Mission Callings
Kgaolo 3: Thuto 3—Efangele ya ga Jeso Keresete


“Kgaolo 3: Thuto 3—Efangele ya ga Jeso Keresete,” Rera Efangele ya Me: Kaelo ya go Abelana Efangele ya ga Jeso Keresete (2023)

“Kgaolo 3: Thuto 3,” Rera Efangele ya Me

Kgaolo 3: Thuto 3

Efangele ya ga Jeso Keresete

Go Tla ga Bobedi, ka Harry Anderson

Batho ba Ka Gakgamala

  • Jeso Keresete ke Mang? O ka nthusa jang le lelwapa la me?

  • Go kaya eng go nna le tumelo mo go Jeso Keresete? Go nna le tumelo mo go Ene go segofatsa botshelo jwa me jang?

  • Go kaya eng go ikwatlhaya?

  • Ke ka utlwa kagiso ya Modimo le maitshwarelo jang morago ga go dira ditshwetso tse di maswe?

  • Maikaelelo a kolobetso ke eng?

  • Neo ya Mowa o o Boitshepo ke eng?

  • Go kaya eng go itshoka go ya bokhutlong?

Efangele ya ga Jeso Keresete ke tsela eo re tlang mo go Keresete ka yone. E motlhofo thata mo ngwana a ka e tlhaloganyang. Thuto eno e bua thata ka efangele le dithuto tsa ga Keresete, go akaretsa tumelo mo go Jeso Keresete, boikwatlhao, kolobetso, neo ya Mowa o o Boitshepo, le go itshoka go ya bokhutlong. Gape e gatelela ka fa efangele e segofatsang bana botlhe ba Modimo ka gone.

Lefoko efangele ka tlhamalalo le kaya “dikgang tse di molemo.” Efangele ya ga Jeso Keresete ke dikgang tse di molemo gonne di tlamela dithuto—boammaaruri jwa bosakhutleng—re tshwanetse go tla kwa go Ene mme re bolokwe (bona 1 Nefi 15:14). Efangele e re ruta ka fa re ka tshelang matshelo a a molemo, a a nang le boleng. Dikgang tse di molemo tsa efangele di tlamela tsela gore re itshwarelwe dibe, re itshepisiwe, le go boela kwa bo leng teng jwa Modimo.

Dikakantsho tsa go Ruta

Karolo e e tlamela sekao sa kaedi go go thusa go ipaakanyetsa go ruta Gape e na le dikai tsa dipotso le ditaletso tse o ka di dirisang.

Fa o ntse o baakanyetsa go ruta, akanyetsa ka thapelo seemo sa motho mongwe le mongwe le dilo tse a di tlhokang semoweng. Dira tshwetsho ka seo se se ka thusang thata go ruta. Ipaakanyetse go tlhalosa mafoko a batho ba ka tswang ba sa a tlhaloganye. Rulaganya go yeng ka nako eo o tlaa nnang le yone, o gakologelwa go khutshwafatsa thuto.

Tlhopha dikwalo tse di boitshepo tse o ka di dirisang jaaka o ruta. Kgaolo ya “Motheo wa Dithuto” ya thuto e akaretsa dikwalo tse di boitshepo tse dintsi tse di ka thusang.

Akanya ka dipotso tse o ka di botsang jaaka fa o ntse o ruta. Rulaganya ditaletso tse o tlaa di atolosang tse di tlaa rotloetsang motho mongwe le mongwe go dira.

Gatelela ditsholofetso tsa Modimo, mme o abelane bopaki jwa se o se rutang.

baanamisa efangele ba ruta lelwapa

Se O ka se Rutang Batho mo Metsotsong e le 15–25

Tlhopha molawana o le mongwe kgotsa e le mmalwa mo go e e latelang go e ruta. Motheo wa dithuto wa molawana mongwe le mongwe o tlametswe morago ga kaeding e.

Thomo ya Selegodimo ya ga Jeso Keresete

  • Modimo o rometse Morwa wa Gagwe yo o Rategang, Jeso Keresete, mo lefatsheng go re rekolola mo sebeng le leso.

  • Ka ntlha ya setlhabelo sa go lefa sa ga Jeso Keresete, re ka ntlafadiwa go tswa mo dibeng tsa rona le go itshepisiwa fa re ikwatlhaya.

  • Morago ga fa Jeso a sena go bapolwa, O ne a tsosiwa. Ka ntlha ya Tsogo, rotlhe re tlaa tsosiwa morago ga re sena go swa. Se se kaya gore mowa le mmele wa mongwe le mongwe di tlaa kopana, e bile mongwe le mongwe wa rona o tlaa tshela ka bosenang bokhutlo mo go itekanetseng, mo mmeleng o o tsositsweng.

Tumelo mo go Jeso Keresete

  • Tumelo ke molawana wa ntlha wa efangele ya ga Jeso Keresete.

  • Tumelo mo go Jeso Keresete e akaretsa go tshepa gore ke Morwa Modimo le go mo ikanya jaaka Mmoloki le Morekolodi wa rona.

  • Tumelo mo go Jeso Keresete ke molawana wa go dira le thata.

  • Re ka nonotsha tumelo ya rona ka go rapela, go ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo, le go obamela ditaelo.

