Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 40: Samuele wa Molamane o bolela ka ga Jeso Keresete


Kgaolo 40

Samuele wa Molamane o bolela ka ga Jeso Keresete

Setshwantsho
Balamane ba tsamaya

Balamane ba obamela ditaelo tsa Modimo. Ba nna basiami go gaisa Banefi.

Setshwantsho
Samuele a rerela Banefi

Samuele, moperofeti wa Molamane, a ya kwa Sarahemola go rerela Banefi ba ba boikepo. A ba bolelela go ikwatlhaya.

Setshwantsho
Samuele a sia go tswa mo badiseng ba Banefi

Banefi ba latlhela Samuele kwantle ga motse, mme a simolola go boela kwa lefatsheng la ga bone.

Setshwantsho
Samuele a rapela

Mme Morena o ne a bolelela Samuele go boela kwa Sarahemola mme a bolelele batho dilo tse Morena a tlaa di tsenyang mo pelong ya gagwe.

Setshwantsho
Samuele a rera a le mo leboteng

Banefi ba ne ba sa letlelele Samuele go boela mo toropo kgolo, jalo a pagamelela kwa godimo ga lebota la toropo mme a rera a le koo.

Setshwantsho
Batho ba reeditse Samuele

O ne a perofeta gore Banefi ba tlaa nyelediwa mo ngwageng tse 400 fa e se batho ba ikwatlhaya e bile ba na le tumelo mo go Jeso Keresete.

Setshwantsho
Samuele a bua

Samuele o boleletse Banefi gore Jeso Keresete o tlaa tsholwa mo ngwageng tse tlhano le gore o tlaa boloka botlhe bao ba ba dumelang mo go ene.

Setshwantsho
naledi fa godimo ga Bethelehema

Samuele o ba boleletse ka ga ditshupo tsa botsalo jwa ga Jeso. Naledi e ntsha e tlaa bonala, mme bosigo pele ga Jeso a tsholwa ga go ke go nna lefifi.

Setshwantsho
batho ba ntse mo lefifing

Samuele o ba boleletse ditshupo tsa loso lwa ga Jeso. Go tlaa nna le matsatsi a mararo a phifalo gotlhelele—letsatsi, ngwedi, le dinaledi ga di kake tsa phatsima.

Setshwantsho
legadima le ratha dikago

Go tlaa nna le gone tumo ya maru le dithoromo tsa lefatshe. Dithaba di tlaa nyelela, mme ditoropo tse dintsi di tlaa senngwa.

Setshwantsho
Banefi ba bua le Nefi

Bangwe ba Banefi ba dumela Samuele mme ba ikwatlhaela dibe tsa bone. Ba ne ba ya go batla Nefi, mosiami wa Monefi yo a ne a ka ba kolobetsa.

Setshwantsho
batho ba hula Samuele ka metswi

Banefi ba bangwe ba ne ba sa dumele Samuele. Ba ne ba mo ngata ka matlapa ba mo hula ka metswi. Mme Morena a mo sireletsa, mme ga go ape mantswe kgotsa metswi e e mo konopileng.

Setshwantsho
Banefi ba fula metswi

Fa batho ba bona fa a sa ka ke a hulwa, ba bantsi thata ba ne ba mo dumela, mme ba ya kwa go Nefi go kolobediwa.

Setshwantsho
Nefi a kolobetsa monna

Nefi le ene a ruta batho ka ga Jeso. O ne a batla ba dumela mo go Jeso, ba ikwatlhaya, e bile ba kolobediwe.

Setshwantsho
banna ba palama dilere

Bontsi jwa Banefi, le fa go ntse jalo, ba ne ba sa dumele Samuele. Ba ne ba leka go mo tshwara.

Setshwantsho
Samuele a tlola mo leboteng

Samuel o tlola mo leboteng mme a siela ko lefatsheng la ga bone.

Setshwantsho
Samuele o ruta Balamane

Samuele a simolola go ruta Balamane. O ne a seka a tlhola a utlwelelwa gape gareng ga Banefi.

Gatisa