Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 93


Tsetlana 93

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Motsheganong 6, 1833.

1–5, Botlhe ba ba boikanyego ba tlaa bona Morena; 6–18, Johane o supile tshupo gore Morwa Modimo a gola mo tshegofatsong go fitlha A amogela botlalo jwa kgalalelo ya ga Rara; 19–20, Batho ba ba boikanyego, ba ba golang mo tshegofatsong, le bone ba tlaa amogela botlalo jwa Gagwe; 21–22, Bao ba ba tsetsweng ke Keresete ke Kereke ya Motsalwapele; 23–28, Keresete o amogetse botlalo jwa boammaaruri jotlhe, mme motho ka kobamelo o ka dira fela jalo; 29–32, Motho mo tshimologong o ne a na le Modimo; 33–35, Ditlhaka tsa tlholego ke tsa bosakhutleng, mme motho a ka amogela botlalo jwa boitumelo mo Tsogong; 36–37, Kgalalelo ya Modimo ke botlhale; 38–40, Bana gabana molato fa pele ga Modimo ka ntlha ya thekololo ya ga Keresete; 41–53, Bakaulengwe ba ba eteletseng pele ba laelwa go baakanya malwapa a bone.

1 Ammaaruri, go bua jaana Morena: Go tlaa diragala gore motho mongwe le mongwe yo o tlogelang dibe tsa gagwe mme a tle kwa go nna, e bile a bitsa leina la me, mme a obamela lentswe la me, mme a tshegetsa ditaelo tsa me, o tlaa bona sefatlhogo sa me mme a itse gore Ke nna;

2 Le gore Ke lesedi la boammaaruri le le bonesang motho mongwe le mongwe yo o tlang mo lefatsheng;

3 Le gore Ke mo go Rara, le Rara mo go nna, mme Rara le Nna re bangwefela—

4 Rara ka ntlha ya gore o nneetse botlalo jwa gagwe, mme Morwa ka ntlha ya gore Ke ne ke le mo lefatsheng mme ka dira nama ya me motlaagana, mme ka nna mo gare ga barwa batho.

5 Ke ne ke le mo lefatsheng mme ke amogetse mo go Rara, mme ditiro tsa gagwe di bonaditswe sentle.

6 Mme Johane o bonye a bo a supa tshupo ka botlalo jwa kgalalelo ya me, mme botlalo jwa tshupo ya ga Johane bo tlaa senolwa morago ga fa.

7 Mme o supile tshupo, a re: Ke bone kgalalelo ya gagwe, gore o ne a le mo tshimologong, pele ga lefatshe le ise le nne;

8 Ke gone ka moo, mo tshimologong Lefoko o ne a ntse a le teng, gonne ene e le Lefoko, e bong morongwa wa poloko—

9 Lesedi le Morekolodi wa lefatshe; Mowa wa Boammaaruri, yo o tlileng mo lefatsheng, ka ntlha ya gore lefatshe le ne le dirilwe ke ene, mme mo go ene go ne go le botshelo jwa batho le lesedi la batho.

10 Mafatshe a dirilwe ke ene; batho ba dirilwe ke ene; dilo tsotlhe di dirilwe ke ene, mme ka ene, le mo go ene.

11 Mme Nna, Johane, ke a supa gore Ke bone kgalalelo ya gagwe, jaaka kgalalelo ya Yoo Tsetsweng a le Esi wa ga Rara, a tletse tshegofatso le boammaaruri, e bong Mowa wa boammaaruri, yo o tlileng mme a nna mo nameng, mme a nna mo gare ga rona.

12 Mme Nna, Johane, ka bona gore ga a amogela botlalo pele, mme a amogela tshegofatso mo godimo ga tshegofatso;

13 Mme ga a amogela botlalo pele, mme a tswelela go gola mo tshegofatsong, go fitlha a amogela botlalo;

14 Mme jaana o ne a bidiwa Morwa Modimo, ka ntlha ya gore ga a amogela botlalo pele.

15 Mme Nna, Johane, ke a supa, mme bonang, magodimo a ne a bulegile, mme Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go ene o le mo setshwanong sa lephoi, mme wa nna mo go ene, mme foo ga tla lentswe go tswa kwa legodimong le re: Yo ke Morwaake o o rategang.

