Kgaolo 7
A aga Sekepe
Nefi o ne a sa itse ka fa a ka dirang sekepe ka gone, mme Morena a re o tlaa mmontsha. O ne a bolelela Nefi kwa a ka bonang tshipi teng go dira di dirisiwa tse a tlaa di tlhokang.
Lamane le Lemuele ba sotla Nefi ka go batla go aga sekepe. Ba ne ba sa dumele gore Morena o bontshitse Nefi ka fa a ka dirang ka teng. Bagana go thusa.
Nefi a bolelela Lamane le Lemuele go ikwatlhaya mme ba se tsuologe. O ne a ba gakolola gore ba bone moengele. O ne le gone a ba bolelela gore Modimo o na le thata go dira dilo tsotlhe.
Lamane le Lemuele ba ne ba galefela Nefi mme ba batlile go mo latlhela mo lewatleng.
Jaaka ba tla kwa go Nefi, a ba laela gore ba se mo kgome ka ntlha ya gore o tletse ka thata ya Modimo. Lamane le Lemuele ba ne ba tshogile malatsi a mantsi.
Ke gone Morena o bolelela Nefi go kgoma Lamane le Lemuele. Fa Nefi a dira jalo, Morena a ba gakgamatsa. Lamane le Lemuele ba ne ba itse fa thata ya Modimo e ne e na le Nefi.
Nefi a bolelela Lamane le Lemuele go utlwa batsadi ba bone mme ba obamele Modimo. Nefi a re fa ba ka dira se, ba ka segofala.
Lamane le Lemuele ba ikwatlhaya le go thusa Nefi go aga sekepe.
Nefi o ne a ya kwa thabeng nako tse dintsi go rapelela thuso. Morena o ne a mo ruta ka fa a ka agang sekepe ka teng.
Fa Nefi le barwarraagwe ba fetsa go aga sekepe, ba ne ba itse gore ke sekepe se se siameng. Ba ne ba lebogela Modimo go ba thusa.