Boikwatlhao

  • Tumelo mo go Jeso Keresete e re isa kwa boikwatlhaong. Boikwatlhao ke tsamaiso ya go fetogela go Modimo re fetoga go tswa mo sebeng. Jaaka re ikwatlhaya, ditiro tsa rona, dikeletso, le dikakanyo di a fetoga go nna mo kutlwanong thata le go rata ga Modimo.

  • Fa re ikwatlhaya mo go tlhoafetseng, Modimo o a re itshwarela. Boitshwarelo bo a kgonega gonne Jeso Keresete o lefetse dibe tsa rona.

  • Fa re ikwatlhaya re utlwa kagiso jaaka molato wa rona le bohutsana di fodisiwa.

  • Boikwatlhao ke tsamaiso ya botshelo jotlhe. Modimo o re amogela gape nako le nako fa re ikwatlhaya. Ga a kitla a re latlha.

Kolobetso: Kgolagano ya rona ya Ntlha le Modimo

  • Kolobetso ke ka fa re tsenang lantlha mo kgolaganong ya botsalano le Modimo.

  • Kolobetso e na le karolo tse pedi: kolobetso ka metsi le ka Mowa. Fa re kolobediwa le go tlhomamisiwa, re tlhatswiwa dibe tsa rona, re bo re simolola botshelo sesha.

  • Re kolobediwa ka go inwa mo metsing, re latela sekai sa ga Jeso.

  • Bana ga ba kolobediwe go fitlhela ba nna le dingwaga tse di boroba bobedi. Bana ba ba swang pele ga dingwaga tseo ba rekololwa ka Tetlanyo ya ga Jeso Keresete.

  • Re ja selalelo beke le beke go gakologelwa setlhabelo sa ga Jeso le go ntšhafatsa dikgolagano tsa rona le Modimo.

Neo ya Mowa o o Boitshepo

  • Mowa o o Boitshepo ke leloko la boraro la Bomodimo.

  • Morago ga go kolobediwa, re amogela neo ya Mowa o o Boitshepo mo taong e e bidiwang tlhomamiso.

  • Fa re amogela neo ya Mowa o o Boitshepo, re ka nna le bopati jwa Gagwe botshelo jwa rona jotlhe fa re le boikanyego.

  • Mowa o o Boitshepo o a re itshepisa, o a kaela, o a re gomotsa, ebile o re thusa go itse boammaaruri.

Go Itshoka go ya Bokhutlong

  • Go itshoka go akaretsa go tswelela o diragatsa tumelo mo go Keresete letsatsi le letsatsi. Re tswelela ka go tshegetsa dikgolagano tsa rona le Modimo, re ikwatlhaya, re batla bopati jwa Mowa o o Boitshepo, le go ja selalelo.

  • Jaaka re batla go sala morago Jeso Keresete ka boikanyego, Modimo o solofetsa gore re tlaa nna le botshelo jo bosakhutleng.

Efangele ya ga Jeso Keresete e Segofatsa Bana Botlhe ba Modimo

  • Go tshela tumalanong le efangele go oketsa boitumelo jwa rona, go tlhotlheletsa ditiro tsa rona, ebile go nonotsha dikamano tsa rona le ba bangwe.

  • Go ka direga thata gore re itumele—re le batho ka bongwe le jaaka malwapa—fa re tshela ka dithuto tsa ga Jeso Keresete.

  • Ka efangele ya ga Jeso Keresete, malwapa a segofadiwa mo botshelong jo mme a ka nna seoposengwe ka bosakhutleng mme a tshela fa pele ga Modimo.

Dipotso tse O ka di Botsang Batho

Dipotso tse dilatelang ke dikai tsa tseo tse o ka di botsang batho. Dipotso tse di ka go thusa gore o nne le puisanyo e e nang le boleng le go tlhaloganya ditlhoko tsa batho le ka fa ba lebang dilo ka teng.

  • O itseng ka ga Jeso?

  • Go kaya eng go nna le tumelo mo go Jeso Keresete?

  • Ke diphetogo dife tse o batlang go di dira mo botshelong jwa gago?

  • O tlhaloganya eng ka boikwatlhao?

  • O tlhaloganya eng ka kolobetso? O ka dira eng jaanong go ipaakanyetsa kolobetso?

  • Mowa o o Boitshepo o ka go thusa jang mo loetong la gago go boela kwa boleng teng jwa Modimo?

  • Ke kgwetlho efe e e o go lebaganeng kgotsa lelwapa la gago? A re ka abelana ditsela dingwe tse efangele ya ga Jeso Keresete e ka go thusang?

Ditaletso tse O ka di Abelanang

  • A o ka lopa Modimo ka thapelo go go thusa go itse (Bona “Itemogelo ya go Ruta: Thapelo” mo karolong ya bofelo ya thuto 1.)

  • A o tlaa tla kerekeng le rona go ithuta mo gontsi ka ga se re se go rutileng?

  • A o tlaa bala Buka ya ga Momone le go rapela goitse gore ke lefoko la Modimo? (O ka nna wa umaka dikgaolo le ditemana tse di maleba.)

  • A o ka sala sekai sa ga Jeso morago ka go kolobediwa? (Bona “Taletso go Kolobediwa le go Tlhomamisiwa,” e e tlang pele fela ga thuto 1.)

