba a ipotsa, “go diragalang fa ke sena go swa?” Togamaano ya Poloko e neela dikarobo dingwe tse di botlhokwa mo dipotsong tse.

Loso ke karolo ya “togamaano ya kutlwelobotlhoko” ya Modimo ya rona (2 Nefi 9:6). Gona le go khutlisa go nna teng ga rona, loso ke kgato e e latelang mo tswelelongpele ya rona ya bo sa khutleng. Go tshwana le Modimo, re tshwanetse ra itemogela loso mme morago re amogele mebele e e itekaniseditsweng, e e tsositsweng.

Fa mmele ya rona ya nama e swa, mewa ya rona e tswelela go tshela mo lefatsheng la mowa. Sena ke boemo jwa nakwana jwa go ithuta le paakanyetso pele ga Tsogo le Katlholo ya Bofelo. Kitso ya rona mo botshelong jwa go swa e nna le rona.

Mo lefatsheng la mowa, batho ba ba amogetseng le go tshela ka efangele ya ga Jeso Keresete “ba amogelwa mo boemong jwa boitumelo, jo bo bidiwang parataise” (Alema 40:12). Bana ba banyennyane le bone ba a amogelwa mo paratiseng fa ba a swa.

Paratise ya mewa e tlaa nna le kagiso mo matshwenyegong a bone le dikhutsafalo. Ba tlaa tsweledisa kgolo ya bone ya semowa, go dira tiro ya Modimo le go direla ba bangwe. Ba tlaa ruta bao ba ba sa amogelang efangele ka nako ya botshelo jwa go swa (see Dithuto le Dikgolagano 138:32–37, 57–59).

Mo lefatsheng la mowa, batho ba ba neng ba sa kgona go amogela efangele mo lefatsheng, kgotsa ba ba neng ba itshenkela go sa saleng morago ditaelo, ba tla itemogela dikganedi dingwe (bona Dithuto le Dikgolagano 138:6–37; Alema 40:6–14). Le fa gontse jalo, gonne Modimo o siame ebile o kutlwelobotlhoko, ba tlaa nna le monyetla wa go rutiwa efangele ya ga Jeso Keresete. Fa ba e amogela ba bo ba ikwatlhaya, ba tlaa rekololwa mo dibeng tsa bone (bona Dithuto le Dikgolagano 138:58; bona le gone 138:31–35; 128:22). Ba tlaa amolosega mo kagisong ya paratise. Kwa bofelong ba tlaa amogela bonno mo bogosing jwa kgalalelo jo bo ikaegileng mo maitshekelong a ba a dirileng mo botshelong jwa go swa le mo lefatsheng la mowa.

Re nna mo lefatsheng la mowa go fitlhelela re tsosiwa.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures, “Paradise

Tsogo, Poloko, le Kgalalelo ya Bosakhutleng

Tsogo

Togamaano ya Modimo e dira gore go kgonege mo go rona gore re gole le go amogela botshelo jo bo sa khutleng. Morago ga nako ya rona mo lefatsheng la mowa, Tsogo ke kgato e e latelang mo kgolong eo.

Tsogo ke go kopana gape ga mmele le mowa. Rotlhe re tlaa tsosiwa. Sena se kgonega ka Tetlanyo le Tsogo ya Mmoloki. (Bona Alema 11:42–44

Fa re tsosiwa, re tlaa nna le mmele wa nama o o itekanetseng, o senang botlhoko le bolwetse. Re tlaa nna bosasweng, re tshela ka bosaengkae.

Poloko

Ka ntlha ya gore rotlhe re tlaa tsosiwa, rotlhe re tlaa bolokwa—kgotsa go bona poloko—mo losong la nama. Mpho e re e neetswe ka tshegofatso ya ga Jeso Keresete.

Le gone re ka bolokwa—kgotsa go bona poloko—go tswa mo ditlamoragong tseo molao wa tshiamiso o di tlhokang ka ga dibe tsa rona. Mpho e e kgonega le gone ka ditshwanelo le kutlwelobotlhoko ya ga Jeso Keresete fa re ikwatlhaya. (Bona Alema 42: 13– 15, 21–25.)

