Kgaolo 3
Lehi o Tlogela Jerusalema
Lelwapa la ga Lehi le paka dijo le ditante. Ba ne ba tlogela ntlo ya bone le gauta ya bone le selefera mme ba tsaya loeto mo nageng.
Lehi le mosadi wa gagwe, Sarai, ba ne ba na le barwa ba bane. Maina a bone e ne e le Lamane, Lemuele, Seme le Nefi.
Fa ba sena go tsamaya malatsi a mararo, lelwapa la ga Lehi la thibelela mo mogogorong gaufi le noka.
Lehi o aga aletara ka matlapa mme a dira tshupelo go Modimo. O ne a lebogela Modimo go boloka lelwapa la gagwe mo go sa senngweng.
Lehi o bitsa noka Lamane le mogorogoro Lemuele. Lehi o ne a batla barwa ba gagwe go nna jaaka noka le mogorogoro, ba tswelela ba elelela kwa Modimong mme ba itlhomamiseditse go tshegetsa ditaelo.
Lamane le Lemuele ba ne ba akanya gore rraabone o seeleele ka go tlogela Jerusalema le mahumo a bone. Ba ne ba sa dumele gore Jerusalema o ka senngwa.
Nefi a batla go tlhaloganya dilo tse Lehi a di boneng. O ne a rapela go itse fa rraagwe a dirile selo se se siameng ka go tlogela Jerusalema.
Jeso Keresete a etela Nefi mme a mmolelela gore mafoko a ga Lehi a ne a le boammaaruri. Nefi a dumela e bile a seka a tsuologa jaaka Lamane le Lemuele ba dirile.
Nefi a bolelela bo mogolowe le monnawe se Jeso a se mmoleletseng. Seme o dumela Nefi, mme Lamane le Lemuele ba se ka ba dumela.
Morena o solofetsa Nefi gore o tlaa segofala ka ntlha ya tumelo ya gagwe. O tlaa nna moeteledipele wa bakaulengwe ba gagwe.