  • A re ka baya nako ya go kopana le rona mo go latelang

Motheo wa Dithuto

Karolo e e neela dithuto le dikwalo tse di boitshepo gore o di ithutuntshe go nonotsha kitso ya gago le bopaki jwa efangele le go go thusa go ruta.

These Twelve Jesus Sent Forth [Ba ba Lesome le Bobedi ba Jeso a ba Romileng], ka Walter Rane

Thomo ya Selegodimo ya ga Jeso Keresete

Rara wa Legodimo a romela Morwa wa Gagwe yo o Rategang, Jeso Keresete, mo lefatsheng go kgontsha gore rotlhe re ka itemogela boipelo mo lefatsheng le le botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng le le tlang. “Mme se ke efangele, dikgang tse di molemo, … gore [Jeso Keresete] o tlile mo lefatsheng … go rwala dibe tsa lefatshe, le go itshepisa lefatshe, le go ntlafatsa go tswa mo tshiamologong yotlhe; gore ka ene botlhe ba ka bolokwa” (Dithuto le Dikgolagano 76:40–42).

Jaaka batho, rotlhe re a leofa, mme rotlhe re tlaa swa. Sebe le leso di tlaa re kgoreletsa go nna le botshelo jwa bosakhutleng le Modimo fa e se fela re na le Morekolodi (bona 2 Nefi 9). Pele ga lefatshe le bopiwa, Rara wa Legodimo a tlhopha Jeso Keresete go re rekolola. Mo go supeng lorato le legolo, Jeso o ne a tla mo lefatsheng mme a diragatsa thomo e ya selegodimo. O re kgontshitse go rekololwa go tswa mo dibeng tsa rona, mme O netefaditse gore re tlaa tsosiwa rotlhe morago ga go swa.

Jeso o tshidile botshelo jo bo senang sebe. Kwa bokhutlong jwa bodiredi jwa Gagwe mo nameng, O ne a itseela dibe tsa rona ka go boga ga Gagwe mo Gethesemane le fa A ne A bapolwa (bona 1 Nefi 11:33). Go boga ga ga Jeso gone go le gogolo mo go mo dirileng gore Ene “a rorome ka ntlha ya botlhoko, le go tswa madi ka leroba lengwe le lengwe” (Dithuto le Dikgolagano 19:18). Morago ga Papolo ya Gagwe, Jeso o ne a tsosiwa, a amogela phenyo godimo ga leso. Tsotlhe, ditiragalo tse ke Tetlanyo ya ga Jeso Keresete.

Dibe tsa rona di re dira gore re leswafale semowa, mme “ga gona sepe se se leswafetseng se se ka nnang le Modimo” (1 Nefi 10:21). Go tlaleletsa, molao wa tshiamo o batla ditlamorago go dibe tsa rona.

Setlhabelo sa go lefa sa ga Jeso se tlamela tsela ya go ntlafala go tswa mo sebeng le go itshepisiwa fa re ikwatlhaya. Gape e tlamela tsela go kgotsofatsa ditopo tsa tshiamo (bona Alema 42:15, 23–24). Mmoloki o ne a re, “Ke … bogetse botlhe dilo tse, gore ba ka se boge fa ba ka ikwatlhaya; mme fa ba ka se ikwatlhaye ba tshwanetse go boga fela jaaka Nna” (Dithuto le Dikgolagano 19:16–17). Fa e ne e se ka Jeso Keresete, sebe se ka bo se khutlisitse tsholofelo yotlhe ya go tshela ga isago le Rara wa Legodimo.

Mo go intsheng setlhabelo sa rona, Jeso ga a ka a tlosa maikarabelo a rona. Re tlhoka go nna le tumelo mo go Ene, re ikwatlhaye, le go lwela go obamela ditaelo. Jaaka re ikwatlhaya, Jeso o tlaa amogela mo boemong jwa rona ditetla tsa Gagwe tsa kutlwelobotlhoko tsa ga Rara wa Gagwe (bona Moroni 7:27–28). Ka ntlha ya thapelelo ya ga Mmoloki, Rara wa Legodimo o a re itshwarela, a re golole mo mekgweleong le molato wa dibe tsa rona (bona Mosia 15:7–9). Re ntlafadiwa semowa mme kwa bofelong re amogelwe mo boleng teng jwa Modimo.

Le gone thomo e nngwe ya selegodimo ya ga Jeso e ne e le go re boloka mo losong. Ka ntlha ya gore O ne a tsosiwa, rotlhe re tlaa tsosiwa morago re sena go swa. Se se kaya gore mowa le mmele wa mongwe le mongwe di tlaa kopana, e bile mongwe le mongwe wa rona o tlaa tshela ka bosenang bokhutlo mo go itekanetseng, mo mmeleng o o tsositsweng. Fa e se ka Jeso Keresete, loso lo ne lo tlaa khutlisa tsholofelo ya isago le Rara wa Legodimo

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo

Modimo o Rometse Morwa wa Gagwe

Poloko ka Jeso Keresete

Ithute mo go Oketsegileng ka ga Molawana O

Tumelo mo go Jeso Keresete

Molawana wa ntlha mo efangeleng ke tumelo mo go Morena Jeso Keresete. Tumelo ke motheo wa melawana e mengwe yotlhe ya efangele.

