Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 29


Tsetlana 29

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, mo boleng teng jwa bagolwane ba le barataro, kwa Fayette, New York, Lwetse 1830. Tshenolo e e ne e neetswe malatsi mangwe pele ga khonferense, e e simololang ka Lwetse 26, 1830.

1–8, Keresete o phutha baitshenkedwi ba Gagwe; 9–11, Go tla ga Gagwe go simolodisa Lebaka la dingwaga tse di sekete; 12–13, Ba ba Lesome le Bobedi ba tlaa atlhola Iseraele otlhe; 14–21, Ditshupo, dipetso, le ditshenyego di tlaa etelela pele Go Tla ga Bobedi; 22–28, Tsogo ya bofelo le katlholo ya bofelo di sala morago Lebaka la dingwaga tse di sekete; 29–35, Dilo tsotlhe di semowa mo go Morena; 36–39, Diabole le masomosomo a gagwe ba ne ba kobiwa kwa legodimong go raela motho; 40–45, Go Wa le Tetlanyo di tlisa poloko; 46–50, Bana ba bannye ba rekolotswe ka Tetlanyo.

1 Reetsang lentswe la ga Jeso Keresete, Morekolodi wa lona, Kentse Yoo Mogolo, yo letsogo la gagwe la kutlwelobotlhoko le lefetseng dibe tsa lona;

2 Yoo tlaa phuthang batho ba gagwe fela jaaka koko e phutha dikokwana tsa yone mo diphukeng tsa yone, le e leng bontsi jo bo tlaa reetsang lentswe la me ba bo ba ikokobetsa fa pele ga me, mme ba mpitse mo thapelong e e maatla.

3 Bonang, ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, gore ka nako e dibe tsa lona lo di itshwaretswe, ke gone ka moo lo amogelang dilo tse; mme gakologelwang gore lo seka lwa tlhola le leofa, e sere kgotsa diphatsa tsa le wela.

4 Ammaaruri, ke a lo raya gore lo itshenketswe mo lefatsheng go bolela efangele ya me ka modumo wa boipelo, jaaka e kete ka tumo ya porompeta.

5 Thamang mo dipelong tsa lona mme lo itumele, gonne ke mo gare ga lona, mme ke mmueledi wa lona kwa go Rara; mme ke thato ya gagwe e e molemo go lo neela bogosi.

6 Mme, jaaka go kwadilwe—Le fa e ka bo e le eng fela se lo se kopang mo tumelong, lo tshwaraganye mo thapelong go ya ka taelo ya me, lo tlaa se amogela.

7 Mme lo bileditswe go diragatsa go phuthega ga baitshenkedwi ba me; gonne baitshenkedwi ba me ba utlwa lentswe la me mme ga ba thatafatse dipelo tsa bone;

8 Ke gone tao e dule mo go Rara gore ba tlaa phuthegela mo lefelong le le lengwe mo sefatlhogong sa lefatshe le, go baakanya dipelo tsa bone le go ipaakanya mo dilong tsotlhe kgatlhanong le letsatsi le mo go lone pitlagano le tshwafalo di romelwang mo baikeping.

9 Gonne oura e gaufi mme le letsatsi le tloga le atamela fa lefatshe le tlaa bo le budule; mme botlhe ba ba boikgogomoso le bao ba ba dirang boikepo ba tlaa nna jaaka dirite; mme ke tlaa ba laila, go bua Morena wa Masomosomo, gore boikepo bo se ka jwa nna mo lefatsheng;

10 Gonne oura e gaufi, mme seo se se neng se builwe ke baaposetole ba me se tshwanetse go diragadiwa; gonne jaaka ba buile go tlaa diragala;

11 Gonne ke tlaa iponatsa go tswa kwa legodimong ka thata le kgalalelo e kgolo, le masomosomo otlhe a a mo go lone, le go nna mo tshiamong le batho mo lefatsheng dingwaga tse disekete, mme baikepi ga ba kitla ba sala.

12 Mme gape, ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, mme se se boletswe ka tao e e nitameng, ka thato ya ga Rara, gore baaposetole ba me, Ba ba Lesome le Bobedi ba ba neng ba na le nna mo tirelong ya me kwa Jerusalema, ba tlaa ema ka fa letsogong la gagwe la moja mo letsatsing la go tla ga me mo mosipuring wa molelo, ba apesitswe ka diaparo tsa tshiamo, ka dikorone mo ditlhogong tsa bone, mo kgalalelong fela jaaka nna, go atlhola ntlo yotlhe ya Iseraele, le e leng botlhe fela ba ba nthatileng e bile ba tshegeditse ditaelo tsa me, mme e seng ope gape.

