Kgaolo 1
Ka fa re Amogetseng Buka ya ga Momone ka Teng
Letsatsi lengwe Joseph a bala Jakobe 1:5 mo Baebeleng: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a kope Modimo.” Joseph o ne a tlhoka go itse kereke e e leng yone, jalo a swetsa ka go kopa Modimo.
Mo mosong wa dikgakologo Joseph a ya kwa sekgweng go bapa le legae la gagwe go rapela.
Jaaka fa a khubama le go simolola go rapela, Satane a leka go mo emisa. Joseph a rapela thata, a kopa Rraetsho wa Legodimo thuso.
Rraetsho wa Legodimo le Jeso Keresete ba tla go Joseph mo mosepuring wa lesedi. Rraetsho wa Legodimo a supa go Jeso mme a re: “Yo Ke Morwaake yo o Rategang. Mo Utlwe!”
Joseph a botsa gore ke kereke e feng e a ka e tsenang. Jeso a mmolelela gore a seka a tsena epe ya tsone gonne tsotlhe di ne di sa siama.
Fa Joseph a bolelela batho bangwe se a se boneng le se a se utlwileng, ba ne ba mo tshega. Baeteledipele ba dikereke tse dintsi tsa selegae ba mmogisa.
Dingwaga tse tharo tsa feta. Bosigo bongwe Joseph a rapelela go itshwarelwa dibe le go itse gore a dire eng.
Moengele yoo bidiwang Moroni a bonala mme a bolelela Joseph ka lokwalo le le neng le kwadilwe mo dipapetlaneng tsa gauta. Joseph o ne a tshwanetse go ranolela dipapetlana tse mo Sekgoeng.
Fa Moroni a sena go tsamaya, Joseph a akanya ka ga se Moroni a se mmoleletseng. Moroni a boa gape ga bedi bosigong joo.
Letsatsi le le latelang Joseph a ya kwa godimo ga Lentswe la Khomora, le a neng a le bone mo ponatshegelong. Koo a bona lefika le le tona. O ne a sutisa lefika ka legong.
Ka fa tlase ga lefika go ne go le letlole la letlapa. Jaaka fa Joseph a lebelela mo letloleng, o ne a bona dipapetlana tsa gauta.
Moroni a bonala mme a bolelela Joseph gore a seka a tsaya dipapetlana mme a boe gape mo letsatsing leo ngwaga nngwe le nngwe dingwaga tse nne. Nako nngwe le nngwe Joseph a tsamaya, Moroni o ne a mo ruta.
Morago ga ngwaga tse nne Joseph o ne la bofelong a letlelelwa go tsaya dipapetlana tsa gauta. O ne a dirisa Urime le Thumime go ranola dingwe tsa tsone.
Bakwadi ba ne ba thusa Joseph ka go kwala mafoko jaaka a ne a a ranola go tswa mo dipapetlaneng tsa gauta.
Joseph a tsaya mafoko a a ranotsweng go ya kwa mogatisi mme a dira gore a dirwe buka.
Ditso tsa Kereke, 1:71.
Buka e bidiwa Buka ya ga Momone. E bolela ka ga batho ba ba nneng ba nna mo America dingwaga tse dintsi tse di fetileng. Le gone e bolela ka ga Jeso Keresete, Morwa Modimo.