Kgaolo 30
Alema o Gakolola Barwa ba Gagwe
Alema o bolelela Hilamene, morwa wa gagwe o motona, ikanye mo Modimong. A mmolelela ka moengele o Modimo a mo rometseng go bolelela Alema go emisa go senya Kereke.
Malatsi a mararo Alema o ne a bogisega ka ntlha ya molato wa gagwe. Ke gone a gakologelwa dithuto tsa ga rraagwe ka ga Jeso, mme a itse fa dibe tsa gagwe di ka itshwarelwa.
Alema a rapelela maitshwarelo, mme boipelo jwa emisetsa botlhoko mo moweng wa gagwe. O ne a itshwarelwa gonne o ne a nna le tumelo mo go Jeso Keresete e bile a ikwatlhaile.
E sale jalo Alema a ruta ba bangwe efangele gore ba utlwe boipelo jo bo tshwanang le jo a bo utlwileng. Modimo o segofaditse Alema ka ntlha ya boikanyo jwa gagwe mo Modimong.
Alema o neetse Hilamene mekwalo e e boitshepo mme a mmolelela go tswelela a kwala ditso tsa batho ba bone.
Alema a mmolelela gore fa a tshegetsa ditaelo, Modimo o tlaa mo segofatsa le go mo thusa go sireletsa mekwalo.
Alema le gone a bolelela Hilamene go rapela moso mongwe le mogwe le bosigo le go bua le Modimo ka sengwe le sengwe a neng a se dira gore Modimo a tle a thuse go mo kaela.
Alema o ne a itumeletse morwa wa gagwe Shibolone, o e ntseng e le moanamisa efangele yoo pelokgale go Basoramo. Shibolone o ne a ikanyega le fa ba mo kgobotletsa ka maje.
Alema o gakolola Shibolone gore tsela e le nngwe fela go bolokwa ke ka Jeso Keresete. Alema jalo a kgothatsa morwa wa gagwe go tswelela a ruta efangele.
Morwa wa ga Alema Korianthene o ne a sa tshegetsa ditaelo. O ne a seka a nna moanamisa efangele yo o siameng fa a ruta Basoramo.
Ka ntlha ya se Khoriathene a se dirileng, Basoramo ba seka ba dumela dithuto tsa ga Alema.
Alema a bolelela khoriathene gore batho ga ba ka ke ba fitlha dibe tsa bone mo Modimong le gore Khoriathene o tlhokana le go ikwatlhaya.
Alema o ruta morwa wa gagwe gore mongwe le mongwe o tlaa tsosiwa mme fela basiami ba tlaa tshela le Modimo.
Botshelo jo ke nako ya batho go ikwatlhaya le go direla Modimo, Alema a bua.
A gakolola Koriathene gore o ne a biditswe go nna moanamisa efangele, Alema a mmolelela gore a boele go Basoramo mme a ba rute go ikwatlhaya.
Alema le barwa ba gagwe ba tswelela ka go ruta efangele. Ba ruta ka thata ya boperesiti.