13 Gonne porompeta e tlaa gelebetega ka boleele le ka modumo o o kwa godimo, fela jaaka mo Thabeng ya Sinai, mme lefatshe lotlhe le tlaa roroma, mme ba tlaa tla—ee, e bong baswi ba ba swetseng mo go nna, go amogela korone ya tshiamo, le go apesiwa, fela jaaka nna, go nna le nna, gore re nne bangwefela.

14 Mme, bonang, Ke a lo raya gore pele ga letsatsi le legolo le le tla letsatsi le tlaa fifala, mme ngwedi o tlaa fetolwa go nna madi, mme dinaledi di tlaa wa mo legodimong, mme go tlaa nna le ditshupo tse dikgolo mo legodimong kwa godimo le mo lefatsheng kwa tlase;

15 Mme go tlaa nna selelo le kuruetso mo gare ga masomosomo a batho;

16 Mme go tlaa nna le sefako se segolo se se rometsweng go senya dijwalo mo lefatsheng;

17 Mme go tlaa diragala, ka ntlha ya boikepo jwa lefatshe, gore ke tlaa ipusolosetsa mo baikeping, gonne ga ba kitla ba ikwatlhaya; gonne senwelo sa kgalefo ya me se tletse; gonne bonang, madi ame ga a kitla a ba itshekisa fa ba se kitla ba nkutlwa.

18 Ke gone, Nna Morena Modimo ke tlaa romela dintsi mo sefatlhogong sa lefatshe, tse di tlaa kgomarelang banni ba lone, mme di tlaa ja nama ya bone, mme di tlaa dira gore diboko di tle mo go bone;

19 Mme maleme a bone a tlaa hunelwa gore ba seka ba bua kgatlhanong le nna; mme nama ya bone e tlaa wa mo marapong a bone, le matlho a bone mo dikgapheng tsa one;

20 Mme go tlaa diragala gore dibatana tsa sekgwa le dinonyane tsa loapi di tlaa ba laila.

21 Mme kereke e kgolo e bile e le makgapha, e e leng moakafadi wa lefatshe lotlhe, e tlaa digelwa fatse ka molelo o o lailang, go ya jaaka go builwe ka molomo wa moperofeti Ezekiele, yoo buileng ka dilo tse, tse di iseng di diragale mme ka nnete di tshwanetse, jaaka ke tshedile, gonne makgapha ga a kitla a busa.

22 Mme gape, ammaaruri, ammaaruri, Ke a lo raya gore e tlaa re dingwaga tse di sekete di khutla, mme batho ba simolola gape go itatola Modimo wa bone, ke gone ke tlaa rekegela lefatshe mme ka lobakanyana;

23 Mme bokhutlo bo tlaa tla, mme legodimo le lefatshe di tlaa nyelediwa le go feta, mme go tlaa nna le legodimo le lesha le lefatshe le lesha.

24 Gonne dilo tse dikgologolo di tlaa feta, mme dilo tsotlhe di tlaa ntšhafala, le e leng legodimo le lefatshe, le botlalo jotlhe jo bo mo go lone, batho le dibatana, dinyonyane tsa loapi, le ditlhapi tsa lewatle;

25 Mme le fa e le thiri e le nngwefela, le fa e le lofatsana, ga di na go latlhega, gonne ke tiro ya seatla sa me.

26 Mme, bonang, ammaaruri ke a lo raya, pele ga lefatshe le tlaa feta, Mikaele, moengele wa me yoo mogolo o tlaa letsa porompeta ya gagwe, mme baswi botlhe ba tlaa tsoga, gonne mabitla a bone a tlaa bulwa, mme ba tlaa tla—ee, le e leng botlhe.

27 Mme basiami ba tlaa kgobokanyediwa ka fa letsogong la me la moja mo botshelong jo bo sa khutleng; mme baikepi ba ba ka fa letsogong la me la molema ke tlaa tlhabiwa ke ditlhong go ba rua fa pele ga ga Rara;

28 Ke gone ke tlaa ba raya ke re—Tlogang fa go nna, bahutsegi ke lona, lo yeng molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabole le baengele ba gagwe.

29 Mme jaanong, bonang, Ke a lo raya, ga ke ise ka nako epe ke bolele go tsweng mo molomong wa me gore ba tshwanetse go boa, gonne kwa ke teng ga ba ka ke ba tla, gonne ga ba na thata.

30 Mme gakologelwang gore dikatlholo tsotlhe tsa me ga di a senolelwa batho; mme jaaka mafoko a dule mo molomong wa me fela jalo di tlaa diragadiwa, gore ba ntlha e tlaa nna ba bofelo, le gore ba bofelo e tlaa nna ba pele mo dilong tsotlhe le fa e le eng se ke se bopileng ka lefoko la thata ya me, e e leng thata ya Mowa wa me.