Tumelo mo go Jeso Keresete e akaretsa go nna le boikanyo gore ke Morwa Modimo Yo o Tsetsweng a le Esi. E akaretsa go Mo tshepha jaaka Mmoloki wa rona le Morekolodi—gore ke Ene tsela e le nosi ya rona go boela kwa boleng teng jwa Modimo (bona Ditiro 4:10–12; Mosia 3:17; 4:6–8). Re lalediwa gore re nne “le tumelo e e sa reketleng mo go ene, re ikaega ka botlalo ka dinonofo tsa yo o nonofileng go boloka” (2 Nefi 31:19).

Tumelo mo go Jeso Keresete e akaretsa go dumela gore O ne a boga ka ntlha ya dibe tsa rona mo setlhabelong sa Gagwe sa tetlanyo. Ka ntlha ya setlhabelo sa Gagwe, re ka ntlafadiwa le go rekololwa jaaka re ikwatlhaya. Go ntlafadiwa mo go re thusa go bona kagiso le tsholofelo mo botshelong jo. Gape go re letlelela go amogela boipelo ka botlalo fa re sena go swa.

Tumelo mo go Jeso Keresete e akaretsa go tshepa gore ka Ene, rotlhe re tlaa tsosiwa morago ga go swa. Tumelo e e ka re tshegetsa le go re gomotsa mo dinakong tsa tatlhegelo. Kutlobotlhoko ya loso e ka nyelediwa ke tsholofelo ya Tsogo.

Tumelo mo go Jeso Keresete e akaretsa go dumela le go tshepa gore O itseetse mo go Ene dipitlagano le makoa a rona (bona Isaia 53:3–5). O itse go tswa mo boitemogelong jwa Gagwe gore o ka re tshegetsa jang ka kutlwelobotlhoko mo dikgwetlhong tsa botshelo (bona Alema 7:11–12; Dithuto le Dikgolagano 122:8). Jaaka re diragatsa tumelo, O re thusa go gatela pele mo mathateng.

Ka tumelo ya rona mo go Ene, Jeso o ka re fodisa mo nameng le semowa. O nna a iketleeditse go re thusa jaaka re gakologelwa taletso ya Gagwe go “lebang kwa go nna mo kakanyong nngwe le nngwe; lo se belaele, lo se boife” (Dithuto le Dikgolagano 6:36).

Molawana wa go Dira le Thata

Tumelo mo go Jeso Keresete e isa go direng. Re supa tumelo ya rona ka go obamela ditaelo le go dira molemo letsatsi le letsatsi. Re ikwatlhaela dibe tsa rona. Re a ikanyega mo go Ene. Re leka ka natla go nna jaaka Ene.

Jaaka re diragatsa tumelo, re ka itemogela thata ya ga Jeso mo matshelong a rona letsatsi le letsatsi. O tlaa tlotlomatsa maiteko a rona a a molemolemo. O tla re thusa go gola le gopalela teko.

Go Nonotsha Tumelo ya Rona

Moporofeti Alema o rutile gore go aga tumelo go ka simolola ka mo go motlhofo “keletso go dumela” (Alema 32:27). Ke gone, gore tumelo ya rona mo go Jeso Keresete e gole, re tlhoka go e otla ka go ithuta lefoko la Gagwe, go diragatsa dithuto tsa Gagwe, le go obamela ditaelo tsa Gagwe. Alema o rutile gore jaaka re otla ka bopelotelele, ka tlhoafalo lefoko la Modimo mo dipelong tsa rona, “se tlaa tlhoga modi [mme bonang e tlaa nna] setlhare se se golelang botshelong jwa bosenang bokhutlo”—jaana le nonotsha tumelo ya rona (Alema 32:41; bona ditemana 26–43).

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo

Tumelo, Thata, le Poloko

Dithuto tsa Tumelo

Dikai tsa Tumelo

Ditiro le go Obamela

Tumelo go ya Boikwatlhaong

Ithute mo go Oketsegileng ka ga Molawana O

  • Guide to the Scriptures: “Jesus Christ,” “Atone, Atonement,” “Faith

  • Bible Dictionar: “Faith

  • Gospel Topics: “Jesus Christ,” “Atonement of Jesus Christ,” “Faith in Jesus Christ

Boikwatlhao

Boikwatlhao ke eng?

Boikwatlhao ke molawana wa bobedi wa efangele. Tumelo mo go Jeso Keresete le lorato la rona mo go Ene le re gogela go ikwatlhaya (bona Helamane 14:13). Boikwatlhao ke tsamaiso ya go fetogela go Modimo re fetoga go tswa mo sebeng. Jaaka re ikwatlhaya, ditiro tsa rona, dikeletso, le dikakanyo di a fetoga go nna mo kutlwanong thata le go rata ga Modimo. Re kgona go itshwarelwa dibe ka Jeso Keresete le ka setlhabelo sa Gagwe sa tetlanyo.

Boikwatlhao bo feta go diragatsa maatla otlhe go fetola maitshwaro kgotsa go fenya bokoa. Boikwatlhao ke go fetogela go Keresete ka tlhoafalo, yo o re neelang thata go itemogela “phetogo e e maatla” mo dipelong tsa rona (Alema 5:12–14). Jaaka re itemogela phetogo e ya pelo, re tsalwa semowa (bona Mosia 27:24–26).