16 Mme Nna, Johane, ke a supa gore o amogetse botlalo jwa kgalalelo mo go Rara;

17 Mme o amogetse taolo yotlhe, gotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng, mme kgalalelo ya ga Rara e ne e le mo go ene, gonne o ne a nna mo go ene.

18 Mme go tlaa diragala, gore fa lo ikanyega lo tlaa amogela botlalo jwa tshupo ya ga Johane.

19 Ke lo neela mafoko a gore lo a tlhaloganye mme lo itse gore lo ka obamela jang, mme lo itse se lo se obamelang, gore lo ka tla kwa go Rara ka leina la me, mme mo nakong e e tshwanetseng lwa amogela botlalo jwa gagwe.

20 Gonne fa lo tshegetsa ditaelo tsa me lo tlaa amogela botlalo jwa gagwe, mme lo galalediwe mo go nna jaaka Ke le mo go Rara; ke gone ka moo, Ke a lo raya, lo tlaa amogela tshegofatso mo godimo ga tshegofatso.

21 Mme jaanong, ammaaruri Ke a lo raya, Ke ne ke le teng mo tshimologong ke na le Rara, mme ke Motsalwapele;

22 Mme botlhe ba ba tsetsweng ka nna ke ba tlhakanedi ba kgalalelo ya ene oo, mme ke kereke ya Motsalwapele.

23 Le lona lone lo le teng mo tshimologong le Rara; seo se e leng Mowa, e bong Mowa wa boammaaruri;

24 Mme boammaaruri ke kitso ya dilo jaaka di ntse, le jaaka di ne di ntse, le jaaka di tlaa tla;

25 Mme sengwe le sengwe se se fetang kgotsa se se kwa tlase ga se ke mowa wa moikepi yo e leng moaki go tswa kwa tshimologong.

26 Mowa wa boammaaruri ke wa Modimo. Ke nna Mowa wa Boammaaruri, mme Johane o supile ka nna, a re: O amogetse botlalo jwa boammaaruri, ee, e bong boammaaruri jotlhe;

27 Mme ga go motho ope yo o amogelang botlalo fa e se fela a tshegetsa ditaelo tsa gagwe.

28 Yo o tshegetsang ditaelo tsa gagwe o amogela boammaaruri le lesedi, go fitlha a galalediwa ka boammaaruri mme a itse dilo tsotlhe.

29 Motho le ene o ne a le teng mo tshimologong a na le Modimo. Botlhale, kgotsa lesedi la boammaaruri, le ne le sa bopiwa kgotsa la dirwa, le gone le ruri go sa nna jalo.

30 Boammaaruri jotlhe bo ikemela ka nosi mo boremelelong jo Modimo a bo beileng mo go bone, go dira ka bo jone, jaaka botlhale jotlhe le gone; fa go sa nna jalo ga gona go nna teng.

31 Bonang, se ke boikgethelo jwa motho, mme se ke tshekiso ya motho; ka ntlha ya gore se se sa leng se nna mo tshimologong se bonatshega sentle mo go bone, mme ba ganne go amogela lesedi.

32 Mme motho mongwe le mongwe yo o mowa wa gagwe o sa amogeleng lesedi o ka fa tlase ga tshekiso.

33 Gonne motho ke mowa. Ditlhaka tsa tlholego ke tsa bo sa khutleng, mme mowa le tlhaka ya tlholego, dilomaganye ka go sa kgaoganeng, go amogela botlalo jwa boitumelo;

34 Mme fa di kgaoganngwa, motho ga a kake a amogela botlalo jwa boitumelo.

35 Dipopo ke motlaagana wa Modimo, ee, motho ke motlaagana wa Modimo, e bong tempele; mme tempele le fa e le efe e e itshekologileng, Modimo o tlaa senya tempele eo.