31 Gonne ka thata ya Mowa wa me ke di bopile; ee, dilo tsotlhe tsa semowa le tsa lobaka lono fela—

32 Lantlha semowa, la bobedi lobaka lono fela, se e leng tshimologo ya tiro ya me; mme gape, lantlha lobaka lono fela, mme la bobedi semowa, se e leng tiro ya me ya bofelo—

33 Ke bua le lona gore lo tlhaloganye ka tlholego; mme mo go nna tiro ya me ga e na bokhutlo, le fa e le tshimologo; mme lo neetswe gore lo ka tlhaloganya, gonne lo go lopile mo go nna mme e bile lo a dumalana.

34 Ke gone, ammaaruri ke a lo raya gore dilo tsotlhe mo go nna di semowa, mme ga ke ise ka nako epe ke lo neele molao wa lobaka lono fela; le fa e le motho ope, kgotsa bana ba batho; le fa e le Atamo, rraalona, yoo ke mmopileng.

35 Bonang, ke mo neetse gore e nne moikgethedi ka boene; mme ke mo neetse ditaelo, mme ga go na taelo ya lobaka lono fela e ke mo e neetseng, gonne ditaelo tsa me ke tsa semowa; ga se tsa tlholego le fa e le tsa lobaka lono fela, le fa e le tsa selefatshe le e seng tsa senama.

36 Mme ga diragala gore Atamo, ka a ne a raetswe ke diabole—gonne, bonang, diabole o ne a le fa pele ga ga Atamo, gonne o ne a ntsuologetse, a re, Nneele tlotla ya gago, e e leng thata ya me; mme le gone le ntlha ya seraro ya masomosomo a legodimo o e fapositse mo go nna ka ntlha ya boikgethelo jwa bone;

37 Mme ba ne ba piriganyediwa kwa tlase, mme jaana ga tlholega diabole le baengele ba gagwe;

38 Mme, bonang, go na le lefelo le ba le baakanyeditsweng go tswa kwa tshimologong, lefelo le e leng molete.

39 Mme go a tlhokega gore diabole a raele bana ba batho, kgotsa ga ba kake ba nna baikgethedi; gonne fa ba ka bo ba sa utlwa botlhoko ba ka bo ba sa itse monate—

40 Ke gone, ga diragala gore diabole a raele Atamo, mme a ja leungo le le ileditsweng mme a tlola taelo, se a nnileng motlhanka wa thato ya ga diabole ka sone, gonne o ineetse mo thaelong.

41 Ke gone, Nna, Morena Modimo, ka dira gore a kobiwe mo Tshimong ya Etene, go tswa mo boleng teng jwa me, ka ntlha ya tlolo ya gagwe, mo a suleng semowa ka gone, le e leng loso lwa ntlha, e bong loso lone leo le e leng loso lwa bofelo, le e leng lwa semowa, le le tlaa bolelwang mo baikepi mo gang ke tlaa reng: Tlogang, bahutsegi ke lona.

42 Mme, Bonang, Ke a lo raya gore Nna, Morena Modimo, Ke neetse Atamo le peo ya gagwe, gore ba se ka ba swa loso lwa lobaka lono fela go fitlha nna Morena Modimo ke romela baengele go ba bolelela boikotlhao le thekololo, ka tumelo mo leineng la Morwa wa me yo o Tsetsweng a le Esi.

43 Mme jaana, Nna Morena Modimo, ka tlhoma mo mothong malatsi a teko ya gagwe —gore ka loso lwa gagwe la tlholego a tsosediwe mo bosasweng go ya mo botshelong jo bo sa khutleng, le e leng bontsi jo bo tlaa dumelang;

44 Mme bone bao ba ba sa dumeleng mo phutsong ya bo sa khutleng; gonne ga ba kake ba rekololwa mo go weng semowa ga bone, gonne ga ba ikwatlhae;

45 Gonne ba rata lefifi go na le lesedi, e bile ditiro tsa bone di bosula, mme ba amogela dituelo tsa bone mo go yo ba batlileng go mo obamela.

46 Mme bonang, Ke a lo raya, gore bana ba bannye ba rekolotswe e sale ka motheo wa lefatshe ka wa me yo o Tshotsweng a le Esi;

47 Ke gone, ga ba ka ke ba leofa, gonne thata ga e a neelwa Satane go raela bana ba bannye, go fitlha ba simolola go nna le boikarabelo fa pele ga me;

48 Gonne go neetswe mo go bone fela jaaka ke rata, go ya ka maipelo ame, gore dilo tse dikgolo di ka lopiwa mo seatleng sa borraabone.

49 Mme, gape, ke a lo raya, gore ope fela yo o nang le kitso, a ga ke a mo laela go ikwatlhaya?

50 Mme ene yo o sa tlhaloganyeng, go setse mo go nna go dira ka fa go kwadilweng ka teng. Mme jaanong ga ke sa tlhole ke lo bolelela sepe gape ka nako e. Amene.

Gatisa