Ka boikwatlhao, re nna le pono e ntšha ka Modimo, ka bo rona, le lefatshe. Re utlwa sesha lorato la Modimo jaaka bana ba Gagwe—le lorato la Mmoloki mo go rona. Tshono ya go ikwatlhaya ke nngwe ya ditshegofatso tse dikgolo tse Modimo a re di neetseng ka Morwa wa Gagwe.

Tsamaiso ya Boikwatlhao

Fa re ikwatlhaya, re lemoga dibe tsa rona le go utlwa boikwatlhao jo bo tlhoafetseng. Re ipolela dibe tsa rona go Modimo le go lopa boitshwarelo jwa Gagwe. Gape re ipolela go baeteledipele ba ba laotsweng ba Kereke fa e le sebe se segolo, bao ba tlaa re thusang jaaka fa re ikwatlhaya. Re dira mo re ka go kgonang go buseletsa, mo go rayang go leka go baakanya mathata a ditiro tsa rona di a dirileng. Boikwatlhao jo bo tlhoafetseng bo botoka bo supiwa ka ditiro tsa tshiamo mo sebakeng sa nako.

Boikotlhao ke tsamaiso ya letsatsi le letsatsi motshelo jwa rona jotlhe. “Botlhe ba leofile, mme ba tlhaetse kgalalelo ya Modimo” (Baroma 3:23). Re tshwanetse go tswelela re ikwatlhaya, re gakologelwa gore re “ka dira dilo tsotlhe ka Keresete yo o re nonotshang” (Bafilipi 4:13). Morena o re netefaleditse gore “gantsi jaaka batho ba me ba ikwatlhaya ke tlaa ba itshwarela melato ya bone kgatlhanong le nna” (Mosia 26:30).

Ditshegofatso tsa Boikwatlhao

Boikwatlhao ke molawana o o tlhaga o o tlisang boipelo le kagiso. Bo re tlisa “mo thateng ya Morekolodi, go bona poloko ya mewa ya [rona]” (Helamane 5:11).

Fa re ikwatlhaya, molato wa rona le kutlobotlhoko di a fola mo tsamaong ya nako. Re utlwa tlhotlheletso ya Mowa ka letlotlo. Keletso ya rona ya go sala Modimo morago e gola thata.

Poresidente Russell M. Nelson

“Batho ba bantsi ba tsaya boikwatlhao jaaka kotlhao—selo se se ka itlhokomolosiwang. … Mme maikutlo a go otlhaiwa a neelwa ke Satane. O leka go re thibela go leba kwa go Jeso Keresete, yo o emeng ka matsogo a a phuthulogileng, a solofela le go rata go re fodisa, itshwarela, ntlafatsa, nonotsha, itshekisa, le go re itshepisa” (Russell M. Nelson, “We Can Do Better and Be Better,” Liahona, Motsheganong 2019, 67).

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo

Boikwatlhao

Thekololo le Boitshwarelo

Kutlwelobotlhoko go Bao Ba Ikwatlayang

Ithute mo go Oketsegileng ka ga Molawana O

lekgarebe le kolobediwa

Kolobetso: Kgolagano ya rona ya Ntlha le Modimo

Tumelo mo go Jeso Keresete le boikwatlhao di re baakanyetsa ditao tsa kolobetso le tlhomamiso. Kolobetso ke tao ya ntlha e e bolokang ya ga Jeso Keresete. Jaaka re amogela tao e ya boipelo jwa tsholofelo, re dira kgolagano ya rona ya ntlha le Modimo.

Tao ke tiragalo e e boitshepo kgotsa modiro o o diragadiwang ka taolo ya boperesiti. Ditao tse dingwe, jaaka kolobetso, di botlhokwa mo polokong ya rona.

Ka ditao, re dira dikgolagano le Modimo. Dikgolagano tse ke ditsholofetso tse di boitshepo fa gare ga rona le Modimo. O re solofetsa go re segofatsa jaaka re tshegetsa ditsholofetso le Ene. Re tshwanetse re nne le maitlamo a magolo go tshegetsa ditsholofetso tsa rona le Modimo.

Modimo o tlametse ditao le dikgolagano go re thusa go tla kwa go Ene le go nna le botshelo jo bosakhutleng. Jaaka re amogela ditao tsa boperesiti le go tshegetsa dikgolagano tse di golaganeng le tsone, re ka itemogela “thata ya semodimo” mo matshelong a rona (Dithuto le Dikgolagano 84:20).

Kgolagano ya Kolobetso

Mmoloki o rutile gore kolobetso e botlhokwa mo go rona go ka tsena ka bogosi jwa legodimo (bona Johane 3:5). Gape e botlhokwa mo go rona go nna maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete. Mmoloki wa rona o beile sekao ka go kolobediwa (bona Mathaio 3:13–17).

Fa re kolobediwa le go tshegetsa kgolagano ya rona, Modimo o re solofetsa go re itshwarela dibe tsa rona (bona Ditiro 22:16; 3 Nefi 12:1–2). Tshegofatso e kgolo e e kgontshitswe ka setlhabelo sa go lefa sa ga Jeso Keresete, yo o re “ratang le go re tlhatswa mo dibeng tsa rona ka madi a gagwe” (Tshenolo 1:5). Modimo o solofeditse go re segofatsa ka mopati wa Mowa o o Boitshepo gore re itshepisiwe, kaelwe le go gomodiwa.

