Kgaolo 28
Basoramo le Ramianpothamo
Banefi ba ne ba batla go itsa Basoramo go kopana le Balamane, jalo Alema a tsamaya le bangwe ba baanamisa efangele go rera lefoko la Modimo go Basoramo.
Baanamisa efangele ba ne ba gakgametse le go tenwa ke ka fa Basoramo ba neng ba obamela mo dikerekeng tsa bone, tse di bidiwang disinagoge.
Mo legareng la kereke, Basoramo ba ne ba agile serala se se kwa godimo se bidiwa Ramianpothamo. Gone go na le ntlwana ya motho a le mongwe go ema kwa godimo.
Basoramo ba ne ba fapaanela go ema teng, otlologela kwa legodimong mme ba gelebetega ba boeletsa thapelo e e tshwanang.
Mo thapelong e, Basoramo ba re Modimo gaana mmele; ke mowa fela. Le gone ba re ga gona go nna le Keresete.
Basoramo ba akantse fa Modimo a itshenketse bone fela go bolokiwa mo bogosing jwa legodimo. Ba fa malebo go bo e le baratwa ba batho ba gagwe.
Morago ga mongwe le mongwe wa Basoramo a rapetse, ba ya magaeng mme ba seka ba rapela kgotsa go bua ka Modimo gape beke yotlhe.
Bahumi ba Basoramo ba ratile gauta le selefera, mme ba itumisa ka dikhumo tsa selefatshe tsa bone. Alema o ne a hutsafetse go bona ka fa baneng ba le boikepo ka teng.
Alema a ithapelela le baanamisa efangele ba gagwe go nna le nonofo, kgomotso, le tswelelopele mo tirong ya bone.
Morago ga go kopa thuso go tsisa Basoramo gape mo boammaaruring, Alema le baanamisa efangela ba bangwe ba tladiwa ka Mowa o o Boitshepo.
Baanamisa efangele ke gone ba ya dintlheng tse di farologanyeng go rera. Modimo o ba segofatsa ka dijo le dilwana le go ba nonofatsa mo tirong ya bone.
Basoramo ba ba humanegileng ba ne ba sa letlelelwe mo teng ga dikereke. Batho ba ba ne ba simolola go reetsa baanamisa efangele.
Bontsi jwa botsa Alema se ba tshwanetseng go se dira. Alema a ba bolelela fa ba sa tlhoke go tsena mo teng ga kereke go rapela kgotsa go obamela Modimo.
O ba boleletse go nna le tumelo mo Modimong. Ke gone Amuleke a ba ruta ka Jeso Keresete le ka tomagano ya Modimo go bana ba gagwe.
Baanamisa efangele ba tsamaya, mme Basoramo ba ba neng ba ba dumela ba ne ba latlhelwa kwa ntle ga toropo kgolo. Ba dumedi ba ya go nna mo lefatsheng la Jeshone le batho ba ga Amone.
Le ntswa Basoramo ba ba boikepo ba tshoseditse batho ba ga Amone, batho ba ga Amone ba thusa basiami ba Basoramo le go ba neela dijo, dilwana, le lefatshe.