36 Kgalalelo ya Modimo ke botlhale, kgotsa, ka mafoko a mangwe, lesedi le boammaaruri.

37 Lesedi le boammaaruri di tlogela yo o bosula.

38 Mowa mongwe le mongwe wa motho o ne o sena molato kwa tshimologong; mme Modimo ka a rekolotse motho mo go weng, batho ba nna gape, mo seemo sa bonyana jwa bone, ba sena molato fa pele ga Modimo.

39 Mme yo o bosula yo a tle mme a tlose lesedi le boammaaruri, ka bokgopo, mo baneng ba batho, le ka ntlha ya dingwao tsa borraabo.

40 Mme Ke lo laotse gore lo godisetse bana ba lona mo leseding le boammaruri.

41 Mme ammaaruri Ke a go raya, motlhanka wa me Fredrick G. Williams, o tsweletse ka fa tlase ga tshekiso e;

42 Ga wa ruta bana ba gago lesedi le boammaaruri, go ya ka ditaelo; mme yo o bosula yo o na le thata, fela jaanong jaana, mo go wena, mme se ke lebaka la pogisego ya gago.

43 Mme jaanong taelo Ke a go e neela—fa o rata go gololwa o tlaa rulaganya ntlo ya gago, gonne go na le dilo tse dintsi tse di sa siamang mo ntlong ya gago.

44 Ammaaruri, Ke raya motlhanka wa me Sidney Rigdon ke re, gore mo dilong dingwe ga a tshegetsa ditaelo mabapi le bana ba gagwe; ke gone ka moo, pele baakanya ntlo ya gago.

45 Ammaaruri, Ke raya motlhanka wa me Joseph Smith, Jun. ke re, kgotsa ka mafoko a mangwe, Ke tlaa lo bitsa ditsala, gonne le ditsala tsa me, mme lo tlaa nna le boswa le nna—

46 Ke lo bitsa batlhanka ka ntlha ya lefatshe, mme le batlhanka ba bone ka ntlha ya me—

47 Mme jaanong, ammaaruri Ke a go raya Joseph Smith, Jun.—Ga wa tshegetsa ditaelo tsa me, mme o tshwanetse go kgalemelwa fa pele ga Morena;

48 Lelwapa la gago le tshwanetse go ikwatlhaya mme la tlogela dilo dingwe, mme ba tlhokomele segolo thata mafoko a gago, kgotsa ba ntshiwe mo lefelong la bone.

49 Se Ke se rayang a le mongwe Ke se raya botlhe; rapelang ka metlha e sere kgotsa yo o bosula a nne le thata mo go lona, mme a le ntshe mo lefelong la lona.

50 Motlhanka wa me Newel K. Whitney le ene, bishopo wa kereke ya me, o tlhoka go otlhaiwa, le go baakanya lelwapa la gagwe ka fa thulaganyong, mme a bone gore ba tlhwaafale thata mme ba thuse mo lwapeng, mme ba rapele ka metlha, kgotsa ba tlaa ntshiwa mo lefelong la bone.

51 Jaanong, Ke a lo raya, ditsala tsa me, a motlhanka wa me Sidney Rigdon a tsamaye mo loeto la gagwe, mme a potlake, mme le gone a bolele ngwaga o o lebosegang wa Morena, le efangele ya poloko, jaaka Ke tlaa mo naya puo; mme ka thapelo tsa lona tsa tumelo ka tumalano e le ngwefela Ke tlaa mo tshegetsa.

52 Mme a motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., le Frederick G. Williams le bone ba potlake, mme ba tlaa neelwa go ya ka thapelo ya tumelo; mme e re ka lo tshegetsa mafoko ame ga lo kitla lo tlhabisiwa ditlhong mo lefatsheng le, le fa e le mo lefatsheng le le tlaa tlang.

53 Mme, ammaaruri Ke a lo raya, gore ke thato ya me gore ba potlakele go ranola dikwalo tse di boitshepo, le go amogela kitso ya ditso, le ya mafatshe, le ya magosi, le ya melao ya Modimo le motho, mme tsotlhe tse tsa poloko ya Sione. Amene.

Gatisa