Mo karolong ya rona ya kgolagano ya kolobetso, re supa gore re rata go itseela leina la ga Jeso Keresete. Gape re solofetsa go mo gakologelwa ka metlha le go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe. Fa re kolobediwa, re solofetsa go “lela le bao ba ba lelang; … go gomotsa bao ba ba tlhokang kgomotso, le go ema jaaka basupi ba Modimo ka dinako tsotlhe le mo dilong tsotlhe, le mo mafelong otlhe” (Mosia 18:9; bona ditemana 8–10, 13). Re kaya boikaelelo jwa go direla Jeso Keresete go ya bokhutlong jwa matshelo a rona (bona Dithuto le Dikgolagano 20:37; Mosia 2:17).

Maitlamo a a golaganeng le kgolagano ya rona ya kolobetso ke maikarabelo a magolo. A a tlhotlheletsa mme a boipelo. A dira botsalano jo bo kgethegileng ma gareng ga rona le Rara wa Legodimo ao ka one a atolosang lorato la Gagwe ka bosakhutleng.

Kolobetso ka go Inwa mo metsing

Jeso o rutile gore re tlhoka go kolobediwa ka go inwa mo metsing go itshwarelwa dibe tsa rona (bona Dithuto le Dikgolagano 20:72–74). Kolobetso ka go inwa mo metsing ke sekao sa loso, phitlho le Tsogo ya ga Jeso Keresete (bona Baroma 6:3–6).

Kolobetso ka go inwa mo metsing le gone e na le maatla a bokao mo go rona. E kaya loso la botshelo jwa rona jwa bogologolo, go fitlhwa ga botshelo joo, lego tsoga ga rona mo go tsalweng sesha. Fa re kolobediwa, re simolola tsamaiso ya go tsalwa gape le go nna barwa le barwadie ba ga Keresete ba semowa (bona Mosia 5:7–8; Baroma 8:14–17).

Bana

Bana ga ba kolobediwe go fitlhelela ba nna le dingwaga tsa maikarabelo, tse e leng dingwaga tse di borobabobedi (bona Dithuto le Dikgolagano 68:27). Bana ba ba swang pele ga dingwaga tseo ba rekololwa ka Tetlanyo ya ga Jeso Keresete (bona Moroni 8:4–24; Dithuto le Dikgolagano 137:10). Pele ga bana ba kolobediwa, ba tshwanetse go rutiwa efangele gore ba ipaakanyetse kgato e e botlhokwa e mo matshelong a bone go dira kgolagano le Modimo.

Sakaramente

Rara wa rona wa Legodimo o batla re nna boikanyego mo dikgolaganong tse re di dirang le Ene. Go re thusa go dira se, O re laotse go phuthega kgapetsa kgapetsa go ja selalelo. Sakaramente ke tao ya boperesiti e Jeso a e simolotseng go Baaposetole ba Gagwe pele ga Tetlanyo ya Gagwe.

Go ja selalelo ke boremelelo jwa maikaelelo a kopano ya sakaramente beke le beke. Borotho le metsi di a segofadiwa le go neelwa phuthego. Borotho bo kaya setlhabelo sa Mmoloki sa mmele wa Gagwe go rona. Metsi a kaya madi a Gagwe, a a re a tshololetseng.

Re tsaya ditshupo tse mo kgakologelong ya setlhabelo sa Mmoloki le go ntšhafatsa dikgolagano le Modimo. Re amogela go ntšhafatsa tsholofetso gore Mowa o tlaa nna le rona.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo

Sekai sa ga Keresete

Kgolagano ya Kolobetso

Ditshwanelo tsa Kolobetso

Ditsholofetso tsa Ditshegofatso tsa Kolobetso

Gotlhokega ga Taolo

Jeso O Tlhomile Sakaramente

Dithapelo tsa Sakeramente

Go ja Selalelo

Ithute mo go Oketsegileng ka ga Molawana O

Keresete a beile diatla mo mosading

Neo ya Mowa o o Boitshepo

Amogela Neo ya Mowa o o Boitshepo

Kolobetso e na le karolo tse pedi. Jeso o rutile gore re tlhoka go “tsalwa ka metsi le ka Mowa” go tsena mo bogosing jwa Modimo (Johane 3:5; kgatalelo e e tlaleletsang). Joseph Smith o rutile, “Kolobetso ka metsi ke sephatlo fela sa kolobetso, mme ga e a lekana go sena sephatlo se sengwe—se e leng, kolobetso ka Mowa o o Boitshepo” (Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith [2007], 95).

Kolobetso ya metsi e tshwanetse go salwa morago ke kolobetso ya Mowa go felela. Fa re amogela dikolobetso tsotlhe, re a ntlafadiwa go tswa mo dibeng tsa rona le go tsalwa sesha semowa. Ke gone re simolola botshelo jo bosha jwa semowa jaaka barutwana ba ga Keresete.