Kgalalelo ya bosakhutleng

Kgalalelo ya bosakhutleng, kgotsa botshelo jo bo sa khutleng, ke boemo jo bo kwa godimo jwa boitumelo le kgalalelo mo bogosing jwa selesetiale. Kgalalelo ya bosakhutleng ke mpho e e laolwang. Poresidente Russell M. Nelson o rutile gore, “Diemo tseo tse di tshwanelegang di akaretsa tumelo mo Moreneng, boikotlhao, kolobetso, go amogela Mowa o o Boitshelo, le go nna boikanyego mo ditaong le dikgolagano tsa tempele” (“Poloko le Kgalalelo ya bosakhutleng,” Ensign kgotsa Liahona, Motsheganong 2008, 9).

Kgalalelo ya bosakhutleng e raya go tshela le Modimo ka bosaengkae le malwapa a bo sa khutleng. Ke go itse Modimo le Jeso Keresete, go tshwana le bone, le go itemogela botshelo jo Ba bo itumelelang.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Resurrection

  • Gospel Topics: “Resurrection,” “Salvation

Setshwantsho
marang a letsatsi a phatsima mo marung

Katlholo le Magosi a Kgalalelo

Elatlhoko: Fa lo ruta lantlha ka ga magosi a kgalalelo, ruta ka selekanyo se se botlhokwa go yeng ka matlhoko a motho le go tlhaloganya.

Fa re tsosiwa, Jeso Keresete o tlaa nna moatlhodi wa rona o o siameng le o kutlwelobotlhoko. Ka tse di tlhaotsweng se kaenyana, mongwe le mongwe wa rona o tlaa amogela bonno mo bogosing jwa kgalalelo. Le ntswa rotlhe re tlaa tsosiwa, ga re kitla rotlhe re amogela kgalalelo ya bo sa khutleng e e tshwanang (bona Dithuto le Dikgolagano 88:22–24, 29–34; 130:20–21; 132:5).

Batho ka bongwe ba ba sa nnang le monyetla wa go tlhaloganya gotlhelele le go obamela melao ya Modimo ka nako ya botshelo jo bo swang ba tlaa neelwa monyetla mo lefatsheng la mowa. Jeso o tlaa atlhola motho mongwe le mongwe go yeng ka tumelo ya gagwe, ditiro, dikeletso, le boikotlhao mo botshelong jwa go swa le mo lefatsheng la mowa (bona Dithuto le Dikgolagano 138:32–34, 57–59).

Dikwalo tse di Boitshepo di ruta ka magosi a kgalalelo a selesetiale, theresetiale, le thelesetiale. Bongwe le bongwe jwa tsone ke ponatshego ya lorato lwa Modimo, tshiamiso, le kutlwelobotlhoko.

Bao ba ba dirisang tumelo mo go Keresete, ba ikwatlhaela dibe tsa bone, ba amogela ditao tsa efangele, ba tshegetsa dikgolagano tsa bone, ba amogela Mowa o o Boitshepo, le go itshoka go ya bokhutlong ba tlaa bolokwa mo bogosing jwa selesetiale. Bogosi jo gape bo tlaa akaretsa batho ba ba sa nnang le monyetla go amogela efangele ka nako ya botshelo jwa bone jwa go swa mme “ba ka bo ba ne ba e amogetse ka dipelo tsa bone tsotlhe” mme ba dirile jalo mo lefatsheng la mowa (Dithuto le Dikgolagano 137:8; bona le gone temana 7). Bana ba ba tlhokafetseng pele ga ngwaga tsa boikarabelo (dingwaga di le borobabobedi) le bone ba tlaa bolokwa mo bogosing jwa selesetiale (bona Dithuto le Dikgolagano 137:10).

