Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 31 Mokapoteini Moroni a fenya Sarahemona


Kgaolo 31

Mokapoteini Moroni a fenya Sarahemona

Setshwantsho
Balamane ba bua

Sarahemona, moeteledipele wa Balamane, o batla batho ba gagwe ba tswelela ba tlhoa Banefi le go ba dira makgoba a bone.

Setshwantsho
Masole a Banefi

Banefi ba ne ba batla go tshegetsa lefatshe la bone le malapa a bone ba gololesegile. Le gone ba ne ba batla go gololesega go obamela Modimo.

Setshwantsho
Mokapoteini Moroni

Mokapoteini Moroni e ne e le moeteledipele wa batlhabani ba Banefi. Fa Balamane ba tla go lwa, Moroni le batlhabani ba gagwe ba ba kopantsha mo lefatsheng la Jeshone.

Setshwantsho
Mokapoteini Moronae le batlhabani

Mokapoteini Moronae o baakantse batlhabani ba gagwe ka dibetsa, dithebe tsa matsogo, le dithebe tsa go sireletsa tlhogo, le dilwana tse di bokete.

Setshwantsho
Batlhabani ba Balamane

Balamane ba ne ba le Batlhabani ba batona mme ba ne batshaba fa ba bona seaparo sa ntwa sa Banefi—Balamane ba ne ba apere dilwana tse dinyenyane.

Setshwantsho
Balamane ba iphitlhile mo nageng

Batlhabani ba Balamane ba ne ba seka ba lekaakanye go lwa le batlhabani ba ga Mokapoteini Moroni. Balamane ba siela mo nageng mme ba ikaelela go tlhasela toropo kgolo e sele ya Banefi.

Setshwantsho
Alema a rapela

Moroni o rometse ditlholwa go lebelela Balamane. Le gone o ne a kopa Alema go rapela go Morena go thusa. Morena a bolelela Alema kwa Balamane ba tlaa tlhaselang teng.

Setshwantsho
Moroni a gwantisa batlhabani ba gagwe

Fa Moroni a amogela molaetsa wa ga Alema, a tlogela masole mangwe go disa Jeshone mme a gwantela le ba ba setseng go kopana le Balamane.

Setshwantsho
Masole a ga Moroni ba iphitlhile

Masole a ga Mokapoteini Moroni ba iphitlhile mo dintlheng tshotlhe tsa noka ya Sitone, ba emetse go thaisa batlhabani ba ba Balamane.

Setshwantsho
tlhabano mo nokeng

Tlhabano ya simolola, mme Balamane ba leka go tshaba ka go tlola noka, mme bontsi jwa Banefi ba ne ba ba emetse kwa ntlheng e nngwe ya noka.

Setshwantsho
Banefi ba tika mara

Ba lwa thata go feta pele, Sarahemona le batlhabani ba gagwe ba bolaile Banefi ba bantsi. Banefi ba lelela go Morena go thusiwa.

Setshwantsho
Banefi ba lebagane le Balamane

Morena a nonotsha batlhabani ba Banefi. Batlhabani ba dikaganyeditse Balamane, mme Moroni a laela gore ntwa e eme.

Setshwantsho
Moroni a bua le Sarahemona

Moroni a bolelela Sarahemona gore Banefi ba ne ba sa batle go bolaya Balamane kgotsa go ba dira makgoba.

Setshwantsho
Moroni a bua

Moroni a bua gore Balamane ba ka seke ba senye tumelo ya Banefi mo go Jeso Keresete. A re Modimo o tla tswelela a thusa Banefi go lwa fela fa ba ka nna boikanyego

Setshwantsho
Moroni a laola Sarahemona

Moroni a laela Sarahemona go mo neela dibetsa tsa gagwe. Balamane ga ba kitla ba bolawa fa ba ka solofetsa go se kitla ba tlhola ba lwa le Banefi gape.

Setshwantsho
Sarahemona a neela Moroni dibetsa

Sarahemona o neetse Moroni dibetsa tsa gagwe mme a seka a solofetsa go sa lwe Moroni a neela dibetsa gape go Balamane gore ba itshireletse.

Setshwantsho
Lesole la Monefi le roba tshaka ya ga Sarahemona

Sarahemona a ragogela kwa go Moroni go mmolaya mme lesole la Monefi la itaya le go roba tshaka ya ga Sarahemona.

Setshwantsho
lesole le kgoala letlalo la tlhogo ya ga Sarahemona

Ke gone lesole la kgaola letlalo la tlhogo ya ga Sarahemona, la le baya mo nkong ya tshaka, mme a e tsholeletsa mo phefong.

Setshwantsho
letlalo la tlhogo la Molamane

Balamane ba tlaa wa jaaka letlalo la tlhogo le o le, o ba boleletse, kwa ntle ga go tlogela dibetsa le go solofetsa go se kitla ba lwa gape.

Setshwantsho
Balamane ba tlogela dibetsa

Bontsi jwa Balamane ba baya dibetsa tsa bone kwa maotong a ga Moroni mme ba solofetsa go sa lwe. Ba ne ba letlelelwa go tsamaya ka kgololesego

Setshwantsho
Balamane ba lwa

Ka kgalefo, Sarahemona a fuduwa masalela a masole go lwa. Masole a ga Moroni a bolaya bontsi jwa bone.

Setshwantsho
Sarahemona a kopa Moroni

Fa Sarahemona a bona gore ene le banna ba gagwe botlhe ba tlaa bolawa, a kopa Moroni go ba rekegela. A solofetsa go sa tlhole a lwa le Banefi gape

Setshwantsho
Balamane ba tsamaya go tswa go Banifae

Moronae a emisa ntwa mme a tsaya dibetsa tsa Balamane Morago ga go solofetsa go sa tlhole ba lwa , Balamane ba tsamaya

Gatisa