Re amogela kolobetso ya Mowa mo taong e e bidiwang tlhomamiso. Tao e e dirwa ke mongwe kgotsa go feta wa batshegetsi ba boperesiti ka go baya diatla tsa bone mo tlhogong ya rona. Lantlha ba re tlhomamisa go nna maloko a Kereke, mme ke gone ba re neele Mowa o o Boitshepo. Se ke tao e e nankotsweng mo Kgolaganong e Ntšha le Buka ya ga Momone (bona Ditiro 8:14–17; 3 Nefi 18:36–37).

Mowa o o Boitshepo ke leloko la boraro la Bomodimo. O dira ka kutlwano le Rara wa Legodimo le Jeso Keresete. Fa re amogela neo ya Mowa o o Boitshepo, re ka nna le mopati wa Gagwe matshelo o tlhe a rona jaaka re le boikanyego.

Ka fa Mowa o o Boitshepo o re Segofatsang ka teng

Neo ya Mowa o o Boitshepo ke nngwe ya dineo tse dikgolo tsa ga Rara wa Legodimo. Mowa o o Boitshepo o a re ntlafatsa le go re itshepisa, o re dira gore re nne boitshepo, re feletse, jaaka Modimo (bona 3 Nefi 27:20). O re thusa go fetoga le go gola semowa jaaka re batla go sala melawana ya Modimo morago.

Mowa o o Boitshepo o re thusa go ithuta le go lemoga boammaaruri (bona Moroni 10:5). Le gone o tlhomamisa boamaaruri go dipelo le ditlhaloganyo tsa rona. Mo tlalaletsong, Mowa o o Boitshepo o re thusa go ruta boammaaruri (bona Dithuto le Dikgolagano 42:14). Fa re ithuta le go ruta boammaaruri ka thata ya Mowa o o Boitshepo, O bo isa mo dipelong tsa rona (bona 2 Nefi 33:1).

Fa re batla kaelo ka boikokobetso mo Moweng o o Boitshepo, O tlaa re kaela (bona 2 Nefi 32:5). Se se akaretsa go re tlhotlheletsa ka fa re ka direlang ba bangwe ka teng.

Mowa o o Boitshepo o tlamela nonofo ya semowa go re thusa go fenya makoa. O re thusa go palela teko. O ka re tlhagisa ka kotsi ya semowa le senama.

Mowa o o Boitshepo o tlaa re thusa mo dikgwetlhong tsa botshelo. O tlaa re gomotsa mo dinakong tsa teko kgotsa khutsafalo, a re tlatsa ka tsholofelo (bona Moroni 8:26). Ka Mowa o o Boitshepo, re utlwa lorato lwa Modimo.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo

Tlholego ya Mowa o o Boitshepo

Ditshegofatso le Tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo

Botlhokwa jwa Neo ya Mowa o o Boitshepo

Ithute mo go Oketsegileng ka ga Molawana O

Jeso a tshwere bana

Go Itshoka go ya Bokhutlong

Fa re kolobediwa re bo re tlhomamisiwa, re tsena mo kgolaganong le Modimo. Mo gare ga dilo tse dingwe, re solofetsa go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe le go mo direla botshelo jotlhe jwa rona (bona Mosia 18:8–10, 13; Dithuto le Dikgolagano 20:37).

Morago ga go tsena mo tseleng ya efangele ka kolobetso le tlhomamiso, re dira gotlhe go nna mo go yone. Fa re tswa mo tseleng le fa go le go nyenyane, re diragatsa tumelo mo go Keresete go ikwatlhaya. Tshegofatso ya boikwatlhao e re letlelela go boela mo tseleng ya efangele le go amogela ditshegofatso tsa kgolagano ya rona le Modimo. Jaaka re ikwatlhaya ka tlhoafalo, Modimo ka metlha o rata go re itshwarela le go re amogela gape.

Go itshoka go ya bokhutlong go raya go nna boikanyego go Modimo go ya bokhutlong jwa matshelo a rona—mo dinakong tse di siameng le dinako tse di thata, mo go fitlheleleng le pitlagano. Ka boikokobetso re letlelela Keresete go re aga le go re dira jaaka Ene. Re leba kwa go Keresete ka tumelo, go tshepa, le tsholofelo go sa kgathalesege se se tlang mo matshelong a rona.

Go itshoka go ya bokhutlong ga go reye fela go tshegetsa go fitlhelela re swa. Mme go raya, go lebaganya matshelo a rona, dikakanyo, le ditiro mo go Jeso Keresete. Go akaretsa go tswelela o diragatsa tumelo mo go Keresete letsatsi le letsatsi. Le gone re tswelela ka go ikwatlhaya, re tshegetsa dikgolagano tsa rona le Modimo, le go batla bopati jwa Mowa o o Boitshepo.

Go itshoka go ya bokhutlong go akaretsa go “gate[la] pele ka tlhomamo mo go Keresete, lo na le boitsheko jo bo itekanetseng jwa tsholofelo le lorato lwa Modimo le la batho botlhe.” Rara wa rona wa Legodimo o solofetsa gore jaaka re itshoka go ya bokhutlong, re “tlaa nna le botshelo jo bosakhutleng” (2 Nefi 31:20).