Mo dikwalong tse di boitshepo, bogosi jwa selesetiale bo tshwantshanngwa le kgalalelo kgotsa phatsimo ya letsatsi. (Bona Dithuto le Dikgolagano 76:50–70.)

Batho ba ba tshedileng matshelo a tlotlegang “ba ba sa amogelang bopaki jwa ga Jeso mo nameng, mme morago ba bo amogele” ba tlaa amogela bonno mo bogosing jwa teresetiale (Dithuto le Dikgolagano 76:74). Sone seo se boammaaruri mo go bao ba ba neng ba se tlhaga mo bopaking jwa ga Jeso. Bogosi jo bo tshwantshanngwa le kgalalelo ya ngwedi. (Bona Dithuto le Dikgolagano 76:71-80.)

Bao ba ba tswelelang mo dibeng tsa bone mme ba sa ikwatlhaye mo lefatsheng lena kgotsa go amogela efangele ya ga Jeso Keresete mo lefatsheng la mowa ba tlaa amogela tuelo ya bone mo bogosing jwa thelesetiale. Bogosi jono bo tshwantshanngwa le kgalalelo ya dinaledi. (Bona Dithuto le Dikgolagano 76:81-86.)

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

Tshoboko ya Thuto e e Khutshwane go Selekanyo se se fa gare

Tshoboko e e latelang ke sekao sa se o ka se rutang mongwe fa o na le nako e khutshwane fela. Fa o dirisa tshoboko e, kgetha molawana o le mongwe kgotsa go feta go e ruta. Motheo wa thuto wa molawana mongwe le mongwe o neetswe pele mo thutong.

Fa o ruta, botsa dipotso mme o reetse. Naya ditaletso tse di tlaa thusang batho go ithuta ka fa ba ka atamelang Modimo ka gone. Taletso e le nngwe e e botlhokwa ke ya gore motho a kopane le lona gape. Boleele jwa thuto bo tlaa laolwa ke dipotso tse o di botsang le go reetsa mo o go dirang.

Se o ka se rutang batho mo metsotsong e le 3-10

  • Rotlhe re bana ba Modimo ba mowa. Re maloko a lelwapa la Gagwe. O itse le go rata mongwe le mongwe wa rona.

  • Modimo o neetse togamaano ya boitumelo jwa rona le tswelelo pele mo botshelong jo le mo bosakhutleng.

  • Mo togamaanong ya Modimo, re ne re tlhoka go tla mo lefatsheng go amogela mebele ya nama, go ithuta, le go gola.

  • Jeso Keresete ke konokono ya togamaano ya Modimo. O dira gore go kgonege mo go rona go nna le botshelo jo bo sa khutleng.

  • Ka fa tlase ga kaelo ya Modimo, Jeso o ne a tlhola lefatshe.

  • Maitemogelo a rona mo lefatsheng a ikaeletswe go re thusa go ipaakanyetsa go boela kwa boleng teng jwa Modimo.

  • Mongwe le mongwe wa rona o a leofa, mme mongwe le mongwe wa rona o tlaa swa. Ka ntlha ya ya gore Modimo o a re rata, o ne a romela Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete, mo lefatsheng go re golola mo sebeng le mo losong.

  • Tsotlhe tse di sa siamang mo botshelong di ka siamisiwa ka Tetlanyo ya ga Jeso Keresete.

  • Fa mmele wa rona wa nama o swa, mowa wa rona o tswelela o tshela. Kwa bofelong re tlaa tsosiwa. Sena se raya gore mowa le mmele wa motho mongwe le mongwe di tlaa kopana gape, mme mongwe le mongwe wa rona o tlaa tshela ka bosaengkae mo mmeleng o o itekanetseng, o o tsositsweng.

  • Fa re tsosiwa, Jeso Keresete o tlaa nna moatlhodi wa rona. Ka dikamogelo di se kae, bana botlhe ba Modimo ba tlaa amogela lefelo mo bogosing jwa kgalalelo. Re ka boela go tshela mo boleng teng jwa Modimo fa re le boikanyego.

Gatisa