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo

Go Itshoka go ya Bokhutlong

Ditshegofatso go Bao ba ba Itshokang

Ithute mo go Oketsegileng ka ga Molawana O

  • Gospel Topics: “Adversity

  • Guide to the Scriptures: “Endure,” “Adversity

lelwapa le nyenya

Efangele ya ga Jeso Keresete e Segofatsa Bana Botlhe ba Modimo

Efangele ya ga Jeso Keresete ke ya Bana Botlhe ba Modimo. Dikwalo tse di boitshepo di ruta gore “rotlhe re a tshwana mo Modimong” go sa kgathalesege maitemogelo le seemo. O laletsa “botlhe go tla kwa go ene le go tlhakanela nae molemo wa gagwe; mme ga a gane ope yo o tlang kwa go ene” (2 Nefi 26:33).

Efangele ya re segofatsa botshelo jotlhe jwa rona le ka bosakhutleng. Re ka itumela—gotlhe ka bo rona le jaaka malwapa—fa re tshela ka dithuto tsa ga Jeso Keresete (bona Mosia 2:41; “Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe,” ChurchofJesusChrist.org). Go tshela tumalanong le efangele go oketsa boitumelo jwa rona, go tlhotlheletsa ditiro tsa rona, ebile go nonotsha dikamano tsa rona le ba bangwe.

Go tshela efangele ya ga Jeso Keresete le gone go ka re sireletsa mo go direng ditshwetso tse di ka re utlwisang botlhoko senama le semowa. Go re thusa go bona nonofo le kgomotso mo dinakong tsa teko le khutsafalo. Go tlamela tsela ya boipelo jwa botshelo jo bosakhutleng.

Nngwe ya melaetsa e megolo ya efangele e e tsosolositsweng ke gore rotlhe re karolo ya lelwapa la Modimo. Re barwa le barwadie ba Gagwe ba ba rategang. Go sa kgathalesege seemo sa lelwapa la rona mo lefatsheng, mongwe le mongwe wa rona ke leloko la lelwapa la Modimo.

Karolo e nngwe e kgolo ya molaetsa wa rona ke gore malwapa a ka kopana ka bosakhutleng. Lelwapa le Tlhomilwe ke Modimo. Thulaganyo e e boitshepo ya boitumelo e letlelela losika lwa lelwapa go ka tswelela morago ga loso. Ditao tsa tempele tse di boitshepo le dikgolagano di kgontsha malwapa a rona go nna mmogo ka bosenang bokhutlo.

Ka lesedi la efangele, malwapa a ka dumalana mo go sa dumalaneng, kganetsanyo, le dikgwetlho. Malwapa a a kgaoganeng a ka fola ka boikwatlhao, go itshwarelana le tumelo mo thateng ya Tetlanyo ya ga Jeso Keresete.

Efangele ya ga Jeso Keresete e re thusa go tlhabolola botsalano jwa malwapa jo bo maatla. Legae ke lefelo le le botoka go ruta le go ithuta melawana ya efangele. Legae le le tlhomilweng mo melawaneng ya efangele le tlaa nna lefelo la botshabelo le tshireletso. E tlaa nna lefelo le Mowa wa Morena o ka nnang.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo

Ithute mo go Oketsegileng ka ga Molawana O

Tshobokanyo e Khutshwane le Bogare ya Thuto

Tshobokanyo e e latelang ke sekai sa se o ka se rutang mongwe fa o na le nako e khutshwane. Fa o dirisa tshobokanyo, tlhopa molawana o le mongwe kgotsa go feta e o ka e rutang. Motheo wa dithuto wa molawana mongwe le mongwe o tlametswe morago ga kaeding e.

Jaaka o ruta, botsa dipotso mme o reetse. Atolosa ditaletso tse di tlaa thusang batho go ithuta ka fa ba ka golang go atumala go Modimo. Nngwe ya taletso e e botlhokwa ke gore motho a kopane le wena gape. Sebaka sa thuto se tlaa ikaega ka dipotso tse o di botsang le go reetsa mo go dirang

baanamisa efangele ba ruta basadi

Se oka se rutang batho mo metsotsong e le 3-10

  • Modimo o rometse Morwa wa Gagwe yo o Rategang, Jeso Keresete, mo lefatsheng go re rekolola mo sebeng le loso.

  • Tumelo mo go Jeso Keresete ke molawana wa go dira le thata. Tumelo e re thusa go itemogela thata e e nonotshang ya Mmoloki mo matshelong a rona.

  • Tumelo mo go Jeso Keresete e re isa kwa boikwatlhaong. Boikwatlhao ke tsamaiso ya go fetogela go Modimo re fetoga go tswa mo sebeng. Jaaka re ikwatlhaya, ditiro tsa rona, dikeletso, le dikakanyo di a fetoga go nna mo kutlwanong thata le go rata ga Modimo.

  • Fa re ikwatlhaya, Modimo o a re itshwarela. Boitshwarelo bo a kgonega gonne Jeso Keresete o lefetse dibe tsa rona.

  • Kolobetso e na le karolo tse pedi: kolobetso ka metsi le ka Mowa. Fa re kolobediwa le go tlhomamisiwa, re tlhatswiwa dibe tsa rona, re bo re simolola botshelo sesha.

  • Morago ga go kolobediwa, re amogela neo ya Mowa o o Boitshepo mo taong e e bidiwang tlhomamiso.

  • Jaaka ka boikanyego re sala morago tsela ya efangele go ya bokhutlong jwa matshelo a rona, Modimo o solofetsa gore re tlaa nna le botshelo jo bosakhutleng.